LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 69
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Thapelo ya go gololwa

        • “Tsela e ke ratang ntlo ya gago ka yone e ntse jaaka molelo mo pelong ya me” (9)

        • “Nkarabe ka bonako” (17)

        • ‘Ba ne ba nnaya binika gore ke nwe’ (21)

Pesalema 69:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gongwe go tewa seletswa sa megala, mofuta wa mmino kgotsa molodi wa pina, mme gone bokao jwa teng jwa mmatota ga bo itsiwe.

Pesalema 69:1

Ditshupiso

  • +Pes. 144:7; Dik 3:54; Jon 2:5

Pesalema 69:2

Ditshupiso

  • +Pes. 40:2
  • +Pes. 32:6; Jon 2:3

Pesalema 69:3

Ditshupiso

  • +Pes. 22:2
  • +Pes. 119:82, 123; Isa 38:14

Pesalema 69:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “baba ba me kwantle ga lebaka.”

Ditshupiso

  • +Luk 23:22; Joh 15:24, 25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2011, ts. 11

    6/1/2006, ts. 11

Pesalema 69:7

Ditshupiso

  • +Pes. 22:6; Jer 15:15
  • +Isa 50:6; Mat 26:67; 27:29

Pesalema 69:8

Ditshupiso

  • +Job 19:13; Pes. 31:11; Joh 1:11; 7:5

Pesalema 69:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e njele.”

Ditshupiso

  • +1Dk 19:10; Pes. 119:139; Mat 21:12, 13; Mar 11:15-17; Joh 2:13-17
  • +Bar 15:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2010, ts. 8-⁠9

Pesalema 69:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Fa ke ne ke lela e bile ke itima dijo.”

Pesalema 69:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka fetoga seane.”

Pesalema 69:13

Ditshupiso

  • +Isa 49:8; Bah 5:7
  • +Pes. 68:20

Pesalema 69:14

Ditshupiso

  • +Pes. 144:7

Pesalema 69:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “khuti.”

Ditshupiso

  • +Pes. 69:2
  • +Pes. 16:10

Pesalema 69:16

Ditshupiso

  • +Pes. 63:3; 109:21
  • +Pes. 25:16

Pesalema 69:17

Ditshupiso

  • +Pes. 27:9; 102:2
  • +Pes. 31:9; 40:13

Pesalema 69:19

Ditshupiso

  • +Pes. 22:6

Pesalema 69:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e bile ke gaufi le go kgobega marapo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 142:4
  • +Job 19:14

Pesalema 69:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “semela se se botlhole.”

Ditshupiso

  • +Mat 27:34; Mar 15:23
  • +Mat 27:48; Mar 15:36; Luk 23:36; Joh 19:29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2011, ts. 15

Pesalema 69:22

Ditshupiso

  • +Bar 11:9, 10

Pesalema 69:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o dire gore dinôka tsa bone di rorome.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2006, ts. 10

Pesalema 69:24

Ditshupiso

  • +Pes. 21:9

Pesalema 69:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kampa e e ageletsweng ka lobota.”

Ditshupiso

  • +Dit 1:20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 204

Pesalema 69:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo bukeng ya botshelo.”

Ditshupiso

  • +Ek 32:33
  • +Baf 4:3; Tsh 3:5; 13:8

Pesalema 69:29

Ditshupiso

  • +Pes. 109:22

Pesalema 69:31

Ditshupiso

  • +Pes. 50:13-15; Hos 14:2

Pesalema 69:33

Ditshupiso

  • +Pes. 10:17; 102:17; Isa 66:2
  • +Pes. 146:7; Isa 61:1; Luk 4:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2008, ts. 12

Pesalema 69:34

Ditshupiso

  • +Pes. 96:11; Isa 49:13

Pesalema 69:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa naga.

Ditshupiso

  • +Pes. 51:18

Pesalema 69:36

Ditshupiso

  • +Isa 61:9; 66:22
  • +Pes. 91:14; Jak 1:12

Ditemana Tse dingwe

Pes. 69:1Pes. 144:7; Dik 3:54; Jon 2:5
Pes. 69:2Pes. 40:2
Pes. 69:2Pes. 32:6; Jon 2:3
Pes. 69:3Pes. 22:2
Pes. 69:3Pes. 119:82, 123; Isa 38:14
Pes. 69:4Luk 23:22; Joh 15:24, 25
Pes. 69:7Pes. 22:6; Jer 15:15
Pes. 69:7Isa 50:6; Mat 26:67; 27:29
Pes. 69:8Job 19:13; Pes. 31:11; Joh 1:11; 7:5
Pes. 69:91Dk 19:10; Pes. 119:139; Mat 21:12, 13; Mar 11:15-17; Joh 2:13-17
Pes. 69:9Bar 15:3
Pes. 69:13Isa 49:8; Bah 5:7
Pes. 69:13Pes. 68:20
Pes. 69:14Pes. 144:7
Pes. 69:15Pes. 69:2
Pes. 69:15Pes. 16:10
Pes. 69:16Pes. 63:3; 109:21
Pes. 69:16Pes. 25:16
Pes. 69:17Pes. 27:9; 102:2
Pes. 69:17Pes. 31:9; 40:13
Pes. 69:19Pes. 22:6
Pes. 69:20Pes. 142:4
Pes. 69:20Job 19:14
Pes. 69:21Mat 27:34; Mar 15:23
Pes. 69:21Mat 27:48; Mar 15:36; Luk 23:36; Joh 19:29
Pes. 69:22Bar 11:9, 10
Pes. 69:24Pes. 21:9
Pes. 69:25Dit 1:20
Pes. 69:28Ek 32:33
Pes. 69:28Baf 4:3; Tsh 3:5; 13:8
Pes. 69:29Pes. 109:22
Pes. 69:31Pes. 50:13-15; Hos 14:2
Pes. 69:33Pes. 10:17; 102:17; Isa 66:2
Pes. 69:33Pes. 146:7; Isa 61:1; Luk 4:18
Pes. 69:34Pes. 96:11; Isa 49:13
Pes. 69:35Pes. 51:18
Pes. 69:36Isa 61:9; 66:22
Pes. 69:36Pes. 91:14; Jak 1:12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 69:1-36

Dipesalema

Go mokaedi wa “Malômô a Masoma.”* Pesalema ya ga Dafide.

69 Mpoloke tlhe Modimo, ka gonne metsi a tloga a nkgama.+

 2 Ke nwetse kwa tengteng mo seretseng, kwa go se nang mmu o o omileng teng.+

Ke tsene mo metsing a a boteng,

Mme molatswana o o elelang ka bonako o nkgogotse.+

 3 Ke lapisitswe ke go goa;+

Mometso wa me o phaphaletse.

Matlho a me a lapisitswe ke go nna ke letetse Modimo wa me.+

 4 Ba ba ntlhoileng ke se na molato+

Ba bantsi thata go feta meriri ya tlhogo ya me.

Ba ba batlang go mpolaya,

E leng baba ba me ba ba boferefere,* ba bantsi.

Ba ne ba mpateletsa go busa se ke neng ke sa se utswa.

 5 Wena Modimo, o itse boeleele jwa me,

E bile molato wa me ga o a go fitlhegela.

 6 Wena Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo,

E kete ba ba solofetseng mo go wena ba ka se tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya me.

E kete ba ba go senkang ba ka se kokobediwe ka ntlha ya me,

Wena Modimo wa Iseraele.

 7 Ke a kgobiwa ka ntlha ya gago;+

Ditlhong di apesitse sefatlhego sa me.+

 8 Ke fetogile motho o sele mo go bomorwarre,

Motswakwa mo baneng ba ga mmê ba basimane.+

 9 Tsela e ke ratang ntlo ya gago ka yone e ntse jaaka molelo mo pelong ya me,*+

E bile dilo tse di utlwisang botlhoko tse batho ba ba go kgobang ba di buang di nkwetse.+

10 Fa ke ne ke ikokobetsa ka go itima dijo,*

Ke ne ka kgobelwa seo.

11 Fa ke ne ke dira gore letsela la kgetsi e nne diaparo tsa me,

Ke ne ka fetoga sengwe sa go sotlwa* mo go bone.

12 Ba ba nnang mo kgorong ya motse ba bua ka nna,

E bile matagwa a opela ka nna mo dipineng tsa bone.

13 Mme e kete thapelo ya me e ka tla kwa go wena

Ka nako e e amogelesegang Jehofa.+

Ao tlhe Modimo, ka ntlha ya lorato lwa gago lo logolo lo lo sa kgaotseng,

Nkarabe ka ditiro tsa gago tsa poloko tse di ikanyegang.+

14 Nkgolole mo seretseng;

O se ka wa ntetla gore ke nwele.

Nkgolole mo go ba ba ntlhoileng

Le mo metsing a a boteng.+

15 O se ka wa letla morwalela gore o nkgogole,+

Kgotsa wa letla metsi a a boteng gore a nkometse,

Kgotsa wa letla sediba* gore se tswale molomo wa sone mo godimo ga me.+

16 Nkarabe tlhe Jehofa, ka gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo molemo.+

Retologela kwa go nna ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo,+

17 Mme o se ka wa fitlhela motlhanka wa gago sefatlhego.+

Nkarabe ka bonako, ka gonne ke mo matshwenyegong.+

18 A ko o nkatamele mme o nnamole;

Nkgolole mo babeng ba me.

19 O itse go kgobiwa ga me le go tlontlololwa ga me le go kokobediwa ga me.+

O bona baba ba me botlhe.

20 Pelo ya me e phatlotswe ke go kgobiwa, e bile ntho ya teng ga e alafege.*

Ke ne ke solofetse go utlwelwa botlhoko, mme go ne go se na ope yo o nkutlwelang botlhoko,+

E bile ke ne ke solofetse bagomotsi, mme ga ke a bona bape.+

21 Mme ba ne ba nnaya botlhole* gore e nne dijo tsa me,+

E bile ba ne ba nnaya binika gore ke timole lenyora.+

22 Dira gore tafole ya bone e nne serai mo go bone,

Le go atlega ga bone go felele ka masetlapelo.+

23 Dira gore matlho a bone a fifale gore ba se ka ba kgona go bona,

Mme o dire gore mangole a bone a kgwetlhe* ka metlha.

24 Tshololela tšhakgalo ya gago mo go bone,

Mme e kete ba ka tlelwa ke bogale jwa gago jo bo tukang.+

25 Dira gore kampa* ya bone e nne letlotla;

Dira gore go se nne le ope yo o nnang mo ditenteng tsa bone.+

26 Gonne ba lelekisa motho yo o mo iteileng,

E bile ba nna ba bala ditlhabi tsa batho ba o ba gobaditseng.

27 Oketsa molato wa bone ka molato o mongwe,

Mme e kete ba ka se ka ba solegelwa molemo ke tshiamo ya gago.

28 A ba phimolwe mo bukeng ya batshedi,*+

Mme e kete ba ka se ka ba kwalwa mmogo le basiami.+

29 Le fa go ntse jalo, ke a boga e bile ke mo ditlhabing.+

Ao tlhe Modimo, e kete maatla a gago a a bolokang a ka ntshireletsa.

30 Ke tla opelela leina la Modimo dipako,

E bile ke tla mo tlotlomatsa ka go mo ntshetsa ditebogo.

31 Seno se tla itumedisa Jehofa thata go na le go ntsha ditlhabelo tsa dipoo,

Go na le go ntsha dipowana tse di nang le dinaka le ditlhakwana.+

32 Ba ba pelonolo ba tla bona seno ba bo ba itumela.

Lona ba lo senkang Modimo, e kete dipelo tsa lona di ka nna le botshelo gape.

33 Gonne Jehofa o reeditse bahumanegi,+

Mme ga a kitla a nyatsa batho ba gagwe ba ba tshwerweng.+

34 A legodimo le lefatshe di mmake,+

Mawatle le sengwe le sengwe se se tsamayang mo go one.

35 Gonne Modimo o tla boloka Siona+

E bile o tla tsosolosa metse ya Juda,

Mme ba tla aga teng ba bo ba e* rua.

36 Ditlogolwana tsa batlhanka ba gagwe di tla e rua,+

Mme ba ba ratang leina la gagwe+ ba tla nna mo go yone.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela