LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Hushai o kgoreletsa kgakololo ya ga Ahitofele (1-14)

      • Dafide o a tlhagisiwa; o a sia ka gonne o tshaba Abesalome (15-29)

        • Barisilai le ba bangwe ba ntsha dilo tse di tlhokegang (27-29)

2 Samuele 17:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a le bokoa mo diatleng tsoopedi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 16:14
  • +Pes. 37:12; 41:9; 55:12, 13

2 Samuele 17:5

Ditshupiso

  • +2Sa 15:32; 16:16

2 Samuele 17:7

Ditshupiso

  • +2Sa 15:34

2 Samuele 17:8

Ditshupiso

  • +1Sa 16:18; 2Sa 15:18; 23:8, 18; 1Dt 11:26
  • +Dia 17:12
  • +1Sa 17:50; 18:7; 19:8; 2Sa 10:18

2 Samuele 17:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “khuting; molatswaneng o o fetang fa gare ga dithota.”

Ditshupiso

  • +1Sa 22:1; 23:19

2 Samuele 17:10

Ditshupiso

  • +Ge 49:9; 2Sa 1:23; Isa 31:4
  • +1Sa 18:5

2 Samuele 17:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “moshawa.”

Ditshupiso

  • +Baa 20:1
  • +1Dk 4:20

2 Samuele 17:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a laetse.”

Ditshupiso

  • +Dia 21:1
  • +2Sa 15:31, 34; 16:23; Dia 19:21; 21:30
  • +Dut 2:30; 2Dt 25:20

2 Samuele 17:15

Ditshupiso

  • +2Sa 8:17; 15:35

2 Samuele 17:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba ka komediwa.”

Ditshupiso

  • +Pes. 35:24, 25

2 Samuele 17:17

Ditshupiso

  • +1Dk 1:42
  • +2Sa 15:27, 36; 18:19
  • +Jos 15:7, 12; 18:16, 20; 1Dk 1:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    ‘Lefatshe le le Molemo,’ ts. 20-⁠21

2 Samuele 17:18

Ditshupiso

  • +2Sa 16:5; 19:16

2 Samuele 17:20

Ditshupiso

  • +Ek 1:19; Jos 2:3-5; 1Sa 19:12, 14; 21:2

2 Samuele 17:21

Ditshupiso

  • +2Sa 17:1, 2

2 Samuele 17:23

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 51; 2Sa 15:12
  • +2Dk 20:1
  • +1Sa 31:4; 1Dk 16:18; Pes. 5:10; 55:23; Mat 27:3, 5; Dit 1:18

2 Samuele 17:24

Ditshupiso

  • +Ge 32:1, 2; Jos 13:24, 26

2 Samuele 17:25

Ditshupiso

  • +2Sa 19:13; 20:4, 10
  • +2Sa 8:16
  • +1Dt 2:16, 17

2 Samuele 17:26

Ditshupiso

  • +Dip 32:1; Dut 3:15

2 Samuele 17:27

Ditshupiso

  • +Dut 3:11; Jos 13:24, 25; 2Sa 12:26, 29
  • +2Sa 9:3-5
  • +2Sa 19:31, 32; 1Dk 2:7

2 Samuele 17:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Semela se se tshwanang le korong.

2 Samuele 17:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “madila a dikgomo.”

Ditshupiso

  • +Dia 11:25
  • +1Sa 25:18; 2Sa 16:2

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 17:22Sa 16:14
2 Sam. 17:2Pes. 37:12; 41:9; 55:12, 13
2 Sam. 17:52Sa 15:32; 16:16
2 Sam. 17:72Sa 15:34
2 Sam. 17:81Sa 16:18; 2Sa 15:18; 23:8, 18; 1Dt 11:26
2 Sam. 17:8Dia 17:12
2 Sam. 17:81Sa 17:50; 18:7; 19:8; 2Sa 10:18
2 Sam. 17:91Sa 22:1; 23:19
2 Sam. 17:10Ge 49:9; 2Sa 1:23; Isa 31:4
2 Sam. 17:101Sa 18:5
2 Sam. 17:11Baa 20:1
2 Sam. 17:111Dk 4:20
2 Sam. 17:14Dia 21:1
2 Sam. 17:142Sa 15:31, 34; 16:23; Dia 19:21; 21:30
2 Sam. 17:14Dut 2:30; 2Dt 25:20
2 Sam. 17:152Sa 8:17; 15:35
2 Sam. 17:16Pes. 35:24, 25
2 Sam. 17:171Dk 1:42
2 Sam. 17:172Sa 15:27, 36; 18:19
2 Sam. 17:17Jos 15:7, 12; 18:16, 20; 1Dk 1:9
2 Sam. 17:182Sa 16:5; 19:16
2 Sam. 17:20Ek 1:19; Jos 2:3-5; 1Sa 19:12, 14; 21:2
2 Sam. 17:212Sa 17:1, 2
2 Sam. 17:23Jos 15:20, 51; 2Sa 15:12
2 Sam. 17:232Dk 20:1
2 Sam. 17:231Sa 31:4; 1Dk 16:18; Pes. 5:10; 55:23; Mat 27:3, 5; Dit 1:18
2 Sam. 17:24Ge 32:1, 2; Jos 13:24, 26
2 Sam. 17:252Sa 19:13; 20:4, 10
2 Sam. 17:252Sa 8:16
2 Sam. 17:251Dt 2:16, 17
2 Sam. 17:26Dip 32:1; Dut 3:15
2 Sam. 17:27Dut 3:11; Jos 13:24, 25; 2Sa 12:26, 29
2 Sam. 17:272Sa 9:3-5
2 Sam. 17:272Sa 19:31, 32; 1Dk 2:7
2 Sam. 17:29Dia 11:25
2 Sam. 17:291Sa 25:18; 2Sa 16:2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 17:1-29

Samuele wa Bobedi

17 Go tswa foo, Ahitofele o ne a raya Abesalome a re: “Tsweetswee, mma ke tlhophe banna ba le 12 000 mme ke tswe ke lelekise Dafide bosigo jono. 2 Ke tla mo fitlhela a sa ntse a lapile e bile a se na maatla,*+ mme ke tla dira gore a tshoge; mme batho botlhe ba ba nang le ene ba tla tshaba, mme ke tla bolaya kgosi e le yosi.+ 3 Foo ke tla busetsa batho botlhe kwa go wena. Se se tla diragalelang monna yo o mmatlang, ke sone se se tla laolang gore a batho botlhe ba tla boa. Go tswa foo, batho botlhe ba tla nna mo kagisong.” 4 Kakantsho eno e ne e siame tota mo matlhong a ga Abesalome le mo bagolwaneng botlhe ba Iseraele.

5 Le fa go ntse jalo, Abesalome o ne a re: “Tsweetswee, bitsa le Hushai+ wa Moareka, mme re utlwe gore ene o tla reng.” 6 Ka jalo, Hushai o ne a tla kwa go Abesalome. Foo Abesalome o ne a mo raya a re: “Ahitofele o buile jaana le jaana. A re ka dira jaaka a buile? Fa go sa nna jalo, re bolelele gore re dire eng.” 7 Foo Hushai o ne a raya Abesalome a re: “Kgakololo ya ga Ahitofele ga e molemo mo lekgetlong leno!”+

8 Hushai o ne a tswelela a re: “O a itse gore rrago le banna ba gagwe ba maatla+ e bile ba galefile jaaka bera e e latlhegetsweng ke bana ba yone mo nageng.+ Mo godimo ga moo, rrago ke motlhabani,+ mme ga a kitla a lala le batho bosigo. 9 Gone jaanong jaana o iphitlhile mo logageng* longwe kgotsa mo lefelong lengwe;+ mme fa a ka tlhasela pele, ba ba utlwang ka gone ba tla re, ‘Batho ba ba setseng Abesalome morago ba fentswe!’ 10 Tota le monna yo o pelokgale yo pelo ya gagwe e tshwanang le ya tau+ ruri o tla nyerologa ka ntlha ya poifo, ka gonne Iseraele yotlhe e a itse gore rrago ke monna yo o maatla+ le gore banna ba ba nang le ene ba pelokgale. 11 Nna ke gakolola jaana: A Baiseraele botlhe ba phuthelwe kwa go wena, go tloga kwa Dana go ya kwa Beere-sheba,+ ba le bantsi jaaka motlhaba* o o fa lewatleng,+ mme o ba etelele pele lo ye tlhabanong. 12 Re tla mo tlhasela gongwe le gongwe kwa re tla mo fitlhelang gone, mme re tla mo wela fela jaaka monyo o o welang mo lefatsheng; mme ga go ope wa bone yo o tla falolang, e ka tswa e le ene kgotsa ope wa banna ba ba nang le ene. 13 Fa a ka tshabela kwa motseng mongwe, Baiseraele botlhe ba tla tsaya megala ba bo ba ya kwa motseng oo, mme re tla o gogela mo mokgatšheng, go fitlha go se na letlapana lepe le le borethe le le setseng.”

14 Foo Abesalome le banna botlhe ba Iseraele ba ne ba re: “Kgakololo ya ga Hushai wa Moareka e botoka+ go na le kgakololo ya ga Ahitofele!” Gonne Jehofa o ne a ikemiseditse* go kgoreletsa kgakololo e e molemo ya ga Ahitofele,+ gore Jehofa a tlisetse Abesalome masetlapelo.+

15 Moragonyana Hushai o ne a raya moperesiti Sadoke le moperesiti Abiathare+ a re: “Ahitofele o ne a gakolola Abesalome le bagolwane ba Iseraele jaana le jaana, mme nna ke ne ka gakolola jaana le jaana. 16 Jaanong romelang molaetsa kwa go Dafide ka bonako mme lo mo tlhagise jaana: ‘Mo bosigong jono o se ka wa lala mo nageng mo karolong e batho ba kgabaganyang Noka ya Joredane mo go yone, mme o tshwanetse go kgabaganya noka, go seng jalo kgosi le batho botlhe ba ba nang le yone ba ka nyelediwa.’ ”*+

17 Jonathane+ le Ahimaase+ ba ne ba nna kwa Ene-rogele;+ ka jalo, lelata lengwe le ne la tswa la ya go ba bolelela mme ba ne ba ya go bolelela Kgosi Dafide ka gonne ba ne ba sa batle go bonwa ba tsena mo motseng. 18 Le fa go ntse jalo, lekawana lengwe le ne la ba bona mme la bolelela Abesalome. Ka jalo, Jonathane le Ahimaase ba ne ba tswa ka bonako mme ba ya kwa ntlong ya monna mongwe kwa Bahurime,+ yo o neng a na le sediba mo lolwapeng lwa gagwe. Ba ne ba tsena mo go sone, 19 mme mosadi wa monna yoo o ne a tsharololela letsela mo godimo ga sediba a bo a anega ditlhaka tse di tlhobotsweng mo go lone; go ne go se ope yo o itseng ka gone. 20 Batlhanka ba ga Abesalome ba ne ba ya kwa mosading yoo kwa ntlong ya gagwe mme ba mmotsa jaana: “Ahimaase le Jonathane ba kae?” Mosadi yoo o ne a araba a re: “Ba fetetse kwa nokeng.”+ Go tswa foo, banna bano ba ne ba ba batla mme ba se ka ba ba bona, ka jalo ba ne ba boela kwa Jerusalema.

21 Fa banna bao ba sena go tsamaya, ba ne ba tswa mo sedibeng mme ba ya go bolelela Kgosi Dafide. Ba ne ba mo raya ba re: “Tsamayang mme lo kgabaganye noka ka bonako, ka gonne Ahitofele o lo logetse maano, o buile jaana le jaana ka lona.”+ 22 Ka yone nako eo, Dafide le batho botlhe ba ba nang le ene ba ne ba tsamaya mme ba kgabaganya Joredane. Fa letsatsi le tlhaba, go ne go se na ope yo o setseng yo o neng a ise a kgabaganye Joredane.

23 E rile Ahitofele a bona gore kgakololo ya gagwe ga e a dirisiwa, o ne a belesa tonki a bo a ya kwa ntlong ya gagwe kwa motseng wa gagabo.+ Fa a sena go naya ba lelapa la gagwe ditaelo,+ o ne a ikaletsa.+ Ka jalo, o ne a swa mme a fitlhwa mo mabitleng a borraagwemogolo.

24 Mo nakong eo, Dafide o ne a ya kwa Mahanaime,+ mme Abesalome ene o ne a kgabaganya Joredane a na le banna botlhe ba Iseraele. 25 Abesalome o ne a tlhoma Amasa+ gore a okamele masole mo boemong jwa ga Joabe;+ Amasa e ne e le morwa wa monna mongwe wa Moiseraele yo o neng a bidiwa Ithera, yo o neng a tlhakanela dikobo le morwadia Nahashe yo o bidiwang Abigaile,+ monnawe Seruia, mmaagwe Joabe. 26 Baiseraele le Abesalome ba ne ba kampa mo lefatsheng la Gileade.+

27 Fela fa Dafide a goroga kwa Mahanaime, Shobi morwa Nahashe yo o tswang kwa Raba+ wa Baamone, Makire+ morwa Amiele yo o tswang kwa Lo-debare le Barisilai+ wa Mogileade yo o tswang kwa Rogelime 28 ba ne ba tlisa malao, dikotlele tse dinnye, dinkgo tsa letsopa, korong, barele,* bupi, dijo tsa ditlhaka tse di gadikilweng, dinawa tse dikima, letlhodi, dijo tsa ditlhaka tse di omisitsweng, 29 tswina ya dinotshe, botoro, dinku le tšhisi.* Ba ne ba tlisetsa Dafide le batho ba ba nang le ene dilo tseno gore ba je,+ ka gonne ba ne ba re: “Batho ba tshwerwe ke tlala, ba lapile e bile ba nyorilwe kwa nageng.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela