LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Dafide o bala batho a sa tshwanela (1-6)

      • Kotlhao e e tswang kwa go Jehofa (7-17)

      • Dafide o aga sebeso (18-30)

1 Ditiragalo 21:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “moganetsi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 24:1-3

1 Ditiragalo 21:2

Ditshupiso

  • +2Sa 8:16
  • +Baa 18:29; 2Sa 17:11

1 Ditiragalo 21:4

Ditshupiso

  • +2Sa 24:4, 8

1 Ditiragalo 21:5

Ditshupiso

  • +2Sa 24:9

1 Ditiragalo 21:6

Ditshupiso

  • +Dip 1:47
  • +1Dt 27:23, 24

1 Ditiragalo 21:8

Ditshupiso

  • +2Sa 12:13
  • +Pes. 25:11; 51:1
  • +2Sa 24:10-14

1 Ditiragalo 21:9

Ditshupiso

  • +1Dt 29:29

1 Ditiragalo 21:12

Ditshupiso

  • +Lef 26:26
  • +Lef 26:14, 17
  • +Lef 26:25
  • +2Dk 19:35

1 Ditiragalo 21:13

Ditshupiso

  • +Ek 34:6; Pes. 51:1; Isa 55:7; Dik 3:22
  • +2Dt 28:9

1 Ditiragalo 21:14

Ditshupiso

  • +Dip 16:46
  • +2Sa 24:15, 16

1 Ditiragalo 21:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “hutsafadiwa ke.”

Ditshupiso

  • +Ek 32:14; Dut 32:36
  • +Pes. 90:13
  • +2Dt 3:1
  • +2Sa 5:6

1 Ditiragalo 21:16

Ditshupiso

  • +Dip 22:31; Jos 5:13
  • +2Sa 24:17; 2Dk 19:1

1 Ditiragalo 21:17

Ditshupiso

  • +Pes. 51:4
  • +Ek 32:12; Dip 16:22

1 Ditiragalo 21:18

Ditshupiso

  • +2Sa 24:11
  • +2Sa 24:18-23; 2Dt 3:1

1 Ditiragalo 21:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Nneye.”

Ditshupiso

  • +Dip 25:8

1 Ditiragalo 21:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “se se molemo mo matlhong a gagwe.”

Ditshupiso

  • +Isa 28:27

1 Ditiragalo 21:24

Ditshupiso

  • +2Sa 24:24, 25

1 Ditiragalo 21:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

1 Ditiragalo 21:26

Ditshupiso

  • +Ek 20:25
  • +Lef 9:23, 24; 1Dk 18:38; 2Dt 7:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 78

1 Ditiragalo 21:27

Ditshupiso

  • +2Sa 24:16; Pes. 103:20

1 Ditiragalo 21:29

Ditshupiso

  • +1Dk 3:4; 1Dt 16:39; 2Dt 1:3

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 21:12Sa 24:1-3
1Ditir. 21:22Sa 8:16
1Ditir. 21:2Baa 18:29; 2Sa 17:11
1Ditir. 21:42Sa 24:4, 8
1Ditir. 21:52Sa 24:9
1Ditir. 21:6Dip 1:47
1Ditir. 21:61Dt 27:23, 24
1Ditir. 21:82Sa 12:13
1Ditir. 21:8Pes. 25:11; 51:1
1Ditir. 21:82Sa 24:10-14
1Ditir. 21:91Dt 29:29
1Ditir. 21:12Lef 26:26
1Ditir. 21:12Lef 26:14, 17
1Ditir. 21:12Lef 26:25
1Ditir. 21:122Dk 19:35
1Ditir. 21:13Ek 34:6; Pes. 51:1; Isa 55:7; Dik 3:22
1Ditir. 21:132Dt 28:9
1Ditir. 21:14Dip 16:46
1Ditir. 21:142Sa 24:15, 16
1Ditir. 21:15Ek 32:14; Dut 32:36
1Ditir. 21:15Pes. 90:13
1Ditir. 21:152Dt 3:1
1Ditir. 21:152Sa 5:6
1Ditir. 21:16Dip 22:31; Jos 5:13
1Ditir. 21:162Sa 24:17; 2Dk 19:1
1Ditir. 21:17Pes. 51:4
1Ditir. 21:17Ek 32:12; Dip 16:22
1Ditir. 21:182Sa 24:11
1Ditir. 21:182Sa 24:18-23; 2Dt 3:1
1Ditir. 21:22Dip 25:8
1Ditir. 21:23Isa 28:27
1Ditir. 21:242Sa 24:24, 25
1Ditir. 21:26Ek 20:25
1Ditir. 21:26Lef 9:23, 24; 1Dk 18:38; 2Dt 7:1
1Ditir. 21:272Sa 24:16; Pes. 103:20
1Ditir. 21:291Dk 3:4; 1Dt 16:39; 2Dt 1:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 21:1-30

Ditiragalo wa Ntlha

21 Go tswa foo, Satane* o ne a dira tshwetso ya go tlhasela Baiseraele mme a tlhotlheletsa Dafide gore a bale Baiseraele.+ 2 Ka jalo, Dafide o ne a raya Joabe+ le balaodi ba batho a re: “Tsamayang lo ye go bala Baiseraele go simologa kwa Beere-sheba go ya kwa Dana;+ go tswa foo, lo tle go mpegela gore ke tle ke itse palo ya bone.” 3 Le fa go ntse jalo, Joabe o ne a re: “E kete Jehofa a ka oketsa batho ba gagwe ka makgetlo a le 100! Morena wa me kgosi, a batho bano botlhe ga se batlhanka ba gago morena wa me? Ke ka ntlha yang fa morena wa me a batla go dira seno? Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tlisetsa Iseraele molato?”

4 Mme lefoko la kgosi le ne le le maatla go feta la ga Joabe. Ka jalo, Joabe o ne a tswa mme a ralala lefatshe lotlhe la Iseraele, morago ga moo o ne a boela mo Jerusalema.+ 5 Jaanong Joabe o ne a naya Dafide palo ya batho ba ba kwadisitsweng. Iseraele e ne e na le banna ba ba tshotseng ditšhaka ba le 1 100 000, mme banna ba Juda ba ba tshotseng ditšhaka ba ne ba le 470 000.+ 6 Le fa go ntse jalo, lotso lwa ga Lefi le lwa ga Benjamine lo ne lo sa kwadisiwa,+ ka gonne Joabe o ne a kgopisitswe ke lefoko la kgosi.+

7 Jaanong seno se ne sa kgopisa Modimo wa boammaaruri fela thata, ka jalo o ne a kgemetha Iseraele. 8 Foo Dafide o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Ke leofile+ thata ka go dira seno. Mme jaanong, tsweetswee intshwarele phoso e ke e dirileng,+ ka gonne ke dirile boeleele tota.”+ 9 Go tswa foo, Jehofa o ne a bua le Gada,+ yo e neng e le mmoni wa diponatshegelo wa ga Dafide, a re: 10 “Tsamaya mme o reye Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Ke go naya dilo di le tharo gore o tlhophe mo go tsone. Itlhophele se le sengwe se o batlang gore ke se go tlisetse.”’” 11 Ka jalo, Gada o ne a ya kwa go Dafide mme a mo raya a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Itlhophele 12 gore a go tle dingwaga di le tharo tsa leuba,+ kgotsa gore o bolawe ke baganetsi ba gago dikgwedi di le tharo fa baba ba gago ba ntse ba go lelekisa ka tšhaka,+ kgotsa gore o tlelwe ke tšhaka ya ga Jehofa malatsi a le mararo, e leng bolwetse jwa leroborobo,+ fa moengele wa ga Jehofa a tla bo a senya+ mo nageng yotlhe ya Iseraele.’ Jaanong akanyetsa karabo e ke tla e nayang Yo o nthomileng.” 13 Ka jalo, Dafide o ne a raya Gada a re: “Seno se ntshwenya thata. Tsweetswee, mma ke wele mo seatleng sa ga Jehofa, ka gonne kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo thata;+ mme o se ka wa ntetla gore ke wele mo seatleng sa motho.”+

14 Foo Jehofa o ne a tlisa bolwetse jwa leroborobo+ mo Iseraele, mme go ne ga swa batho ba le 70 000 mo Iseraele.+ 15 Mo godimo ga moo, Modimo wa boammaaruri o ne a roma moengele kwa Jerusalema gore a e senye; le fa go ntse jalo, fela fa a ne a tloga a dira jalo, Jehofa o ne a bona seo a bo a ikwatlhaela* masetlapelo ao,+ mme o ne a raya moengele yo o neng a senya a re: “Go lekane!+ Jaanong diga seatla sa gago.” Moengele wa ga Jehofa o ne a eme gaufi le seboana sa ga Orenane+ wa Mojebuse.+

16 E rile Dafide a tsholetsa matlho, o ne a bona moengele wa ga Jehofa a eme fa gare ga lefatshe le magodimo a somotse tšhaka+ ya gagwe a e tshwere ka seatla a e otlololetse ntlheng ya Jerusalema. Ka yone nako eo, Dafide le bagolwane ba ne ba wela fa fatshe ka difatlhego ba apere letsela la kgetsi.+ 17 Dafide o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A ga se nna yo ke neng ka laela gore go balwe batho? Ke nna ke leofileng e bile ke nna ke dirileng phoso;+ mme dinku tseno tsone di dirile eng? Ao tlhe Jehofa Modimo wa me, tsweetswee, otlhaya nna le ba lelapa la ga rre fela; mme o se ka wa tlisa petso eno mo bathong ba gago.”+

18 Go tswa foo, moengele wa ga Jehofa o ne a raya Gada+ a re a bolelele Dafide gore a tsamaye mme a ye go agela Jehofa sebeso kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebuse.+ 19 Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya go dumalana le se Gada a neng a se buile mo leineng la ga Jehofa. 20 Mo nakong eo, Orenane o ne a retologa mme a bona moengele, mme bomorwawe ba banê ba ba neng ba na le ene ba ne ba iphitlha. Orenane o ne a ntse a photha korong. 21 E rile Dafide a goroga kwa go Orenane, o ne a leba mme a bona Dafide, mme ka yone nako eo a tswa mo seboaneng a bo a ikoba fa pele ga ga Dafide sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe. 22 Dafide o ne a raya Orenane a re: “Nthekisetse* setsha sa seboana, gore ke agele Jehofa sebeso mo go sone. Se nthekisetse ka tlhwatlhwa e e feletseng, gore petso e e wetseng batho e tle e emisiwe.”+ 23 Le fa go ntse jalo, Orenane o ne a raya Dafide a re: “Se tseye e nne sa gago, mme morena wa me kgosi, dira se o bonang se le molemo mo go wena.* Bona, ke go naya le dikgomo gore e nne tsa ditlhabelo tse di fisiwang le selei sa go photha+ gore e nne dikgong le korong e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka. Ke go di naya tsotlhe fela.”

24 Le fa go ntse jalo, Kgosi Dafide o ne a raya Orenane a re: “Nnyaa, ke tshwanetse go se reka ka tlhwatlhwa e e feletseng, ka gonne ga nkitla ke tsaya se e leng sa gago ke bo ke se naya Jehofa kgotsa ke ntsha ditlhabelo tse di fisiwang tse ke sa di duelelang.”+ 25 Ka jalo, Dafide o ne a naya Orenane dishekele* tsa gauta di le 600 tse di lekantsweng a reka setsha seo. 26 Mme Dafide o ne a agela Jehofa sebeso+ foo a bo a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana, mme o ne a rapela Jehofa, yo jaanong a neng a mo araba ka molelo+ o o tswang kwa magodimong, o o neng wa tla mo sebesong sa ditlhabelo tse di fisiwang. 27 Go tswa foo, Jehofa o ne a laela moengele+ gore a busetse tšhaka ya gagwe mo kgetsaneng ya yone. 28 Ka nako eo, e rile Dafide a bona gore Jehofa o ne a mo arabile kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebuse, o ne a tswelela a ntsha ditlhabelo koo. 29 Le fa go ntse jalo, ka nako eo motlaagana wa ga Jehofa o Moshe a neng a o dirile kwa nageng le sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang di ne di le kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo kwa Gibeone.+ 30 Mme gone, Dafide o ne a ise a kgone go ya fa pele ga sone go ya go kopa kgakololo mo Modimong, ka gonne o ne a tshogile ka ntlha ya tšhaka ya moengele wa ga Jehofa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela