LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Raba e a gapiwa (1-3)

      • Diganka tsa Bafilisitia di a bolawa (4-8)

1 Ditiragalo 20:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa ka dikgakologo.

Ditshupiso

  • +1Dt 11:6
  • +Dut 3:11
  • +2Sa 11:1
  • +2Sa 12:26

1 Ditiragalo 20:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo e ka nnang 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +2Sa 8:11, 12; 12:30, 31

1 Ditiragalo 20:3

Ditshupiso

  • +1Dk 9:20, 21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2005, ts. 27

1 Ditiragalo 20:4

Ditshupiso

  • +2Sa 21:18; 1Dt 11:26, 29
  • +Dut 3:13

1 Ditiragalo 20:5

Ditshupiso

  • +1Sa 17:4, 7; 21:9
  • +2Sa 21:19; 1Dt 11:23, 24

1 Ditiragalo 20:6

Ditshupiso

  • +Jos 11:22; 1Sa 7:14
  • +Dip 13:33; Dut 2:10; 3:11
  • +2Sa 21:16, 20-22

1 Ditiragalo 20:7

Ditshupiso

  • +1Sa 17:10; 2Dk 19:22
  • +1Dt 2:13

1 Ditiragalo 20:8

Ditshupiso

  • +Dut 2:11
  • +1Sa 17:4

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 20:11Dt 11:6
1Ditir. 20:1Dut 3:11
1Ditir. 20:12Sa 11:1
1Ditir. 20:12Sa 12:26
1Ditir. 20:22Sa 8:11, 12; 12:30, 31
1Ditir. 20:31Dk 9:20, 21
1Ditir. 20:42Sa 21:18; 1Dt 11:26, 29
1Ditir. 20:4Dut 3:13
1Ditir. 20:51Sa 17:4, 7; 21:9
1Ditir. 20:52Sa 21:19; 1Dt 11:23, 24
1Ditir. 20:6Jos 11:22; 1Sa 7:14
1Ditir. 20:6Dip 13:33; Dut 2:10; 3:11
1Ditir. 20:62Sa 21:16, 20-22
1Ditir. 20:71Sa 17:10; 2Dk 19:22
1Ditir. 20:71Dt 2:13
1Ditir. 20:8Dut 2:11
1Ditir. 20:81Sa 17:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 20:1-8

Ditiragalo wa Ntlha

20 Fa ngwaga o simologa,* ka nako ya fa dikgosi di ne di ya matsholong, Joabe+ o ne a etelela mophato wa masole pele ba ya ntweng mme ba ne ba senya lefatshe la Baamone; o ne a tla mme a kampa go dikologa Raba,+ fa Dafide ene a ne a setse kwa Jerusalema.+ Joabe o ne a tlhasela Raba a bo a e senya.+ 2 Go tswa foo, Dafide o ne a rola Malekame serwalo sa tlhogo, mme o ne a fitlhela bokete jwa sone e le talenta* ya gauta, e bile mo go sone go ne go na le maje a a tlhwatlhwakgolo; mme se ne sa rwesiwa Dafide. Gape o ne a gapa dilo di le dintsi thata mo motseng.+ 3 Mme o ne a ntsha batho ba ba neng ba le mo go one a bo a ba naya tiro+ ya go shaga maje, ya go bereka ka didirisiwa tsa tshipi tse di bogale le ka dilepe. Seo ke se Dafide a neng a se dira metse yotlhe ya Baamone. La bofelo Dafide le masole otlhe ba ne ba boela kwa Jerusalema.

4 Morago ga seno, Baiseraele ba ne ba lwa le Bafilisitia kwa Gesere. Ka nako eo, Sibekai+ wa Mohusha o ne a bolaya Sipai, yo e neng e le setlogolwana sa Barefaime,+ mme Bafilisitia ba ne ba fenngwa.

5 Mme go ne ga lowa gape le Bafilisitia, mme Elehanane morwa Jaire o ne a bolaya Lahemi monnawe Goliathe+ wa Mogathe, yo lerumo la gagwe le neng le na le thobane e e tshwanang le logong lwa balogi.+

6 Go ne ga nna le ntwa e nngwe gape kwa Gathe,+ kwa go neng go na le monna yo mogolo ka tsela e e sa tlwaelegang,+ a na le menwana e le 6 mo seatleng sengwe le sengwe le menwana e le 6 mo lonaong longwe le longwe, yotlhe e le 24; mme le ene e ne e le setlogolwana sa Barefaime.+ 7 O ne a nna a kgoba+ Iseraele. Ka jalo, Jonathane morwa Shimea,+ morwarraagwe Dafide, o ne a mmolaya.

8 Bano e ne e le ditlogolwana tsa Barefaime+ kwa Gathe,+ mme ba ne ba wa ka seatla sa ga Dafide le ka seatla sa batlhanka ba gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela