LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Dikgang tsa polao tse di sa rarabololwang (1-9)

      • Go nyala basadi ba ba tlisitsweng botshwarwa (10-14)

      • Tshwanelo ya leitibolo (15-17)

      • Morwa yo o tlhogoethata (18-21)

      • Motho yo o kaleditsweng mo koteng o hutsegile (22, 23)

Duteronome 21:2

Ditshupiso

  • +Dut 16:18

Duteronome 21:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “molapong.”

Ditshupiso

  • +Dip 35:33

Duteronome 21:5

Ditshupiso

  • +Ek 28:1
  • +Dip 6:23-27; 1Dt 23:13
  • +Dut 17:8, 9

Duteronome 21:6

Ditshupiso

  • +Pes. 26:6; Mat 27:24

Duteronome 21:8

Ditshupiso

  • +2Sa 7:23
  • +Isa 26:21; Jer 26:15

Duteronome 21:10

Ditshupiso

  • +Dip 31:9; Dut 20:13, 14

Duteronome 21:13

Ditshupiso

  • +Dip 20:29; Dut 34:8

Duteronome 21:14

Ditshupiso

  • +Dut 24:1

Duteronome 21:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “basadi ba babedi, yo mongwe a ratiwa mme yo mongwe a tlhoilwe.”

Ditshupiso

  • +Ge 29:30, 33

Duteronome 21:17

Ditshupiso

  • +Ge 25:31; 2Dt 21:3

Duteronome 21:18

Ditshupiso

  • +Ek 20:12; Dut 27:16; Dia 1:8; Bae 6:1
  • +Dut 8:5; Dia 13:24; 19:18; 23:13; Bah 12:9

Duteronome 21:20

Ditshupiso

  • +Dia 28:7
  • +Bar 13:13; 1Bk 6:10; Bae 5:18

Duteronome 21:21

Ditshupiso

  • +Dut 13:10, 11

Duteronome 21:22

Ditshupiso

  • +Dip 25:5
  • +Jos 10:26; Dit 10:39

Duteronome 21:23

Ditshupiso

  • +Jos 8:29; Joh 19:31
  • +Bag 3:13
  • +Dip 35:34

Ditemana Tse dingwe

Dute. 21:2Dut 16:18
Dute. 21:4Dip 35:33
Dute. 21:5Ek 28:1
Dute. 21:5Dip 6:23-27; 1Dt 23:13
Dute. 21:5Dut 17:8, 9
Dute. 21:6Pes. 26:6; Mat 27:24
Dute. 21:82Sa 7:23
Dute. 21:8Isa 26:21; Jer 26:15
Dute. 21:10Dip 31:9; Dut 20:13, 14
Dute. 21:13Dip 20:29; Dut 34:8
Dute. 21:14Dut 24:1
Dute. 21:15Ge 29:30, 33
Dute. 21:17Ge 25:31; 2Dt 21:3
Dute. 21:18Ek 20:12; Dut 27:16; Dia 1:8; Bae 6:1
Dute. 21:18Dut 8:5; Dia 13:24; 19:18; 23:13; Bah 12:9
Dute. 21:20Dia 28:7
Dute. 21:20Bar 13:13; 1Bk 6:10; Bae 5:18
Dute. 21:21Dut 13:10, 11
Dute. 21:22Dip 25:5
Dute. 21:22Jos 10:26; Dit 10:39
Dute. 21:23Jos 8:29; Joh 19:31
Dute. 21:23Bag 3:13
Dute. 21:23Dip 35:34
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 21:1-23

Duteronome

21 “Fa mongwe a fitlhelwa mo nageng a bolailwe setlhogo mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore o le rue mme go sa itsiwe gore o bolailwe ke mang, 2 bagolwane le baatlhodi+ ba gago ba tswe mme ba ye go lekanya sekgala sa go tswa mo setopo se leng gone go ya kwa metseng e e se dikologileng. 3 Go tswa foo, bagolwane ba motse o o gaufi thata le setopo seo ba tseye kgongwana e namagadi go tswa mo motlhapeng e e iseng e ko e dirisiwe, e e iseng e ko e goge jokwe, 4 mme bagolwane ba motse oo ba ise kgongwana eo kwa mokgatšheng* o o elelang metsi, o go iseng go ke go lengwe kgotsa go jalwe peo mo go one, mme ba robe molala wa kgongwana eo gone koo mo mokgatšheng.+

5 “Mme baperesiti, e bong Balefi, ba tla atamela ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o tlhophile bone gore ba mo direle,+ ba segofatse batho mo leineng la ga Jehofa.+ Ba tla bolela kafa kganetsano nngwe le nngwe e e amanang le thubakanyo e tshwanetseng go rarabololwa ka gone.+ 6 Go tswa foo, bagolwane botlhe ba motse oo ba ba gaufi le setopo ba tlhapele diatla+ tsa bone mo godimo ga kgongwana e molala wa yone o neng wa robelwa mo mokgatšheng, 7 mme ba bue ba re, ‘Diatla tsa rona ga di a tsholola madi ano e bile matlho a rona ga a a bona fa a tshololwa. 8 Jehofa, o se ka wa pega batho ba gago ba Iseraele molato ono, ba o neng wa ba golola,+ e bile o se ka wa dira gore molato wa madi a a tsholotsweng a a se nang molato o nne mo bathong ba gago ba Iseraele.’+ Foo ga ba kitla ba pegiwa molato wa go tsholola madi. 9 Seno se tla dira gore go phimolwe molato wa go tsholola madi a a se nang molato mo go wena ka go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.

10 “Fa o ya go tlhabana le baba ba gago mme Jehofa, Modimo wa gago a ba fenya mo boemong jwa gago o bo o ba isa botshwarwa,+ 11 mme o bona mosadi yo montle mo gare ga batshwarwa bao e bile o mo kgatlhegela mme o batla go mo tsaya gore e nne mosadi wa gago, 12 o ka nna wa mo tlisa mo ntlong ya gago. Go tswa foo, a beole tlhogo ya gagwe, a kgaole dinala tsa gagwe 13 a bo a apole seaparo sa gagwe sa botshwarwa mme a nne mo ntlong ya gago. O tla lelela rraagwe le mmaagwe kgwedi yotlhe,+ morago ga moo o ka nna wa tlhakanela dikobo le ene; wena o tla nna monna wa gagwe mme ene o tla nna mosadi wa gago. 14 Mme fa o sa mo itumelele, foo o mo tlogele+ a ye gongwe le gongwe kwa a batlang go ya teng. Mme gone, o se ka wa mo rekisa ka madi kgotsa wa mo tshwara makgwakgwa ka gonne o tla bo o setse o mo tlontlolotse.

15 “Fa monna a na le basadi ba babedi mme a rata yo mongwe thata go feta yo mongwe,* mme boobabedi ba mo tsholetse bana ba basimane, mme morwa wa leitibolo e le wa mosadi yo o sa ratiweng,+ 16 mo letsatsing la fa a abela bomorwawe boswa jwa gagwe, ga a kitla a letlelelwa go tshwara morwa wa mosadi yo o ratiwang jaaka e kete ke leitibolo la gagwe mo boemong jwa morwa wa mosadi yo o sa ratiweng, yo e leng leitibolo. 17 O tshwanetse go lemoga gore morwa wa mosadi yo o sa ratiweng ke leitibolo ka go mo abela dikarolo tse pedi mo go sengwe le sengwe se a nang le sone, ka gonne morwa yoo ke tshimologo ya maatla a gagwe a go tshola. Tshwanelo ya go nna leitibolo ke ya gagwe.+

18 “Fa monna a na le morwa yo o tlhogoethata e bile e le motlhanogi mme a sa ikobele rraagwe kgotsa mmaagwe,+ mme ba lekile go mo otlhaya mme a gana go ba reetsa,+ 19 rraagwe le mmaagwe ba mo tshware mme ba mo ise kwa bagolwaneng kwa kgorong ya motse wa gagabo 20 mme ba reye bagolwane ba motse wa gagabo ba re, ‘Morwa yono wa rona o tlhogoethata e bile ke motlhanogi, gape o gana go re ikobela. O ja bobe+ e bile ke letagwa.’+ 21 Foo banna botlhe ba motse wa gagabo ba tshwanetse go mo kgobotletsa ka maje gore a bo a swe. Ka jalo, o tshwanetse go tlosa se se bosula mo go wena, mme Iseraele yotlhe e tla utlwa e bo e boifa.+

22 “Fa motho a dira boleo jo bo tshwanelang kotlhao ya loso+ a bo a bolawa lo bo lo mo kaletsa mo koteng,+ 23 setopo sa gagwe se se ka sa tlogelwa bosigo jotlhe mo koteng.+ Go na le moo, lo tlhomamise gore o fitlhwa mo go lone letsatsi leo, ka gonne motho yo o kaleditsweng ke sengwe se se hutsitsweng ke Modimo,+ mme lo se ka lwa leswafatsa lefatshe la lona le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang gore e nne boswa.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela