LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Elija o tsewa ke sefefo (1-18)

        • Elisha o tsaya seaparo sa ga Elija (13, 14)

      • Elisha o alafa metsi a Jeriko (19-22)

      • Dibera di bolaya basimanyana ba kwa Bethele (23-25)

2 Dikgosi 2:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa loaping.”

Ditshupiso

  • +1Dk 17:1
  • +2Dk 2:11
  • +1Dk 19:16
  • +2Dk 4:38

2 Dikgosi 2:2

Ditshupiso

  • +Ge 28:18, 19; 1Dk 12:28, 29; 2Dk 2:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2015, ts. 13

    8/15/2013, ts. 29

2 Dikgosi 2:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana “bomorwa baporofeti,” e ka tswa e kaya setlhopha sa baporofeti ba ba tseneng sekolo sa boporofeti mmogo kgotsa ba ba neng ba bereka mmogo.

Ditshupiso

  • +1Dk 19:16

2 Dikgosi 2:4

Ditshupiso

  • +Jos 6:26; 1Dk 16:34

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2015, ts. 13

    8/15/2013, ts. 29

2 Dikgosi 2:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2015, ts. 13

2 Dikgosi 2:8

Ditshupiso

  • +1Dk 19:19
  • +Ek 14:21, 22; Jos 3:17; 2Dk 2:13, 14

2 Dikgosi 2:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikarolo tse pedi.”

Ditshupiso

  • +Dut 21:17
  • +Dut 34:9; 1Dk 19:16; Luk 1:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2013, ts. 29

    8/1/2005, ts. 8-9

    11/1/2003, ts. 31

2 Dikgosi 2:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2013, ts. 29

2 Dikgosi 2:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa loaping.”

Ditshupiso

  • +2Dk 6:17; Pes. 68:17
  • +2Dt 21:5, 12; Joh 3:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2015, ts. 13-14

    8/15/2013, ts. 29

    8/1/2005, ts. 9

    9/1/2003, ts. 30

2 Dikgosi 2:12

Ditshupiso

  • +2Dk 13:14
  • +2Sa 1:11, 12; Job 1:19, 20

2 Dikgosi 2:13

Ditshupiso

  • +1Dk 19:19; 2Dk 1:8; Sek 13:4; Mat 3:4

2 Dikgosi 2:14

Ditshupiso

  • +Jos 3:13; 2Dk 2:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2015, ts. 13-⁠14

2 Dikgosi 2:15

Ditshupiso

  • +Dip 11:24, 25; 27:18, 20; 2Dk 2:9

2 Dikgosi 2:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phefo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 18:11, 12

2 Dikgosi 2:18

Ditshupiso

  • +Jos 6:26; 1Dk 16:34

2 Dikgosi 2:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “lefatshe le dira gore basadi ba senyegelwe.”

Ditshupiso

  • +Dut 34:1-3

2 Dikgosi 2:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “kgotsa a dira gore basadi ba senyegelwe.”

Ditshupiso

  • +Ek 15:23-25; 2Dk 4:38-41

2 Dikgosi 2:23

Ditshupiso

  • +2Dt 36:15, 16; Luk 10:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2005, ts. 9

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 74

2 Dikgosi 2:24

Ditshupiso

  • +Dia 17:12
  • +2Dk 1:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 74

2 Dikgosi 2:25

Ditshupiso

  • +2Dk 4:25

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 2:11Dk 17:1
2 Dikg. 2:12Dk 2:11
2 Dikg. 2:11Dk 19:16
2 Dikg. 2:12Dk 4:38
2 Dikg. 2:2Ge 28:18, 19; 1Dk 12:28, 29; 2Dk 2:23
2 Dikg. 2:31Dk 19:16
2 Dikg. 2:4Jos 6:26; 1Dk 16:34
2 Dikg. 2:81Dk 19:19
2 Dikg. 2:8Ek 14:21, 22; Jos 3:17; 2Dk 2:13, 14
2 Dikg. 2:9Dut 21:17
2 Dikg. 2:9Dut 34:9; 1Dk 19:16; Luk 1:17
2 Dikg. 2:112Dk 6:17; Pes. 68:17
2 Dikg. 2:112Dt 21:5, 12; Joh 3:13
2 Dikg. 2:122Dk 13:14
2 Dikg. 2:122Sa 1:11, 12; Job 1:19, 20
2 Dikg. 2:131Dk 19:19; 2Dk 1:8; Sek 13:4; Mat 3:4
2 Dikg. 2:14Jos 3:13; 2Dk 2:8
2 Dikg. 2:15Dip 11:24, 25; 27:18, 20; 2Dk 2:9
2 Dikg. 2:161Dk 18:11, 12
2 Dikg. 2:18Jos 6:26; 1Dk 16:34
2 Dikg. 2:19Dut 34:1-3
2 Dikg. 2:21Ek 15:23-25; 2Dk 4:38-41
2 Dikg. 2:232Dt 36:15, 16; Luk 10:16
2 Dikg. 2:24Dia 17:12
2 Dikg. 2:242Dk 1:10
2 Dikg. 2:252Dk 4:25
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 2:1-25

Dikgosi wa Bobedi

2 Fa Jehofa a ne a tloga a tseela Elija+ kwa magodimong* ka sefefo,+ Elija le Elisha+ ba ne ba tswa mo Gilegala.+ 2 Elija o ne a raya Elisha a re: “Tsweetswee nna fano, ka gonne Jehofa o nthomile kwa Bethele.” Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga nkitla ke go tlogela.” Ka jalo, ba ne ba ya kwa Bethele.+ 3 Foo bomorwa baporofeti* kwa Bethele ba ne ba tla kwa go Elisha ba bo ba mo raya ba re: “A o a itse gore gompieno Jehofa o tsaya mong wa gago gore a se ka a tlhola a nna moeteledipele wa gago?”+ Foo o ne a re: “Ke setse ke itse. Didimalang.”

4 Jaanong Elija o ne a mo raya a re: “Elisha, tsweetswee nna fano, ka gonne Jehofa o nthomile kwa Jeriko.”+ Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga nkitla ke go tlogela.” Ka jalo, ba ne ba ya kwa Jeriko. 5 Foo bomorwa baporofeti ba ba neng ba le kwa Jeriko ba ne ba tla kwa go Elisha mme ba mo raya ba re: “A o a itse gore gompieno Jehofa o tsaya mong wa gago gore a se ka a tlhola a nna moeteledipele wa gago?” Foo o ne a re: “Ke setse ke itse. Didimalang.”

6 Jaanong Elija o ne a mo raya a re: “Tsweetswee nna fano, ka gonne Jehofa o nthomile kwa Joredane.” Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga nkitla ke go tlogela.” Ka jalo, boobabedi ba ne ba tsamaya mmogo. 7 Mme bomorwa baporofeti ba le 50 le bone ba ne ba tsamaya mme ba ema kgakajana ba ba leba fa boobabedi ba ne ba eme fa Joredane. 8 Go tswa foo, Elija o ne a tsaya seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang+ a bo a se potoka a itaya metsi ka sone, mme a ne a kgaogana a ya kwa molemeng le kwa mojeng, mme boobabedi ba ne ba kgabaganya mo mmung o o omileng.+

9 Fela fa ba sena go kgabaganya, Elija o ne a raya Elisha a re: “Kopa se o batlang gore ke se go direle pele ga ke tlosiwa fa go wena.” Ka jalo, Elisha o ne a re: “Tsweetswee, a nka amogela karolo e e menaganeng sebedi*+ ya moya wa gago?”+ 10 O ne a araba jaana: “O kopile selo se se thata. Fa o ka mpona fa ke tlosiwa mo go wena, go tla direga jaaka o kopile; mme fa o ka se mpone, ga go kitla go direga.”

11 Fa ba tsamaya mo tseleng ba ntse ba bua, ka tshoganyetso kara e e tukang molelo le dipitse tse di tukang molelo+ di ne tsa ba kgaoganya, mme Elija o ne a tlhatlogela kwa magodimong* mo sefefong.+ 12 Fa Elisha a ntse a lebile, o ne a goa a re: “Rra, rra! Kara ya Iseraele le masole a yone a a tsamayang ka dipitse!”+ E rile a sa tlhole a kgona go mmona, o ne a tshwara diaparo tsa gagwe mme a di gagoganya sebedi.+ 13 Morago ga moo, o ne a sela seaparo sa ga Elija se se mo tlhaolang+ se se neng se ole mo go ene mme a boela morago a ya go ema fa losing lwa Joredane. 14 Go tswa foo, o ne a tsaya seaparo sa ga Elija se se mo tlhaolang se se neng se ole mo go ene a bo a itaya metsi ka sone mme a re: “Jehofa, Modimo wa ga Elija o kae?” E rile Elisha a itaya metsi, a ne a kgaogana a ya kwa molemeng le kwa mojeng, mme o ne a kgabaganya.+

15 E rile bomorwa baporofeti kwa Jeriko ba mmona a le kgakajana, ba ne ba re: “Moya wa ga Elija o ntse mo go Elisha.”+ Ka jalo, ba ne ba ya go mo kgatlhantsha mme ba ikobela fa fatshe fa pele ga gagwe. 16 Ba ne ba mo raya ba re: “Rona batlhanka ba gago re na le banna ba le 50 ba ba nonofileng. Tsweetswee, a ba tsamaye ba ye go batla mong wa gago. Gongwe moya* wa ga Jehofa o mo tsholeditse mme wa mo latlhela mo godimo ga thaba nngwe kgotsa mo mokgatšheng mongwe.”+ Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Lo se ka lwa ba romela.” 17 Mme gone, ba ne ba nna ba mo emelela go fitlha a tlhabiwa ke ditlhong, ka jalo o ne a re: “Ba romeleng.” Ba ne ba romela banna bao ba ba 50, mme ba ne ba nna ba mmatla malatsi a le mararo mme ba se ka ba mmona. 18 Fa ba boela kwa go ene, o ne a sa ntse a le kwa Jeriko.+ Foo o ne a ba raya a re: “A ga ke a lo bolelela gore lo se ka lwa tsamaya?”

19 Fa nako e ntse e tsamaya, banna ba motse ba ne ba raya Elisha ba re: “Mong wa me, o a bona gore motse ono o mo lefelong le le siameng;+ le fa go ntse jalo, metsi a teng ga a a siama e bile lefatshe ga le tlhogise sepe.”* 20 Foo o ne a re: “Ntlisetseng sekotlele se sennye se sesha mme lo tsenye letswai mo go sone.” Ka jalo, ba ne ba se tlisa kwa go ene. 21 Go tswa foo, o ne a ya kwa motsweding wa metsi mme a tshela letswai mo go sone+ a bo a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Ke alafile metsi ano. Ga a kitla a tlhola a baka loso kgotsa a dira gore lefatshe le se ka la tlhogisa sepe.’”* 22 Mme metsi a ne a alafega go tla go fitlha mo letsatsing leno, go ya ka lefoko le Elisha a neng a le bua.

23 O ne a tswa koo a ya kwa Bethele. Fa a ntse a tsamaya mo tseleng, basimanyana bangwe ba ne ba tswa mo motseng mme ba simolola go mo sotla,+ ba ne ba nna ba mo raya ba re: “Tlhatloga, wena yo o lefatla! Tlhatloga, wena yo o lefatla!” 24 La bofelo o ne a retologa mme a ba leba a bo a ba hutsa mo leineng la ga Jehofa. Foo dibera tse pedi tse dinamagadi+ di ne tsa tswa mo sekgweng mme tsa gagolaka bana ba le 42 mo go bone.+ 25 O ne a tswa koo, a nna a tsamaya a ya kwa Thabeng ya Karemele,+ mme fa a tswa koo o ne a boela kwa Samarea.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela