LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Elisha o dira gore tlhogo ya selepe e kokobale (1-7)

      • Elisha le Basiria (8-23)

        • Matlho a motlhokomedi wa ga Elisha a a bulega (16, 17)

        • Basiria ba a foufadiwa (18, 19)

      • Baba ba kampile go dikologa Samarea e bile go na le leuba (24-33)

2 Dikgosi 6:1

Ditshupiso

  • +2Dk 2:3, 5; 9:1

2 Dikgosi 6:8

Ditshupiso

  • +1Dk 20:1, 34; 22:31

2 Dikgosi 6:9

Ditshupiso

  • +1Dk 17:24

2 Dikgosi 6:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka makgetlo a feta gangwe kgotsa gabedi.”

Ditshupiso

  • +Mat 2:12

2 Dikgosi 6:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “pelo ya kgosi.”

2 Dikgosi 6:12

Ditshupiso

  • +Dan 2:22, 28

2 Dikgosi 6:13

Ditshupiso

  • +Ge 37:16, 17

2 Dikgosi 6:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “modiredi.”

2 Dikgosi 6:16

Ditshupiso

  • +Ek 14:13; Pes. 3:6
  • +2Sa 22:31; 2Dt 32:7; Pes. 18:2; 27:3; 46:7; 55:18; 118:11; Bar 8:31

2 Dikgosi 6:17

Ditshupiso

  • +Dit 7:56
  • +2Dk 2:11; Pes. 68:17; Sek 6:1
  • +Pes. 34:7; Mat 26:53

2 Dikgosi 6:18

Ditshupiso

  • +Ge 19:10, 11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 71

2 Dikgosi 6:19

Ditshupiso

  • +1Dk 16:29

2 Dikgosi 6:22

Ditshupiso

  • +Dia 25:21; Bar 12:20

2 Dikgosi 6:23

Ditshupiso

  • +2Dk 5:2

2 Dikgosi 6:24

Ditshupiso

  • +Dut 28:52; 1Dk 20:1

2 Dikgosi 6:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwennêng (1/4) ya kaba.” Mo e ka nnang 0,3 L. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Lef 26:26; Dut 28:15, 17
  • +Dut 14:3; Esk 4:14

2 Dikgosi 6:28

Ditshupiso

  • +Lef 26:29; Dut 28:53-57; Esk 5:10

2 Dikgosi 6:29

Ditshupiso

  • +Dik 4:10

2 Dikgosi 6:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka fa tlase, gaufi le letlalo la gagwe.”

Ditshupiso

  • +Ge 37:29; 1Dk 21:27

2 Dikgosi 6:31

Ditshupiso

  • +Jer 38:4

2 Dikgosi 6:32

Ditshupiso

  • +1Dk 18:13; 21:9, 10

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 6:12Dk 2:3, 5; 9:1
2 Dikg. 6:81Dk 20:1, 34; 22:31
2 Dikg. 6:91Dk 17:24
2 Dikg. 6:10Mat 2:12
2 Dikg. 6:12Dan 2:22, 28
2 Dikg. 6:13Ge 37:16, 17
2 Dikg. 6:16Ek 14:13; Pes. 3:6
2 Dikg. 6:162Sa 22:31; 2Dt 32:7; Pes. 18:2; 27:3; 46:7; 55:18; 118:11; Bar 8:31
2 Dikg. 6:17Dit 7:56
2 Dikg. 6:172Dk 2:11; Pes. 68:17; Sek 6:1
2 Dikg. 6:17Pes. 34:7; Mat 26:53
2 Dikg. 6:18Ge 19:10, 11
2 Dikg. 6:191Dk 16:29
2 Dikg. 6:22Dia 25:21; Bar 12:20
2 Dikg. 6:232Dk 5:2
2 Dikg. 6:24Dut 28:52; 1Dk 20:1
2 Dikg. 6:25Lef 26:26; Dut 28:15, 17
2 Dikg. 6:25Dut 14:3; Esk 4:14
2 Dikg. 6:28Lef 26:29; Dut 28:53-57; Esk 5:10
2 Dikg. 6:29Dik 4:10
2 Dikg. 6:30Ge 37:29; 1Dk 21:27
2 Dikg. 6:31Jer 38:4
2 Dikg. 6:321Dk 18:13; 21:9, 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 6:1-33

Dikgosi wa Bobedi

6 Bomorwa baporofeti+ ba ne ba raya Elisha ba re: “Lefelo le re nnang mo go lone le wena le lennye thata mo go rona. 2 Tsweetswee, mma re ye kwa Joredane. Mma mongwe le mongwe wa rona a reme kota teng mme re dire lefelo le re ka nnang mo go lone.” O ne a re: “Tsamayang.” 3 Mongwe wa bone o ne a re: “Tsweetswee, tsamaya le rona.” Foo ene o ne a re: “Ke tla tsamaya.” 4 Ka jalo, o ne a tsamaya le bone, mme ba ne ba goroga kwa Joredane ba bo ba simolola go rema ditlhare. 5 Fa mongwe wa bone a ntse a rema setlhare, tlhogo ya selepe e ne ya wela mo metsing, mme o ne a goa a re: “Ijoo, mong wa me, se ne se adimilwe!” 6 Monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a re: “E wetse kae?” Ka jalo, o ne a mmontsha fa e wetseng gone. Foo o ne a kgetla thupa a bo a e latlhela teng mme a dira gore tlhogo ya selepe e kokobale. 7 O ne a re: “E ntshe.” Ka jalo, o ne a e ntsha.

8 Jaanong kgosi ya Siria e ne ya ya go tlhabana le Baiseraele.+ E ne ya buisana le batlhanka ba yone mme ya ba bolelela gore ba ye go kampa kae le ene. 9 Go tswa foo, monna wa Modimo wa boammaaruri+ o ne a romela molaetsa kwa kgosing ya Iseraele a re: “O ikele tlhoko gore o se ka wa feta mo lefelong leno, ka gonne ke gone kwa Basiria ba fologelang teng.” 10 Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya romela molaetsa kwa lefelong le monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a mo tlhagisitse ka lone. O ne a nna a mo tlhagisa, mme o ne a se ka a ya kwa go lone ka makgetlo a le mmalwa.*+

11 Seno se ne sa galefisa kgosi* ya Siria, ka jalo, e ne ya bitsa batlhanka ba yone mme ya ba raya ya re: “Mpoleleleng! Ke mang mo go rona yo o mo letlhakoreng la kgosi ya Iseraele?” 12 Foo mongwe wa batlhanka ba gagwe o ne a re: “Ga go na ope mo go rona, morena wa me kgosi! Moporofeti Elisha yo o kwa Iseraele ke ene a bolelelang kgosi ya Iseraele dilo tse o di buang mo phaposing ya gago ya borobalo.”+ 13 O ne a re: “Tsamayang mme lo ye go batla gore o kae, gore ke tle ke rome banna ba ye go mo tshwara.” Moragonyana o ne a begelwa jaana: “O kwa Dothane.”+ 14 Ka yone nako eo, o ne a romela dipitse le dikara tsa ntwa teng, mmogo le mophato o mogolo wa masole; ba ne ba tla go le bosigo mme ba kampa go dikologa motse.

15 E rile motlhokomedi* wa monna wa Modimo wa boammaaruri a tsoga phakela thata mme a tswela kwa ntle, o ne a bona mophato wa masole o dikologile motse ka dipitse le dikara tsa ntwa. Ka yone nako eo, motlhokomedi yoo o ne a mo raya a re: “Ijoo, mong wa me! Re tla dira eng?” 16 Le fa go ntse jalo, o ne a mo araba a re: “O se ka wa boifa!+ Gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.”+ 17 Foo Elisha o ne a rapela a re: “Ao tlhe Jehofa, tsweetswee bula matlho a gagwe gore a bone.”+ Ka yone nako eo, Jehofa o ne a bula matlho a motlhokomedi mme o ne a bona, mme kgaolo e e dithaba e ne e tletse dipitse le dikara tsa ntwa tsa molelo+ go dikologa Elisha gotlhe fela.+

18 Fa Basiria ba fologela kwa go ene, Elisha o ne a rapela Jehofa mme a re: “Tsweetswee, otlhaya setšhaba seno ka bofofu.”+ Ka jalo, o ne a se otlhaya ka bofofu, fela jaaka Elisha a ne a kopile. 19 Jaanong Elisha o ne a ba raya a re: “Tsela eno ga se yone, le motse ono ga se one. Ntshalang morago, mme ke lo ise kwa monneng yo lo mmatlang.” Le fa go ntse jalo, o ne a ba isa kwa Samarea.+

20 Fa ba goroga kwa Samarea, Elisha o ne a re: “Ao tlhe Jehofa, bula matlho a bone gore ba bone.” Ka jalo, Jehofa o ne a bula matlho a bone, mme ba ne ba lemoga gore ba mo Samarea. 21 E rile kgosi ya Iseraele e ba bona, e ne ya raya Elisha ya re: “A ke ba kgemethe, a ke ba kgemethe rra?” 22 Le fa go ntse jalo, o ne a re: “O se ka wa ba kgemetha. A o kgemetha ba o ba isitseng botshwarwa ka tšhaka ya gago le ka bora jwa gago? Ba neye senkgwe le metsi gore ba je ba bo ba nwe+ mme ba boele kwa moreneng wa bone.” 23 Ka jalo, o ne a ba direla moletlo o mogolo, mme ba ne ba ja ba bo ba nwa, morago ga moo o ne a ba naya tsela gore ba boele kwa moreneng wa bone. Mme ditlhopha tsa dirukutlhi tsa Basiria+ ga di a ka tsa tlhola di tla gape mo lefatsheng la Iseraele.

24 Morago ga moo, Bene-hadade kgosi ya Siria o ne a phutha masole otlhe a gagwe a bo a ya go kampa go dikologa Samarea.+ 25 Ka jalo, go ne go na le leuba le legolo+ mo Samarea, mme ba ne ba kampa go e dikologa go fitlha tlhogo ya tonki+ e ja dishekele tsa selefera di le 80, le selekanyo se sennye sa kaba* sa mantle a leeba se ja dishekele tsa selefera di le 5. 26 Fa kgosi ya Iseraele e ne e feta mo godimo ga lobota, mosadi mongwe o ne a mo tlhaeletsa, a re: “Re thuse, tlhe morena wa me kgosi!” 27 Foo o ne a re: “Fa Jehofa a sa go thuse, ke tla go naya thuso e e tswang kae? Go tswa mo seboaneng? Kgotsa go tswa mo segatisetsong sa beine kgotsa sa leokwane?” 28 Kgosi e ne ya mmotsa jaana: “Bothata ke eng?” O ne a araba a re: “Mosadi yono o ne a nthaya a re, ‘Tlisa morwao mme re mo je gompieno, mme re tla ja morwaake kamoso.’+ 29 Ka jalo, re ne ra apaya morwaake mme ra mo ja.+ Mo letsatsing le le latelang ke ne ka mo raya ka re, ‘Tlisa morwao gore re mo je.’ Mme o ne a fitlha morwawe.”

30 Fela fa kgosi e utlwa mafoko a mosadi yono, e ne ya gagoganya diaparo tsa yone.+ Fa a ne a feta mo godimo ga lobota, batho ba ne ba bona gore o ne a apere letsela la kgetsi ka fa teng ga diaparo tsa gagwe.* 31 Foo o ne a re: “E kete Modimo a ka nkotlhaya mo go botlhoko fa tlhogo ya ga Elisha morwa Shafate e ka tswelela e le mo go ene gompieno!”+

32 Elisha o ne a ntse mo ntlong ya gagwe, mme bagolwane ba ne ba ntse le ene. Kgosi e ne ya romela monna mongwe kwa pele ga yone, le fa go ntse jalo, pele ga morongwa yoo a goroga, Elisha o ne a raya bagolwane a re: “A lo a bona gore morwa yono wa mmolai+ o romile motho gore ke kgaolwe tlhogo? Lebelelang fa morongwa a tla, lo tswale lebati mme lo le tshware gore a se ka a tsena. A modumo wa dikgato tsa morena wa gagwe ga o utlwale ka fa morago ga gagwe?” 33 Fa a sa ntse a bua le bone, morongwa o ne a tla kwa go ene, mme kgosi e ne ya re: “Masetlapelo ano a tswa kwa go Jehofa. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go nna ke letile Jehofa?”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela