LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Dafide o bolelelwa gore Saulo o sule (1-16)

      • Dafide o opelela Saulo le Jonathane pina ya khutsafalo (17-27)

2 Samuele 1:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go kgemetha.”

Ditshupiso

  • +1Sa 27:5, 6

2 Samuele 1:4

Ditshupiso

  • +1Sa 31:1, 6; 1Dt 10:4, 6

2 Samuele 1:6

Ditshupiso

  • +1Sa 28:4; 1Dt 10:1
  • +1Sa 31:3; 1Dt 10:3

2 Samuele 1:8

Ditshupiso

  • +Ek 17:16; Dut 25:19; 1Sa 15:20; 30:1

2 Samuele 1:10

Ditshupiso

  • +1Sa 31:4

2 Samuele 1:12

Ditshupiso

  • +1Sa 31:11, 13
  • +1Sa 31:1

2 Samuele 1:14

Ditshupiso

  • +Dip 12:8; 1Sa 24:6; 26:9; 31:4

2 Samuele 1:15

Ditshupiso

  • +2Sa 4:10

2 Samuele 1:16

Ditshupiso

  • +2Sa 1:6, 10

2 Samuele 1:17

Ditshupiso

  • +1Sa 31:6

2 Samuele 1:18

Ditshupiso

  • +Jos 10:13

2 Samuele 1:19

Ditshupiso

  • +1Sa 31:8

2 Samuele 1:20

Ditshupiso

  • +1Sa 31:9

2 Samuele 1:21

Ditshupiso

  • +1Sa 31:1; 1Dt 10:1
  • +Lef 27:16

2 Samuele 1:22

Ditshupiso

  • +1Sa 18:4; 20:20
  • +1Sa 14:47

2 Samuele 1:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e bile ba itumelelwa.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:1
  • +1Sa 31:6; 1Dt 10:6
  • +Job 9:26
  • +Dia 30:30

2 Samuele 1:25

Ditshupiso

  • +1Sa 31:8

2 Samuele 1:26

Ditshupiso

  • +1Sa 18:1, 3
  • +1Sa 19:2; 20:17, 41; 23:16-18; Dia 17:17; 18:24

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 1:11Sa 27:5, 6
2 Sam. 1:41Sa 31:1, 6; 1Dt 10:4, 6
2 Sam. 1:61Sa 28:4; 1Dt 10:1
2 Sam. 1:61Sa 31:3; 1Dt 10:3
2 Sam. 1:8Ek 17:16; Dut 25:19; 1Sa 15:20; 30:1
2 Sam. 1:101Sa 31:4
2 Sam. 1:121Sa 31:11, 13
2 Sam. 1:121Sa 31:1
2 Sam. 1:14Dip 12:8; 1Sa 24:6; 26:9; 31:4
2 Sam. 1:152Sa 4:10
2 Sam. 1:162Sa 1:6, 10
2 Sam. 1:171Sa 31:6
2 Sam. 1:18Jos 10:13
2 Sam. 1:191Sa 31:8
2 Sam. 1:201Sa 31:9
2 Sam. 1:211Sa 31:1; 1Dt 10:1
2 Sam. 1:21Lef 27:16
2 Sam. 1:221Sa 18:4; 20:20
2 Sam. 1:221Sa 14:47
2 Sam. 1:231Sa 18:1
2 Sam. 1:231Sa 31:6; 1Dt 10:6
2 Sam. 1:23Job 9:26
2 Sam. 1:23Dia 30:30
2 Sam. 1:251Sa 31:8
2 Sam. 1:261Sa 18:1, 3
2 Sam. 1:261Sa 19:2; 20:17, 41; 23:16-18; Dia 17:17; 18:24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 1:1-27

Samuele wa Bobedi

1 Morago ga loso lwa ga Saulo, fa Dafide a sena go boa a tswa go fenya* Baamaleke, Dafide o ne a nna kwa Sikelage+ malatsi a le mabedi. 2 Mo letsatsing la boraro, monna mongwe o ne a tla a tswa kwa kampeng ya ga Saulo diaparo tsa gagwe di gagogantswe e bile a le lerole mo tlhogong. E rile a atamela fa go Dafide, o ne a wela fa fatshe a bo a obama.

3 Dafide o ne a mmotsa jaana: “O tswa kae?” O ne a araba a re: “Ke falotse kwa kampeng ya Baiseraele.” 4 Dafide o ne a mmotsa jaana: “Dilo di tsamaile jang? Tsweetswee mpolelele.” Ene o ne a re: “Batho ba tshabile kwa tlhabanong e bile ba le bantsi ba sule. Tota le Saulo le morwawe e bong Jonathane ba sule.”+ 5 Foo Dafide o ne a raya lekawana leo le le neng le mo tliseditse dikgang a re: “O itse jang gore Saulo le Jonathane ba sule?” 6 Lekawana leo le ne la araba jaana: “Ke ne ka iphitlhela ke le mo Thabeng ya Gileboa,+ mme Saulo o ne a le foo a itshegeleditse ka lerumo la gagwe, mme bakgweetsi ba dikara le masole a a tsamayang ka dipitse ba ne ba mo lelekisitse ba bo ba mo tshwara.+ 7 E rile a retologa a mpona, o ne a mpitsa, mme ke ne ka re, ‘Ke fano!’ 8 O ne a mpotsa a re, ‘O mang?’ mme ke ne ka mo araba ka re, ‘Ke Moamaleke.’+ 9 Foo o ne a re, ‘Tsweetswee, ema fa go nna mme o mpolaye, ka gonne ke mo botlhokong jo bo ngomolang pelo, mme gone ke sa ntse ke tshela.’ 10 Ka jalo, ke ne ka ema fa go ene mme ka mmolaya,+ ka gonne ke ne ke itse gore o ne a ka se tshele fa a sena go wa a gobetse. Go tswa foo, ke ne ka tsaya serwalo sa segosi se se neng se le mo tlhogong ya gagwe le leseka le le neng le le mo lebogong la gagwe, mme ke di tlisitse fano mo go wena morena wa me.”

11 Foo Dafide o ne a tshwara diaparo tsa gagwe a di gagoganya, le banna botlhe ba ba neng ba na le ene ba ne ba dira jalo. 12 Mme ba ne ba goela kwa godimo, ba lela ba bo ba itima dijo+ go fitlha maitseboa ka gonne Saulo, Jonathane, batho ba ga Jehofa ba le bantsi le Baiseraele ba le bantsi,+ ba ne ba bolailwe ka tšhaka.

13 Dafide o ne a botsa lekawana le le neng le mo tliseditse dikgang jaana: “O mokae?” O ne a re: “Ke morwa motswakwa, Moamaleke.” 14 Go tswa foo, Dafide o ne a mo raya a re: “Goreng o ne o sa tshabe go bolaya motlodiwa wa ga Jehofa?”+ 15 Foo Dafide o ne a bitsa lekawana lengwe mme a re: “Atamela kwano mme o mmolaye.” Ka jalo, o ne a mo kgemetha a bo a swa.+ 16 Dafide o ne a mo raya a re: “Ke molato wa gago go bo o sule, ka gonne molomo wa gago o ne wa go bona molato fa o ne o re, ‘Nna ka bonna ke bolaile motlodiwa wa ga Jehofa.’”+

17 Go tswa foo, Dafide o ne a opela pina eno ya khutsafalo ka ntlha ya ga Saulo le morwawe e bong Jonathane+ 18 mme o ne a laela gore batho ba Juda ba rutiwe pina eno ya khutsafalo e e bidiwang “Bora,” e e kwadilweng mo bukeng ya Jashare:+

19 “Wena Iseraele, bontle bo namaletse mo dithoteng tsa gago bo bolailwe setlhogo.+

Ruri ba ba maatla ba ole!

20 Lo se ka lwa bolela seno kwa Gathe;+

Lo se ka lwa se itsise mo mebileng ya Ashekelona,

Go seng jalo bomorwadia Bafilisitia ba tla itumela,

Kgotsa bomorwadia banna ba ba sa rupang ba tla itumela.

21 Lona dithaba tsa Gileboa,+

E kete go ka se nne le monyo kgotsa pula mo go lona,

Kgotsa masimo a a ntshang meneelo e e boitshepo,+

Ka gonne thebe ya ba ba maatla e ne ya leswafadiwa gone koo,

Thebe ya ga Saulo ga e tlhole e tloditswe ka leokwane.

22 Go tswa mo mading a ba ba bolailweng setlhogo, go tswa mo mafureng a ba ba maatla,

Bora jwa ga Jonathane ga bo a ka jwa boa,+

Mme tšhaka ya ga Saulo e ne e ka se boe e sa atlega.+

23 Saulo le Jonathane,+ ba ne ba ratiwa e bile ba anaanelwa* ke batho ba bangwe fa ba ne ba tshela,

Tota le fa ba sena go swa, ga ba a ka ba kgaoganngwa.+

Ba ne ba le bofefo go feta bontsu,+

Ba le maatla go feta ditau.+

24 Lona bomorwadia Iseraele, lelelang Saulo,

Yo o neng a lo apesa diaparo tse dikhibidu le mekgabisa e mentle,

Yo o neng a baya mekgabisa ya gauta mo diaparong tsa lona.

25 Ruri ba ba maatla ba ole mo tlhabanong!

Jonathane o namaletse mo dithoteng tsa gago a bolailwe setlhogo!+

26 Ke tshwenyegile thata ka ntlha ya gago Jonathane morwarre;

Ke ne ke go rata fela thata.+

Lorato lwa gago mo go nna lo ne lo le logolo thata go feta lorato lo basadi ba nthatang ka lone.+

27 Ruri ba ba maatla ba ole

Le dibetsa tsa ntwa di nyeletse!”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela