LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Bagalatia 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Bagalatia

      • Ditumediso (1-5)

      • Ga go na dikgang tse dingwe tse di molemo (6-9)

      • Dikgang tse di molemo tse Paulo a di rerang di tswa kwa Modimong (10-12)

      • Paulo o a sokologa e bile o simolola go rera (13-24)

Bagalatia 1:1

Ditshupiso

  • +Dit 9:15; 26:15, 16
  • +Dit 22:14, 15

Bagalatia 1:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 217

Bagalatia 1:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Bagalatia 1:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “mo tsamaisong ya dilo ya jaanong e e bosula.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Jo 2:1, 2
  • +Joh 15:19
  • +1Ti 2:3, 4

Bagalatia 1:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lo tlositswe mo.”

Ditshupiso

  • +2Bk 11:3, 4; Bag 5:7

Bagalatia 1:7

Ditshupiso

  • +Bag 5:10

Bagalatia 1:11

Ditshupiso

  • +1Bt 2:13

Bagalatia 1:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “mo go feteletseng.”

Ditshupiso

  • +Dit 23:6
  • +Dit 8:3; 9:1, 2; 22:4; 26:9-11

Bagalatia 1:14

Ditshupiso

  • +Dit 22:3; Baf 3:4-6

Bagalatia 1:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nkentsha.”

Ditshupiso

  • +1Bk 15:10

Bagalatia 1:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ya nama le madi.”

Ditshupiso

  • +Dit 9:15; Bar 11:13

Bagalatia 1:17

Ditshupiso

  • +Dit 9:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2008, ts. 22

    1/15/2005, ts. 28-⁠29

Bagalatia 1:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gape o bidiwa Petere.

Ditshupiso

  • +Dit 9:26
  • +Joh 1:42; 1Bk 15:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 12

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2007, ts. 15-⁠17

Bagalatia 1:19

Ditshupiso

  • +Mat 13:55; Dit 12:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 112

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2007, ts. 16-⁠17

Bagalatia 1:21

Ditshupiso

  • +Dit 9:29, 30

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2000, ts. 26

Bagalatia 1:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “tumelo.”

Ditshupiso

  • +Bag 1:13
  • +Dit 8:3

Ditemana Tse dingwe

Bagal. 1:1Dit 9:15; 26:15, 16
Bagal. 1:1Dit 22:14, 15
Bagal. 1:41Jo 2:1, 2
Bagal. 1:4Joh 15:19
Bagal. 1:41Ti 2:3, 4
Bagal. 1:62Bk 11:3, 4; Bag 5:7
Bagal. 1:7Bag 5:10
Bagal. 1:111Bt 2:13
Bagal. 1:13Dit 23:6
Bagal. 1:13Dit 8:3; 9:1, 2; 22:4; 26:9-11
Bagal. 1:14Dit 22:3; Baf 3:4-6
Bagal. 1:151Bk 15:10
Bagal. 1:16Dit 9:15; Bar 11:13
Bagal. 1:17Dit 9:19
Bagal. 1:18Dit 9:26
Bagal. 1:18Joh 1:42; 1Bk 15:5
Bagal. 1:19Mat 13:55; Dit 12:17
Bagal. 1:21Dit 9:29, 30
Bagal. 1:23Bag 1:13
Bagal. 1:23Dit 8:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bagalatia 1:1-24

Bagalatia

1 Nna Paulo, ga ke a nna moaposetoloi ka ntlha ya motho ope, mme ke nnile ene ka ntlha ya ga Jesu Keresete+ le Modimo Rara,+ yo o tsositseng Jesu mo baswing. 2 Nna le bakaulengwe botlhe ba ba nang le nna, re kwalela diphuthego tsa Galatia:

3 E kete Modimo Rraarona le Morena Jesu Keresete ba ka lo naya bopelonomi jo bogolo* le kagiso. 4 Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo+ ka ntlha ya maleo a rona gore a tle a re golole mo lefatsheng leno le le bosula*+ go ya ka thato ya Modimo wa rona le Rara,+ 5 yo o tshwanelwang ke go galalediwa ka bosakhutleng le go ya go ile. Amen.

6 Ke gakgamadiwa ke gore lo tlhanogetse* Modimo ka bonako, ene yo o lo biditseng ka bopelonomi jo bogolo jwa ga Keresete, lo bo lo reetsa mofuta o mongwe wa dikgang tse di molemo.+ 7 Mme ga se gore go na le dikgang tse dingwe tse di molemo; ke fela gore go na le bangwe ba ba lo tshwenyang+ e bile ba batla go sokamisa dikgang tse di molemo ka ga Keresete. 8 Le fa go ntse jalo, tota le fa rona kgotsa moengele mongwe yo o tswang kwa legodimong a ne a ka lo bolelela sengwe a re ke dikgang tse di molemo mme e se dikgang tse di molemo tse re di lo boleletseng, a a hutsege. 9 Jaaka re setse re buile, ke boa gape ke re, Ope fela yo o lo bolelelang sengwe a re ke dikgang tse di molemo mme e se tse lo neng lwa di amogela, a a hutsege.

10 Tota e bile, a ke leka go itumedisa batho kgotsa Modimo? Fa e le gore ke leka go itumedisa batho, ga ke motlhanka wa ga Keresete. 11 Bakaulengwe, ke batla gore lo itse gore dikgang tse di molemo tse ke neng ka di lo bolelela ga di tswe mo bathong;+ 12 gonne ga ke a di amogela mo mothong e bile ga ke a di rutiwa ke motho ope, mme ke di senoletswe ke Jesu Keresete.

13 Ke boammaaruri gore, lo utlwaletse ka tsela e ke neng ke itshwara ka yone fa ke ne ke sa ntse ke latela dithuto tsa Bajuda,+ gore ka metlha ke ne ke bogisa phuthego ya Modimo setlhogo* e bile ke batla go e fedisa;+ 14 mme ke ne ke gatetse pele thata mo dithutong tsa Bajuda go gaisa balekane ba me ba le bantsi ba lotso lwa me, ka gonne ke ne ke tlhoafetse thata mo dingwaong tsa borre.+ 15 Le fa go ntse jalo, Modimo yo o neng a nketsha* mo popelong ya ga mmê a bo a mpitsa ka bopelonomi jwa gagwe jo bogolo,+ o ne a ntirisa 16 go rerela batho ba ditšhaba tse dingwe dikgang tse di molemo gore ba tle ba itse Morwawe.+ Fa a ne a ntlhopha gore ke dire tiro eno, ga ke a ka ka kopa kgakololo ya ga ope.* 17 e bile ga ke a ka ka ya kwa Jerusalema kwa go ba ba nnileng baaposetoloi pele ga me, mme ke ne ka ya kwa Arabia, go tswa foo ka boela kwa Damaseko.+

18 Mme morago ga dingwaga di le tharo, ke ne ka ya kwa Jerusalema+ ke ya go etela Kefase,*+ mme ke ne ka nna le ene malatsi a le 15. 19 Mme ga ke a ka ka bona moaposetoloi ope kwantle ga Jakobe,+ monnawe Morena. 20 Jaanong ka dilo tse ke di lo kwalelang, ke bua boammaaruri fa pele ga Modimo, ga ke ake.

21 Morago ga moo, ke ne ka ya kwa dikgaolong tsa Siria le tsa Kilikia.+ 22 Mme diphuthego tsa kwa Judea tse di neng di le seoposengwe le Keresete di ne di ise di mpone. 23 Ba ne ba tle ba utlwe fela go twe: “Monna yo a neng a re bogisa e bile a tlhasela diphuthego,*+ jaanong o rera dikgang tse di molemo.”+ 24 Ka jalo, ba ne ba simolola go galaletsa Modimo ka ntlha ya me.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela