LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 31
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Hesekia o fedisa botlhanogi (1)

      • Baperesiti le Balefi ba a tshegediwa (2-21)

2 Ditiragalo 31:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 23:24
  • +Dut 7:5; 2Dk 18:1, 4; 2Dt 14:2, 3; 34:1, 3
  • +Dut 12:2
  • +2Dt 23:16, 17
  • +2Dt 30:1, 18

2 Ditiragalo 31:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikampa.”

Ditshupiso

  • +1Dt 24:1
  • +1Dt 23:6
  • +2Dt 8:14
  • +1Dt 23:13, 27-30

2 Ditiragalo 31:3

Ditshupiso

  • +2Dt 30:24
  • +Ek 29:39
  • +Dip 28:9
  • +Dip 10:10
  • +Dut 16:16

2 Ditiragalo 31:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ineele ka botlalo mo.”

Ditshupiso

  • +Dip 18:21; Neh 10:38, 39

2 Ditiragalo 31:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwesomeng (1/10).”

Ditshupiso

  • +Dip 18:12
  • +Ek 22:29; 23:19; Neh 10:37
  • +Dia 3:9

2 Ditiragalo 31:6

Ditshupiso

  • +Lef 27:30; Dut 14:28

2 Ditiragalo 31:7

Ditshupiso

  • +Lef 23:16
  • +Lef 23:24

2 Ditiragalo 31:10

Ditshupiso

  • +Dip 18:8
  • +Mal 3:10

2 Ditiragalo 31:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diphaposi tsa bojelo.”

Ditshupiso

  • +Neh 10:38, 39; 12:44

2 Ditiragalo 31:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ditsabosome.”

Ditshupiso

  • +Lef 27:30; Dut 14:28

2 Ditiragalo 31:14

Ditshupiso

  • +1Dt 26:17, 19
  • +Dut 12:5, 6; 16:10
  • +Dip 18:8
  • +Lef 2:10; 7:1

2 Ditiragalo 31:15

Ditshupiso

  • +Jos 21:19
  • +1Dt 24:1

2 Ditiragalo 31:17

Ditshupiso

  • +1Dt 24:4
  • +Dip 4:2, 3; 8:24; 1Dt 23:24
  • +1Dt 23:6

2 Ditiragalo 31:19

Ditshupiso

  • +Lef 25:33, 34; Dip 35:2; Jos 21:13

2 Ditiragalo 31:21

Ditshupiso

  • +2Dt 29:35

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 31:1Ek 23:24
2 Ditir. 31:1Dut 7:5; 2Dk 18:1, 4; 2Dt 14:2, 3; 34:1, 3
2 Ditir. 31:1Dut 12:2
2 Ditir. 31:12Dt 23:16, 17
2 Ditir. 31:12Dt 30:1, 18
2 Ditir. 31:21Dt 24:1
2 Ditir. 31:21Dt 23:6
2 Ditir. 31:22Dt 8:14
2 Ditir. 31:21Dt 23:13, 27-30
2 Ditir. 31:32Dt 30:24
2 Ditir. 31:3Ek 29:39
2 Ditir. 31:3Dip 28:9
2 Ditir. 31:3Dip 10:10
2 Ditir. 31:3Dut 16:16
2 Ditir. 31:4Dip 18:21; Neh 10:38, 39
2 Ditir. 31:5Dip 18:12
2 Ditir. 31:5Ek 22:29; 23:19; Neh 10:37
2 Ditir. 31:5Dia 3:9
2 Ditir. 31:6Lef 27:30; Dut 14:28
2 Ditir. 31:7Lef 23:16
2 Ditir. 31:7Lef 23:24
2 Ditir. 31:10Dip 18:8
2 Ditir. 31:10Mal 3:10
2 Ditir. 31:11Neh 10:38, 39; 12:44
2 Ditir. 31:12Lef 27:30; Dut 14:28
2 Ditir. 31:141Dt 26:17, 19
2 Ditir. 31:14Dut 12:5, 6; 16:10
2 Ditir. 31:14Dip 18:8
2 Ditir. 31:14Lef 2:10; 7:1
2 Ditir. 31:15Jos 21:19
2 Ditir. 31:151Dt 24:1
2 Ditir. 31:171Dt 24:4
2 Ditir. 31:17Dip 4:2, 3; 8:24; 1Dt 23:24
2 Ditir. 31:171Dt 23:6
2 Ditir. 31:19Lef 25:33, 34; Dip 35:2; Jos 21:13
2 Ditir. 31:212Dt 29:35
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 31:1-21

Ditiragalo wa Bobedi

31 Fela fa ba fetsa go dira seno sotlhe, Baiseraele botlhe ba ba neng ba le koo ba ne ba ya kwa metseng ya Juda, mme ba ne ba thubaganya dipilara tse di boitshepo,+ ba rema dikota tse di boitshepo*+ ba bo ba thuba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo+ le dibeso+ mo Juda yotlhe le Benjamine, mmogo le kwa Eferaime le Manase+ go fitlha ba di senya gotlhelele, mme morago ga moo Baiseraele botlhe ba ne ba boela kwa metseng ya bone, mongwe le mongwe kwa legaeng la gagwe.

2 Go tswa foo, Hesekia o ne a tlhoma baperesiti go ya ka ditlhopha tsa bone+ le Balefi go ya ka ditlhopha tsa bone,+ gore setlhopha sengwe le sengwe sa baperesiti le sa Balefi se dire tirelo ya sone,+ se ntshe ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana, gore se direle le go ntsha ditebogo le pako mo dikgorong tsa malwapa* a ga Jehofa.+ 3 Go ne ga ntshiwa karolo ya dithoto tsa kgosi gore e nne ya ditlhabelo tse di fisiwang,+ go akaretsa ditlhabelo tsa mo mosong le tsa maitseboa,+ mmogo le ditlhabelo tse di fisiwang tsa Bosabata,+ bongwedi ba basha+ le tsa meletlo,+ go ya ka se se kwadilweng mo Molaong wa ga Jehofa.

4 Mo godimo ga moo, Hesekia o ne a laela batho ba ba nnang mo Jerusalema gore ba ntshe karolo e e tshwanetseng go newa baperesiti le Balefi,+ gore ba tle ba ngaparele* molao wa ga Jehofa thata. 5 Fela fa go sena go ntshiwa taelo eo, Baiseraele ba ne ba ntsha mabutswapele a mantsi a dijo tsa ditlhaka, a beine e ntšha, a leokwane+ le a tswina ya dinotshe le a thobo yotlhe ya tshimo;+ ba ne ba tlisa karolo ya bolesome* ya sengwe le sengwe ka bontsi.+ 6 Mme batho ba Iseraele le ba Juda ba ba nnang mo metseng ya Juda le bone ba ne ba tlisa karolo ya bolesome ya dikgomo le dinku le ya dilo tse di boitshepo,+ tse di neng di neetswe Jehofa, Modimo wa bone. Ba ne ba di tlisa mme ba di kgobokanya ka bontsi. 7 Ba ne ba simolola go kgobokanya meneelo eo ya bone mo kgweding ya boraro;+ mme ba ne ba fetsa mo kgweding ya bosupa.+ 8 E rile Hesekia le dikgosana ba tla mme ba bona meneelo eo e e kgobokantsweng, ba ne ba baka Jehofa ba bo ba segofatsa batho ba gagwe ba Iseraele.

9 Hesekia o ne a botsa baperesiti le Balefi ka meneelo eo, 10 mme Asaria moperesiti yo mogolo wa losika lwa ga Sadoke o ne a mo raya a re: “Go tloga ka nako ya fa batho ba simolola go tlisa meneelo mo ntlong ya ga Jehofa,+ ba ntse ba ja gore ba bo ba kgotsofale mme go sa ntse go na le mo gontsi mo go setseng, ka gonne Jehofa o segofaditse batho ba gagwe, e bile go setse letlotlo leno le legolo.”+

11 Foo Hesekia o ne a ba laela gore ba baakanye mabolokelo*+ a a mo ntlong ya ga Jehofa, ka jalo ba ne ba a baakanya. 12 Ba ne ba nna ba tlisa meneelo, dikarolo tsa bolesome,*+ le dilo tse di boitshepo ka boikanyegi; Konania wa Molefi o ne a tlhomiwa gore a okamele dilo tseno tsotlhe e le mookamedi, mme morwarraagwe e bong Shimei o ne a mo latela ka maemo. 13 Balaodi ba ba neng ba thusa Konania le morwarraagwe e bong Shimei, go ya ka taelo ya ga Kgosi Hesekia, e ne e le Jehiele, Asasia, Nahathe, Asahele, Jerimothe, Josabade, Eliele, Isemakia, Mahathe le Benaia, mme Asaria e ne e le mookamedi wa ntlo ya Modimo wa boammaaruri. 14 Mme Kore morwa Imina, Molefi yo e neng e le molebedi wa kgoro e e ka fa letlhakoreng la botlhaba,+ o ne a tlhokomela meneelo ya Modimo wa boammaaruri e e ntshiwang ka go rata,+ e bile o ne a aba moneelo o o ntshediwang Jehofa+ le dilo tse di boitshepotshepo.+ 15 Mme o ne a okametse Edene, Miniamine, Jeshua, Shemaia, Amaria le Shekania, mo metseng ya baperesiti,+ mo tirong e ba e abetsweng, gore ba abele bomorwarraabone ba ba mo ditlhopheng tsa bone meneelo e ba e abetsweng ka go lekana,+ ba bagolo mmogo le ba bannye. 16 Go abiwa gono go ne go dirwa kwantle ga go abiwa mo go neng go direlwa banna ba ba nang le dingwaga di le tharo go ya kwa godimo, ba ba neng ba kwadisitswe mo tatelanong ya masika a bone, ba ba neng ba tla go direla mo ntlong ya ga Jehofa letsatsi le letsatsi e bile ba dira ditiro tse di abetsweng ditlhopha tsa bone.

17 Baperesiti ba ne ba kwadisiwa go ya ka tatelano ya masika a bone ka dikgotla tsa bone,+ fela jaaka fa go ne go kwadisiwa Balefi ba ba neng ba na le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo,+ ba ne ba kwadisiwa go ya ka ditiro tsa ditlhopha tsa bone.+ 18 Go kwadisiwa mono ka tatelano ya masika go ne go akaretsa bana ba bone botlhe, basadi ba bone, bomorwaabone le bomorwadiabone, le botlhe ba malapa a bone. (Ba ne ba tlhomamisa gore ba nna ba le boitshepo ka metlha ka gonne ba ne ba abetswe go dira ditiro tse di boitshepo.) 19 Gape go kwadisiwa mono ka tatelano ya masika go ne go akaretsa le ditlogolwana tsa ga Arone, e leng baperesiti ba ba neng ba nna mo mafelong a a dikologileng metse ya bone.+ Mo metseng eo yotlhe, go ne go tlhophilwe banna ba le mmalwa ba bo ba newa boikarabelo jwa go abela baperesiti dijo le mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng mo tatelanong ya masika a Balefi.

20 Hesekia o ne a dira seno mo Juda yotlhe, mme o ne a tswelela a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gagwe e bile a ikanyega mo ene. 21 Mme tiro nngwe le nngwe e a neng a e dira fa a batla Modimo wa gagwe, e ka tswa e amana le tirelo ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri+ kgotsa Molao le ditaelo, o ne a e dira ka pelo yotlhe ya gagwe, mme o ne a atlega.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela