LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Hesekia o bolelela Isaia gore a kope Modimo gore a ba thuse (1-7)

      • Senakeribe o tshosetsa baagi ba Jerusalema (8-13)

      • Thapelo ya ga Hesekia (14-19)

      • Isaia o ba bolelela tsela e Modimo a arabileng ka yone (20-34)

      • Moengele o bolaya Baasiria ba le 185 000 (35-37)

2 Dikgosi 19:1

Ditshupiso

  • +Isa 37:1-4

2 Dikgosi 19:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +Isa 1:1

2 Dikgosi 19:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhapadiwa.”

  • *

    Kgotsa “bana ba tloga ba belegwa.”

Ditshupiso

  • +Isa 26:17, 18

2 Dikgosi 19:4

Ditshupiso

  • +1Sa 17:45; 2Dk 18:35
  • +2Sa 22:7; 2Dt 20:9; 32:20; Pes. 50:15

2 Dikgosi 19:5

Ditshupiso

  • +Isa 37:5-7

2 Dikgosi 19:6

Ditshupiso

  • +Dut 20:3; Isa 41:10; 51:7
  • +2Dk 18:17

2 Dikgosi 19:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “moya mo go ene.”

Ditshupiso

  • +2Dt 32:21; Isa 37:37, 38

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 73

2 Dikgosi 19:8

Ditshupiso

  • +2Dk 18:14
  • +Isa 37:8-13

2 Dikgosi 19:9

Ditshupiso

  • +2Dk 18:17

2 Dikgosi 19:10

Ditshupiso

  • +2Dt 32:15

2 Dikgosi 19:11

Ditshupiso

  • +2Dk 17:5; 2Dt 32:10, 13; Isa 10:8-11

2 Dikgosi 19:12

Ditshupiso

  • +Ge 11:31

2 Dikgosi 19:13

Ditshupiso

  • +2Dk 17:24; 18:33, 34

2 Dikgosi 19:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “le.”

Ditshupiso

  • +1Dk 8:30; Isa 37:14-20

2 Dikgosi 19:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “fa gare ga.”

Ditshupiso

  • +2Dt 32:20
  • +Ek 25:22
  • +1Dt 29:10, 11

2 Dikgosi 19:16

Ditshupiso

  • +1Dk 8:29; Pes. 65:2
  • +2Dt 16:9; Dan 9:18

2 Dikgosi 19:17

Ditshupiso

  • +2Dk 16:8, 9; 17:6, 24

2 Dikgosi 19:18

Ditshupiso

  • +Isa 41:29
  • +Jer 10:3

2 Dikgosi 19:19

Ditshupiso

  • +Pes. 83:17, 18; Isa 45:5, 6

2 Dikgosi 19:20

Ditshupiso

  • +2Dk 19:15
  • +Isa 37:21, 22

2 Dikgosi 19:22

Ditshupiso

  • +2Dk 19:10
  • +2Dk 18:30; Isa 10:12, 13
  • +Isa 37:23-25

2 Dikgosi 19:23

Ditshupiso

  • +2Dt 32:17; Isa 10:10, 11
  • +2Dk 18:17

2 Dikgosi 19:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mesele ya Nile.”

2 Dikgosi 19:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dira.”

  • *

    Kgotsa “bopa.”

Ditshupiso

  • +Isa 14:24
  • +Pes. 33:11
  • +Isa 46:10
  • +Isa 10:5; 37:26, 27

2 Dikgosi 19:26

Ditshupiso

  • +Isa 40:7

2 Dikgosi 19:27

Ditshupiso

  • +Dia 5:21; Bah 4:13
  • +Isa 37:28, 29

2 Dikgosi 19:28

Ditshupiso

  • +Pes. 46:6; Isa 10:5, 15
  • +2Dk 18:35; Isa 10:12, 13
  • +Pes. 32:9
  • +2Dk 19:33

2 Dikgosi 19:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Hesekia.

  • *

    Kgotsa “se se medileng go tswa mo dipeong tse di tshologileng tsa dijo tsa ditlhaka.”

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Lef 25:4-6
  • +Isa 37:30-32

2 Dikgosi 19:30

Ditshupiso

  • +2Dt 32:22; Isa 10:20

2 Dikgosi 19:31

Ditshupiso

  • +Isa 59:17; Sek 1:14, 15

2 Dikgosi 19:32

Ditshupiso

  • +Isa 10:24
  • +2Dt 32:22
  • +Isa 37:33-35

2 Dikgosi 19:34

Ditshupiso

  • +Isa 31:5
  • +1Sa 12:22; Isa 43:25; Esk 36:22
  • +2Dk 20:6; Jer 23:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 145

2 Dikgosi 19:35

Ditshupiso

  • +2Dt 32:21; Isa 31:8
  • +Ek 12:30; Isa 37:36-38

2 Dikgosi 19:36

Ditshupiso

  • +Jon 1:2
  • +2Dk 19:7, 28

2 Dikgosi 19:37

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo tempeleng.”

Ditshupiso

  • +2Dt 32:21
  • +Ge 8:4
  • +Esr 4:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 73

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 19:1Isa 37:1-4
2 Dikg. 19:2Isa 1:1
2 Dikg. 19:3Isa 26:17, 18
2 Dikg. 19:41Sa 17:45; 2Dk 18:35
2 Dikg. 19:42Sa 22:7; 2Dt 20:9; 32:20; Pes. 50:15
2 Dikg. 19:5Isa 37:5-7
2 Dikg. 19:6Dut 20:3; Isa 41:10; 51:7
2 Dikg. 19:62Dk 18:17
2 Dikg. 19:72Dt 32:21; Isa 37:37, 38
2 Dikg. 19:82Dk 18:14
2 Dikg. 19:8Isa 37:8-13
2 Dikg. 19:92Dk 18:17
2 Dikg. 19:102Dt 32:15
2 Dikg. 19:112Dk 17:5; 2Dt 32:10, 13; Isa 10:8-11
2 Dikg. 19:12Ge 11:31
2 Dikg. 19:132Dk 17:24; 18:33, 34
2 Dikg. 19:141Dk 8:30; Isa 37:14-20
2 Dikg. 19:152Dt 32:20
2 Dikg. 19:15Ek 25:22
2 Dikg. 19:151Dt 29:10, 11
2 Dikg. 19:161Dk 8:29; Pes. 65:2
2 Dikg. 19:162Dt 16:9; Dan 9:18
2 Dikg. 19:172Dk 16:8, 9; 17:6, 24
2 Dikg. 19:18Isa 41:29
2 Dikg. 19:18Jer 10:3
2 Dikg. 19:19Pes. 83:17, 18; Isa 45:5, 6
2 Dikg. 19:202Dk 19:15
2 Dikg. 19:20Isa 37:21, 22
2 Dikg. 19:222Dk 19:10
2 Dikg. 19:222Dk 18:30; Isa 10:12, 13
2 Dikg. 19:22Isa 37:23-25
2 Dikg. 19:232Dt 32:17; Isa 10:10, 11
2 Dikg. 19:232Dk 18:17
2 Dikg. 19:25Isa 14:24
2 Dikg. 19:25Pes. 33:11
2 Dikg. 19:25Isa 46:10
2 Dikg. 19:25Isa 10:5; 37:26, 27
2 Dikg. 19:26Isa 40:7
2 Dikg. 19:27Dia 5:21; Bah 4:13
2 Dikg. 19:27Isa 37:28, 29
2 Dikg. 19:28Pes. 46:6; Isa 10:5, 15
2 Dikg. 19:282Dk 18:35; Isa 10:12, 13
2 Dikg. 19:28Pes. 32:9
2 Dikg. 19:282Dk 19:33
2 Dikg. 19:29Lef 25:4-6
2 Dikg. 19:29Isa 37:30-32
2 Dikg. 19:302Dt 32:22; Isa 10:20
2 Dikg. 19:31Isa 59:17; Sek 1:14, 15
2 Dikg. 19:32Isa 10:24
2 Dikg. 19:322Dt 32:22
2 Dikg. 19:32Isa 37:33-35
2 Dikg. 19:34Isa 31:5
2 Dikg. 19:341Sa 12:22; Isa 43:25; Esk 36:22
2 Dikg. 19:342Dk 20:6; Jer 23:5
2 Dikg. 19:352Dt 32:21; Isa 31:8
2 Dikg. 19:35Ek 12:30; Isa 37:36-38
2 Dikg. 19:36Jon 1:2
2 Dikg. 19:362Dk 19:7, 28
2 Dikg. 19:372Dt 32:21
2 Dikg. 19:37Ge 8:4
2 Dikg. 19:37Esr 4:2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 19:1-37

Dikgosi wa Bobedi

19 Fela fa Kgosi Hesekia a utlwa seno, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a apara letsela la kgetsi a bo a ya kwa ntlong ya ga Jehofa.+ 2 Go tswa foo, o ne a roma Eliakime, yo o neng a okametse ntlo ya kgosi,* Shebenahe mokwaledi le bagolwane ba baperesiti, ba apere letsela la kgetsi, gore ba ye kwa go moporofeti Isaia+ morwa Amosi. 3 Ba ne ba mo raya ba re: “Seno ke se Hesekia a se buang, ‘Letsatsi leno ke letsatsi la matshwenyego, la go kgalemelwa* le la go tlontlololwa; gonne bana ba fitlhile fa molomong wa popelo,* le fa go ntse jalo, ga go na maatla a go belega.+ 4 Gongwe Jehofa, Modimo wa gago o tla utlwa mafoko otlhe a ga Rabeshake, yo morena wa gagwe kgosi ya Asiria a mo romileng go tla go kgoba Modimo yo o tshelang ka one,+ mme Jehofa, Modimo wa gago o tla mo sekisa ka ntlha ya mafoko a a a utlwileng. Ka jalo, rapelela+ masalela a a falotseng.’”

5 Ka jalo, batlhanka ba ga Kgosi Hesekia ba ne ba ya kwa go Isaia,+ 6 mme Isaia o ne a ba raya a re: “Lo reye morena wa lona lo re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “O se ka wa boifa+ ka ntlha ya mafoko a o a utlwileng, mafoko a batlhokomedi ba kgosi ya Asiria ba ntlhapaditseng ka one.+ 7 Bona, ke tsenya kakanyo mo mogopolong wa gagwe,* mme o tla utlwa pego a bo a boela kwa lefatsheng la gagwe; mme ke tla dira gore a bolawe ka tšhaka kwa lefatsheng la gagwe.”’”+

8 Fa Rabeshake a sena go utlwa gore kgosi ya Asiria e ne e dule kwa Lakishe,+ o ne a boela kwa go ene mme a mo fitlhela a tlhabana le motse wa Libena.+ 9 Jaanong kgosi e ne ya utlwa go buiwa jaana ka Kgosi Tirehaka wa Ethiopia: “Bona, o bolotse, o tlile go tlhabana le wena.” Ka jalo, o ne a romela barongwa+ gape kwa go Hesekia, a re: 10 “Lo reye Kgosi Hesekia wa Juda lo re, ‘O se ka wa letla Modimo wa gago yo o mo ikanyang a go tsietsa ka go go raya a re: “Jerusalema ga e kitla e tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.”+ 11 O utlwile se dikgosi tsa Asiria di se dirileng mafatshe otlhe ka go a senya.+ A ke wena fela yo o tla gololwang? 12 A medimo ya ditšhaba tse borremogolo ba neng ba di senya e ba golotse? E kae Gosane, Harana,+ Resife le batho ba Edene ba ba neng ba le kwa Tele-asare? 13 E kae kgosi ya Hamathe, kgosi ya Arepade le kgosi ya metse ya Sefarefaime le ya Hena le ya Ifaha?’”+

14 Hesekia o ne a tsaya makwalo mo seatleng sa barongwa a bo a a bala. Go tswa foo, Hesekia o ne a ya kwa ntlong ya ga Jehofa a bo a a* phuthololela fa pele ga ga Jehofa.+ 15 Mme Hesekia o ne a simolola go rapela+ fa pele ga ga Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba,+ wena o le nosi o Modimo wa boammaaruri wa magosi otlhe a lefatshe.+ O dirile magodimo le lefatshe. 16 Sekega tsebe ya gago, tlhe Jehofa mme o utlwe.+ Bula matlho a gago,+ tlhe Jehofa mme o bone. Utlwa mafoko a Senakeribe a a rometseng gore a kgobe Modimo yo o tshelang. 17 Gone ke boammaaruri, Jehofa, gore dikgosi tsa Asiria di sentse ditšhaba le mafatshe a tsone.+ 18 Mme di latlhetse medimo ya tsone mo molelong ka gonne e ne e se medimo,+ mme e ne e le tiro ya diatla tsa motho,+ logong le leje. Ke gone ka moo ba kgonneng go e senya. 19 Mme jaanong tlhe Jehofa, Modimo wa rona, tsweetswee re golole mo seatleng sa gagwe, gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena Jehofa, o Modimo o le nosi.”+

20 Go tswa foo, Isaia morwa Amosi o ne a romela molaetsa ono kwa go Hesekia: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang, ‘Ke utlwile thapelo ya gago+ e e ka ga Kgosi Senakeribe wa Asiria.+ 21 Seno ke se Jehofa a se buileng ka ga gagwe:

“Kgarebane ya Siona e a go nyatsa, e a go sotla.

Morwadia Jerusalema o tshikinya tlhogo ka ntlha ya gago.

22 O kgobile mang e bile o tlhapaditse mang?+

O tsholeleditse mang lentswe la gago+

E bile o tsholeleditse mang matlho a gago a a ikgodisang?

Ke Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele!+

23 O kgobile nna Jehofa+ ka barongwa ba gago+ mme wa re,

‘Ke tla tlhatloga dithaba tse di kwa godimo thata,

E leng dikarolo tsa Lebanona tse di kgakala thata

Ka dikara tsa me tsa ntwa tse dintsintsi.

Ke tla kgaola masedara a yone a a godileng, ditlhare tsa yone tsa mofira tse di di gaisang.

Ke tla tsena mo mafelong a yone a go ikhutsa a a kgakala, dikgwa tsa yone tse di kitlaneng thata.

24 Ke tla epa didiba ke bo ke nwa metsi a mafatshe a sele,

Ke tla kgadisa melatswana* yotlhe ya Egepeto ka dipato tsa dinao tsa me.’

25 A ga o ise o utlwe? Se ke ikaeletseng go dira ke ne ka se rulaganya* go tswa bogologolong.+

Ke ne ka se baakanya* mo metlheng e e fetileng.+

Jaanong ke tla se tlisa.+

O tla senya metse e e sireletsegileng; e tla sala e le mekoa ya marope fela.+

26 Banni ba yone e tla nna batho ba ba ka se itireng sepe;

Ba tla tshoga e bile ba tla tlhabiwa ke ditlhong.

Ba tla nna jaaka dimela tsa naga le bojang jo botala,+

Jaaka bojang jo bo rulelang jo bo fisitsweng ke phefo ya botlhaba.

27 Mme gone, ke itse sentle fa o nna, fa o tswa, fa o tsena,+

Le fa o nkgalefetse,+

28 Ka gonne go nkgalefela ga gago+ le go kurutla ga gago di gorogile mo ditsebeng tsa me.+

Ka jalo, ke tla tsenya huku ya me mo nkong ya gago le tomo ya me+ mo molomong wa gago,

Mme ke tla go busetsa morago ka tsela e o tlileng ka yone.”+

29 “‘Mme seno e tla nna sesupo mo go wena:* Mo ngwageng ono lo tla ja se se ijadileng;* mme mo ngwageng wa bobedi lo tla ja dijo tsa ditlhaka tse di tlhogileng mo go sone seo;+ mme mo ngwageng wa boraro lo tla jala peo lo bo lo roba, e bile lo tla jala masimo a morara* lo bo lo ja maungo a one.+ 30 Batho ba Juda ba ba falolang, ba ba setseng,+ ba tla mela medi go ya kwa tlase e bile ba tla ungwa maungo kwa godimo. 31 Gonne masalela a tla tswa mo Jerusalema le bafalodi ba tla tswa mo Thabeng ya Siona. Jehofa wa masomosomo o tla dira seno ka tlhoafalo.+

32 “‘Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang ka ga kgosi ya Asiria:+

“Ga a kitla a tsena mo motseng ono+

Kgotsa a hulela motswi mo go one

Kgotsa a lebana le one ka thebe

Kgotsa a dira thotana e e ka dirisiwang fa go tlhaselwa motse.+

33 O tla boa ka tsela e a tlileng ka yone;

Ga a kitla a tsena mo motseng ono,” go bua Jehofa.

34 “Ke tla femela motse ono+ ke bo ke o boloka ka ntlha ya me+

Le ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa me.”’”+

35 Mo go jone bosigo joo moengele wa ga Jehofa o ne a tswa a bo a kgemetha banna ba le 185 000 mo kampeng ya Baasiria.+ E rile batho ba tsoga go sa le phakela, ba ne ba bona ditopo gotlhe fela.+ 36 Ka jalo, Kgosi Senakeribe wa Asiria o ne a tsamaya mme a boela kwa Ninife+ a bo a nna teng.+ 37 Mme fa a ntse a ikobile fa fatshe mo ntlong* ya modimo wa gagwe e bong Niseroke, bomorwawe e bong Aderameleke le Sharesere, ba ne ba mmolaya ka tšhaka+ go tswa foo ba bo ba tshabela kwa lefatsheng la Ararata.+ Mme morwawe e bong Esare-hadone,+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela