LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Ntlo ya segosi ya ga Solomone (1-12)

      • Hirame o thusa Solomone (13-47)

        • Dipilara di le pedi tse di dirilweng ka kopore (15-22)

        • Sekotlele se segolo se se bidiwang Lewatle (23-26)

        • Dikolotsana di le lesome le dikotlele tsa kopore (27-39)

      • Dilwana tsa gauta di a fediwa (48-51)

1 Dikgosi 7:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 9:10
  • +Mor 2:4, 5

1 Dikgosi 7:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le 100.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “dikubita di le 50.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le 30.”

Ditshupiso

  • +1Dk 10:16, 17; Isa 22:8
  • +1Dk 5:8

1 Dikgosi 7:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “khutlonnêtsepa.”

1 Dikgosi 7:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Mathudi.”

1 Dikgosi 7:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Mathudi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 10:18; Pes. 122:2, 5
  • +1Dk 3:9, 28; Dia 20:8

1 Dikgosi 7:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ntlo ya segosi.”

  • *

    Seheb., “ntlo ya Holo.”

Ditshupiso

  • +2Dk 20:4
  • +1Dk 3:1; 9:24; 2Dt 8:11

1 Dikgosi 7:9

Ditshupiso

  • +1Dk 5:17
  • +2Dt 4:9

1 Dikgosi 7:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le lesome.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le robedi.”

1 Dikgosi 7:12

Ditshupiso

  • +1Dk 6:36; 2Dt 4:9; 7:7
  • +1Dk 6:3

1 Dikgosi 7:13

Ditshupiso

  • +1Dk 7:40; 2Dt 2:13, 14

1 Dikgosi 7:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “boronse,” mo temaneng eno le mo go tse di latelang mo kgaolong eno.

Ditshupiso

  • +2Dt 4:16
  • +Ek 36:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 18-⁠19

1 Dikgosi 7:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le 18.”

  • *

    Kgotsa “mme nngwe le nngwe ya dipilara tseo tse pedi e ne e le dimetara di ka nna tlhano go dikologa.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:21
  • +2Dk 25:13, 17; 2Dt 3:15; Jer 52:21

1 Dikgosi 7:17

Ditshupiso

  • +2Dk 25:17; 2Dt 4:12, 13

1 Dikgosi 7:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithunya.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le nnê.”

1 Dikgosi 7:20

Ditshupiso

  • +2Dk 25:17; 2Dt 3:16; Jer 52:22, 23

1 Dikgosi 7:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Fano go buiwa ka phaposi ya Boitshepo.

  • *

    Kgotsa “ka fa borwa.”

  • *

    Mo go kayang “E Kete a [go tewa Jehofa] ka Tlhomamisa Thata.”

  • *

    Kgotsa “ka fa bokone.”

  • *

    Gongwe go kaya “Ka Maatla.”

Ditshupiso

  • +1Dk 6:3; Esk 40:48
  • +2Dt 3:17

1 Dikgosi 7:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “bodutelo.”

  • *

    Kgotsa “mme le ne le le dimetara di ka nna 13 go le dikologa.”

Ditshupiso

  • +Ek 30:18; 2Dk 25:13
  • +2Dt 4:2-5

1 Dikgosi 7:24

Ditshupiso

  • +1Dk 6:18

1 Dikgosi 7:25

Ditshupiso

  • +Jer 52:20

1 Dikgosi 7:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo e ka nnang 7,4 cm. Bona Dintlha B14.

  • *

    Kgotsa “sethunya.”

  • *

    Seheb., “dilekanyo tsa bata di le 2 000.” Bona Dintlha B14.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2008, ts. 15

    12/1/2005, ts. 19

1 Dikgosi 7:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikara tsa metsi.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le nnê.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le tharo.”

Ditshupiso

  • +2Dk 25:16; Jer 52:17

1 Dikgosi 7:29

Ditshupiso

  • +Esk 41:19
  • +Ge 3:24; Ek 25:18; 1Dk 6:27; 2Dt 3:7; Esk 41:17, 18

1 Dikgosi 7:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diekesele.”

1 Dikgosi 7:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “difeelane.”

  • *

    Kgotsa “mmetale.”

1 Dikgosi 7:34

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e ne e le karolo e le nngwe le.”

1 Dikgosi 7:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e ne e le karolo e le nngwe le.”

1 Dikgosi 7:36

Ditshupiso

  • +1Dk 6:29, 32

1 Dikgosi 7:37

Ditshupiso

  • +1Dk 7:27
  • +1Dk 7:15, 46; 2Dt 4:3

1 Dikgosi 7:38

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dilekanyo tsa bata di le 40.”

Ditshupiso

  • +Ek 30:18

1 Dikgosi 7:39

Ditshupiso

  • +2Dt 4:6, 10

1 Dikgosi 7:40

Ditshupiso

  • +1Dk 7:13; 2Dt 2:13
  • +Ek 27:3; 2Dk 25:14
  • +Ek 24:6
  • +2Dt 4:11-17

1 Dikgosi 7:41

Ditshupiso

  • +1Dk 7:15
  • +1Dk 7:17

1 Dikgosi 7:42

Ditshupiso

  • +1Dk 7:20

1 Dikgosi 7:43

Ditshupiso

  • +1Dk 7:27
  • +1Dk 7:38

1 Dikgosi 7:44

Ditshupiso

  • +1Dk 7:23

1 Dikgosi 7:46

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 65

1 Dikgosi 7:47

Ditshupiso

  • +1Dt 22:14, 16; 2Dt 4:18-22

1 Dikgosi 7:48

Ditshupiso

  • +Ek 37:25
  • +Ek 37:10

1 Dikgosi 7:49

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ditang.”

Ditshupiso

  • +Ek 37:17; Tsh 1:20
  • +1Dk 6:18
  • +Ek 37:23

1 Dikgosi 7:50

Ditshupiso

  • +Jer 52:18
  • +Ek 25:29
  • +Lef 16:12
  • +1Dk 6:31
  • +1Dk 6:33

1 Dikgosi 7:51

Ditshupiso

  • +2Sa 8:10-12
  • +2Dt 5:1

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 7:11Dk 9:10
1 Dikg. 7:1Mor 2:4, 5
1 Dikg. 7:21Dk 10:16, 17; Isa 22:8
1 Dikg. 7:21Dk 5:8
1 Dikg. 7:71Dk 10:18; Pes. 122:2, 5
1 Dikg. 7:71Dk 3:9, 28; Dia 20:8
1 Dikg. 7:82Dk 20:4
1 Dikg. 7:81Dk 3:1; 9:24; 2Dt 8:11
1 Dikg. 7:91Dk 5:17
1 Dikg. 7:92Dt 4:9
1 Dikg. 7:121Dk 6:36; 2Dt 4:9; 7:7
1 Dikg. 7:121Dk 6:3
1 Dikg. 7:131Dk 7:40; 2Dt 2:13, 14
1 Dikg. 7:142Dt 4:16
1 Dikg. 7:14Ek 36:1
1 Dikg. 7:151Dk 7:21
1 Dikg. 7:152Dk 25:13, 17; 2Dt 3:15; Jer 52:21
1 Dikg. 7:172Dk 25:17; 2Dt 4:12, 13
1 Dikg. 7:202Dk 25:17; 2Dt 3:16; Jer 52:22, 23
1 Dikg. 7:211Dk 6:3; Esk 40:48
1 Dikg. 7:212Dt 3:17
1 Dikg. 7:23Ek 30:18; 2Dk 25:13
1 Dikg. 7:232Dt 4:2-5
1 Dikg. 7:241Dk 6:18
1 Dikg. 7:25Jer 52:20
1 Dikg. 7:272Dk 25:16; Jer 52:17
1 Dikg. 7:29Esk 41:19
1 Dikg. 7:29Ge 3:24; Ek 25:18; 1Dk 6:27; 2Dt 3:7; Esk 41:17, 18
1 Dikg. 7:361Dk 6:29, 32
1 Dikg. 7:371Dk 7:27
1 Dikg. 7:371Dk 7:15, 46; 2Dt 4:3
1 Dikg. 7:38Ek 30:18
1 Dikg. 7:392Dt 4:6, 10
1 Dikg. 7:401Dk 7:13; 2Dt 2:13
1 Dikg. 7:40Ek 27:3; 2Dk 25:14
1 Dikg. 7:40Ek 24:6
1 Dikg. 7:402Dt 4:11-17
1 Dikg. 7:411Dk 7:15
1 Dikg. 7:411Dk 7:17
1 Dikg. 7:421Dk 7:20
1 Dikg. 7:431Dk 7:27
1 Dikg. 7:431Dk 7:38
1 Dikg. 7:441Dk 7:23
1 Dikg. 7:471Dt 22:14, 16; 2Dt 4:18-22
1 Dikg. 7:48Ek 37:25
1 Dikg. 7:48Ek 37:10
1 Dikg. 7:49Ek 37:17; Tsh 1:20
1 Dikg. 7:491Dk 6:18
1 Dikg. 7:49Ek 37:23
1 Dikg. 7:50Jer 52:18
1 Dikg. 7:50Ek 25:29
1 Dikg. 7:50Lef 16:12
1 Dikg. 7:501Dk 6:31
1 Dikg. 7:501Dk 6:33
1 Dikg. 7:512Sa 8:10-12
1 Dikg. 7:512Dt 5:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
  • 51
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 7:1-51

Dikgosi wa Ntlha

7 Solomone o ne a aga ntlo* ya gagwe+ a bo a e fetsa mo dingwageng di le 13 go fitlha ntlo yotlhe e wediwa.+

2 Mme o ne a aga Ntlo ya Sekgwa sa Lebanona+ e le boleele jwa dimetara di le 45,* bophara jwa dimetara di ka nna 22* le bogodimo jwa dimetara di ka nna 13* mo godimo ga mela e menê ya dipilara tsa mosedara; mme go ne go na le dikota tsa mosedara+ mo godimo ga dipilara. 3 Kwa godimo e ne e khurumeditswe ka mosedara mo dibalakeng tse di neng di le fa godimo ga dipilara; di ne di le 45, mola o na le di le 15. 4 Go ne go na le mela e meraro ya difensetere tse di nang le diforeimi, mme fensetere nngwe le nngwe e ne e lebagane le fensetere e nngwe di dirile mela e meraro. 5 Dikgoro tsotlhe le diforeimi di ne di na le matlhakore a manê a a lekanang,* fela jaaka go ne go ntse ka karolo e e kwa pele ya difensetere tse di neng di lebagane le tse dingwe di dirile mela e meraro.

6 Mme o ne a aga Holo* ya Dipilara e le boleele jwa dimetara di ka nna 22 le bophara jwa dimetara di ka nna 13, mme go ne go na le mathudi fa pele ga yone a na le dipilara le marulelo.

7 Gape o ne a aga Holo* ya Setulo sa Bogosi+ kwa a neng a tla atlholela teng, e leng Holo ya Katlholo+ mme ba ne ba e manega ka mosedara go tswa mo bodilong go fitlha kwa ditlhomesong.

8 Ntlo* e a neng a tlile go nna mo go yone, kwa lolwapeng+ lo longwe, e ne e le kgakajana le Holo,* mme e ne e dirilwe ka tsela e e tshwanang. Gape Solomone o ne a agela morwadia Faro, yo a neng a mo tsere gore a nne mosadi wa gagwe, ntlo e e tshwanang le Holo eno.+

9 Tseno tsotlhe di ne di dirilwe ka maje a a turang+ go ya ka fa selekanyong, a betlilwe ka dishaga tsa maje mo teng le kwa ntle, go simologa mo motheong go fitlha fa lobota lo felelang gone, le kwa ntle go fitlha kwa lolwapeng lo logolo.+ 10 Mme motheo o ne o thailwe ka maje a magolo thata a a turang; maje a mangwe a ne a le dimetara di ka nna nnê le halofo* mme a mangwe a le dimetara di le tharo le halofo.* 11 Mo godimo ga one go ne go na le maje a a turang, a betlilwe go ya ka fa selekanyong, mmogo le mosedara. 12 Go dikologa lolwapa lo logolo go ne go na le mela e meraro ya maje a a betlilweng le mola wa dikota tsa mosedara, tse di tshwanang le tsa lolwapa+ lo lo ka fa teng lwa ntlo ya ga Jehofa le mathudi a ntlo.+

13 Kgosi Solomone o ne a romela molaetsa kwa Ture a kopa gore Hirame+ a tle kwa go ene. 14 Hirame e ne e le morwa motlholagadi mongwe wa lotso lwa ga Nafetali, mme rraagwe e ne e le Moture yo o dirang ka kopore;+ mme o ne a na le bokgoni le kitso+ le maitemogelo a mantsi a go dira ditiro tsa mefuta yotlhe ka kopore.* Ka jalo, o ne a tla kwa go Kgosi Solomone mme a dira tiro yotlhe ya gagwe.

15 Go tswa foo, o ne a dira dipilara di le pedi ka kopore;+ pilara nngwe le nngwe e ne e le boleele jwa dimetara di le robedi,* mme nngwe le nngwe ya dipilara tseo tse pedi e ne e ka kgona go dikologiwa ke mogala o o lekanyang wa boleele jwa dimetara di le tlhano.*+ 16 Mme o ne a dira ditlhogo tsa dipilara di le pedi ka kopore gore a di beye mo godimo ga dipilara. Tlhogo ya pilara e le nngwe e ne e le bogodimo jwa disentimetara di ka nna 223, mme tlhogo e nngwe ya pilara e ne e le bogodimo jwa disentimetara di ka nna 223. 17 Tlhogo ya pilara e e mo godimo ga pilara nngwe le nngwe e ne e na le disêfê tse di kgabisang tse di nang le dikeetane tse di tshophilweng;+ tlhogo nngwe le nngwe ya pilara e ne e na le dikeetane di le supa. 18 Mme o ne a dira digaranata mo meleng e le mebedi go dikologa sêfê e le nngwe gore go apesiwe ditlhogo tsa dipilara tse di neng di le mo godimo ga dipilara; o ne a dira se se tshwanang mo ditlhogong tsoopedi tsa dipilara. 19 Ditlhogo tsa dipilara tse di mo godimo ga dipilara tse di kwa mathuding di ne di bopegile jaaka malômô* a masoma a le bogodimo jwa disentimetara di le 178.* 20 Ditlhogo tsa dipilara di ne di le mo godimo ga dipilara tse pedi, fela fa godimo ga karolo e e sediko e e golaganang le sêfê; mme go ne go na le digaranata di le 200 mo meleng go dikologa tlhogo nngwe le nngwe ya pilara.+

21 O ne a tlhoma dipilara tsa mathudi a tempele.*+ O ne a tlhoma pilara e e ka fa letsogong la moja* a bo a e bitsa Jakine,* mme go tswa foo o ne a tlhoma pilara e e ka fa letsogong la molema* a bo a e bitsa Boase.*+ 22 Mme dipilara kwa godimo di ne di bopegile jaaka malômô a masoma. Ka jalo, tiro ya go dira dipilara e ne ya wediwa.

23 Go tswa foo, o ne a dira sekotlele se segolo se se bidiwang Lewatle.*+ Lewatle leo le ne le le kgolokwe, le le dimetara di le tlhano go tswa mo karolong e nngwe ya molomo wa lone go ya kwa go e nngwe, le bogodimo jwa dimetara di ka nna pedi, mme bokima jwa lone bo ne bo lekana le mogala o o lekanyang wa boleele jwa dimetara di ka nna 13.*+ 24 Mme go ne go na le mekgabisa e e kgolokwe+ kwa tlase ga molomo wa lone, go le dikologa lotlhe fela, e le lesome mo disentimetareng dingwe le dingwe tse 45 go dikologa Lewatle, go na le mela e mebedi ya mekgabisa e e kgolokwe e dirilwe e le karolo ya lone. 25 Le ne le tlhomilwe mo godimo ga dipoo di le 12,+ tse 3 di lebile kwa bokone, tse 3 di lebile kwa bophirima, tse 3 di lebile kwa borwa le tse 3 di lebile kwa botlhaba; mme Lewatle le ne le le mo godimo ga tsone, mme dikarolo tsotlhe tsa tsone tse di kwa morago di ne di lebile fa gare. 26 Mme bokima jwa lone e ne e le bophara jwa seatla;* mme molomo wa lone o ne o dirilwe jaaka molomo wa nkgo, o tshwana le lelômô* la lesoma. Lewatle leo le ne le ka tshola dilitara di le 44 000.*

27 Go tswa foo, o ne a dira dikolotsana* di le lesome+ tsa kopore. Kolotsana nngwe le nngwe e ne e le boleele jwa disentimetara di le 178,* bophara jwa disentimetara di le 178 le bogodimo jwa disentimetara di le 134.* 28 Mme eno ke tsela e dikolotsana tseno di neng di dirilwe ka yone: Di ne di na le diboto mo matlhakoreng, mme diboto tseo di ne di le fa gare ga diforeimi. 29 Mme mo dibotong tseo tse di mo matlhakoreng mo gare ga diforeimi go ne go na le ditau,+ dipoo le ditšheruba,+ mme go ne go na le mekgabisa e e tshwanang le mo diforeiming. Kwa godimo le ka fa tlase ga ditau le dipoo go ne go na le mekgabisa ya malômô a a tshophilweng. 30 Mme kolotsana nngwe le nngwe e ne e na le maotwana a le manê a kopore le diase* tsa kopore mme dikhona tsa yone tse nnê e ne e le ditshegetso tsa one. Ka fa tlase ga sekotlele go ne go na le ditshegetso di dirilwe mekgabisa ya malômô a a tshophilweng mo letlhakoreng lengwe le lengwe. 31 Molomo wa sekotlele o ne o le mo teng ga serwalo, o le boleele jwa disentimetara di le 45 go ya kwa godimo; mme molomo wa sone o ne o le kgolokwe, o le boleele jwa disentimetara di le 67, gape mo molomong wa sone go ne go gabilwe ditshwantsho. Mme diboto tse di mo matlhakoreng a dikolotsana di ne di le khutlonnê, di se kgolokwe. 32 Maotwana a manê a ne a le kwa tlase ga diboto tse di mo matlhakoreng, mme ditshegetso tsa maotwana di ne di tshwaragane le kolotsana mme bogodimo jwa leotwana lengwe le lengwe e ne e le disentimetara di le 67. 33 Maotwana ao a ne a dirilwe jaaka maotwana a kara. Ditshegetso tsa one, direme,* dipeke le dikhurumelo tsotlhe di ne di dirilwe ka tshipi.* 34 Go ne go na le ditshegetso di le nnê mo dikhutlong tse nnê tsa kolotsana nngwe le nngwe; ditshegetso tsa yone di ne di dirilwe e le karolo ya* kolotsana. 35 Mo godimo ga kolotsana go ne go na le lebanta le le sediko la bogodimo jwa disentimetara di le 22, mme mo godimo ga kolotsana, diforeimi tsa yone le diboto tse di mo matlhakoreng a yone di ne di dirilwe e le karolo ya* yone. 36 Mo diforeiming tsa yone le mo dibotong tse di mo matlhakoreng a yone o ne a gaba ditšheruba, ditau le ditlhare tsa mokolane go ikaegile ka phatlha e nngwe le nngwe ya tsone e neng e na le yone, di na le mekgabisa ya malômô a a tshophilweng go dikologa.+ 37 Eno ke tsela e a neng a dira dikolotsana di le lesome+ ka yone; tsotlhe di ne di dirilwe ka go tshwana,+ di lekana e bile di bopegile ka tsela e e tshwanang.

38 O ne a dira dikotlele di le lesome tsa kopore;+ sengwe le sengwe o ne o ka tsenya dilitara di le 880.* Sekotlele sengwe le sengwe se ne se le disentimetara di le 178. Nngwe le nngwe ya dikolotsana tse di lesome e ne e na le sekotlele se le sengwe. 39 Go tswa foo, o ne a baya dikolotsana di le tlhano mo letlhakoreng la moja la ntlo le tse tlhano ka fa letlhakoreng la molema la ntlo, mme o ne a baya Lewatle ka fa letlhakoreng la moja la ntlo, go ela kwa borwabotlhaba.+

40 Gape Hirame+ o ne a dira dikotlele, digarawe+ le dikotlele tse dinnye.+ Ka jalo, Hirame o ne a wetsa tiro yotlhe e a neng a e direla Kgosi Solomone mo ntlong ya ga Jehofa:+ 41 dipilara tse pedi+ le ditlhogo tsa dipilara tse di bopegileng jaaka sekotlele se sennye tse di neng di le mo godimo ga dipilara tse pedi; disêfê tse di kgabisang+ di le pedi tse di neng di khurumetsa ditlhogo tse pedi tsa dipilara tse di bopegileng jaaka sekotlele se sennye tse di neng di le mo godimo ga dipilara; 42 digaranata+ di le 400 tsa disêfê tseo tse di kgabisang tse pedi, mela e mebedi ya digaranata mo sêfêng nngwe le nngwe, gore go apesiwe ditlhogo tse pedi tsa dipilara tse di bopegileng jaaka sekotlele se sennye tse di neng di le mo godimo ga dipilara tse pedi; 43 dikolotsana di le lesome+ le dikotlele di le lesome+ mo godimo ga dikolotsana; 44 Lewatle+ le dipoo di le 12 tse di ka fa tlase ga Lewatle; 45 le dikgamelo, digarawe, dikotlele tse dinnye le dilwana tsotlhe tse Hirame a neng a di dira ka kopore e e phatsimisitsweng a di direla Kgosi Solomone gore e nne tsa ntlo ya ga Jehofa. 46 Kgosi e ne ya di direla kwa lebaleng la mmu wa letsopa le go bopelwang dilo kwa go lone mo kgaolong ya Joredane, fa gare ga Sukothe le Sarethane.

47 Solomone o ne a tlogela dilwana tsotlhe di sa lekanngwa bokete ka gonne di ne di le dintsi thata. Go ne go sa lekanngwa gore kopore e bokete jo bo kae.+ 48 Solomone o ne a direla ntlo ya ga Jehofa dilwana tseno tsotlhe: sebeso+ sa gauta; tafole+ ya gauta e go neng go tla bewa senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo mo go yone; 49 ditlhomo tsa dipone+ tsa gauta e e sa tswakanngwang, tse tlhano ka fa mojeng le tse tlhano ka fa molemeng fa pele ga phaposi e e kwa tengteng; le malômô,+ dipone le ditimalobone* tsa gauta;+ 50 dikotlele, ditimamolelo,+ dikotlele tse dinnye, dikopi+ le ditsholamolelo+ tsa gauta e e sa tswakanngwang; le ditshegetsi tsa mabati a ntlo e e kwa teng,+ e leng lefelo la Boitshepo Jwa Maitshepo, le tsa mabati a ntlo ya tempele+ tsa gauta.

51 Ka jalo, Kgosi Solomone o ne a wetsa tiro yotlhe e a neng a tshwanetse go e direla ntlo ya ga Jehofa. Go tswa foo, Solomone o ne a tsenya dilo tse Dafide rraagwe a neng a di dirile boitshepo,+ mme o ne a baya selefera, gauta le dilwana dingwe mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya ga Jehofa.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela