LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Sebeso, Lewatle le dikotlele (1-6)

      • Ditlhomo tsa dipone, ditafole le malwapa (7-11a)

      • Dilwana tsa tempele di a wediwa (11b-22)

2 Ditiragalo 4:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le 20.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “dikubita di le 10.”

Ditshupiso

  • +Ek 38:1, 2; 1Dk 8:22

2 Ditiragalo 4:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “bobolokelo jwa metsi.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le tlhano.”

Ditshupiso

  • +Ek 30:20; 38:8
  • +1Dk 7:23-26

2 Ditiragalo 4:3

Ditshupiso

  • +1Dk 6:18

2 Ditiragalo 4:4

Ditshupiso

  • +Jer 52:20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 19

2 Ditiragalo 4:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo e ka nnang 7,4 cm. Bona Dintlha B14.

  • *

    Kgotsa “sethunya.”

  • *

    Kgotsa “le ne le ka tladiwa ke.”

  • *

    Seheb., “dilekanyo tsa bata di le 3 000.” Bona Dintlha B14.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2008, ts. 15

    12/1/2005, ts. 19

2 Ditiragalo 4:6

Ditshupiso

  • +1Dk 7:38, 39
  • +Lef 1:9; 9:14
  • +Ek 29:4

2 Ditiragalo 4:7

Ditshupiso

  • +Ek 37:17
  • +1Dt 28:12, 15
  • +Ek 40:24

2 Ditiragalo 4:8

Ditshupiso

  • +2Dt 4:19

2 Ditiragalo 4:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “le karolo e kgolo e e ageletsweng.”

Ditshupiso

  • +Ek 27:9; Lef 6:16
  • +1Dk 6:36
  • +1Dk 7:12

2 Ditiragalo 4:10

Ditshupiso

  • +1Dk 7:39

2 Ditiragalo 4:11

Ditshupiso

  • +Ek 27:3
  • +1Dk 7:40-46

2 Ditiragalo 4:12

Ditshupiso

  • +2Dt 3:17
  • +1Dk 7:17

2 Ditiragalo 4:13

Ditshupiso

  • +1Dk 7:20
  • +Jer 52:22

2 Ditiragalo 4:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikara tsa metsi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:27, 38

2 Ditiragalo 4:15

Ditshupiso

  • +1Dk 7:23, 25

2 Ditiragalo 4:16

Ditshupiso

  • +Ek 38:3
  • +2Dt 2:13, 14

2 Ditiragalo 4:17

Ditshupiso

  • +Jos 13:27, 28

2 Ditiragalo 4:18

Ditshupiso

  • +1Dk 7:47; 1Dt 22:3, 14; Jer 52:20

2 Ditiragalo 4:19

Ditshupiso

  • +2Dk 24:13
  • +Ek 37:25, 26; Tsh 8:3
  • +Ek 25:23, 24; 2Dt 4:8
  • +1Dk 7:48-50

2 Ditiragalo 4:20

Ditshupiso

  • +Ek 25:31, 37

2 Ditiragalo 4:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithunya.”

  • *

    Kgotsa “ditang.”

2 Ditiragalo 4:22

Ditshupiso

  • +1Dk 6:31, 32
  • +1Dk 6:33-35

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 4:1Ek 38:1, 2; 1Dk 8:22
2 Ditir. 4:2Ek 30:20; 38:8
2 Ditir. 4:21Dk 7:23-26
2 Ditir. 4:31Dk 6:18
2 Ditir. 4:4Jer 52:20
2 Ditir. 4:61Dk 7:38, 39
2 Ditir. 4:6Lef 1:9; 9:14
2 Ditir. 4:6Ek 29:4
2 Ditir. 4:7Ek 37:17
2 Ditir. 4:71Dt 28:12, 15
2 Ditir. 4:7Ek 40:24
2 Ditir. 4:82Dt 4:19
2 Ditir. 4:9Ek 27:9; Lef 6:16
2 Ditir. 4:91Dk 6:36
2 Ditir. 4:91Dk 7:12
2 Ditir. 4:101Dk 7:39
2 Ditir. 4:11Ek 27:3
2 Ditir. 4:111Dk 7:40-46
2 Ditir. 4:122Dt 3:17
2 Ditir. 4:121Dk 7:17
2 Ditir. 4:131Dk 7:20
2 Ditir. 4:13Jer 52:22
2 Ditir. 4:141Dk 7:27, 38
2 Ditir. 4:151Dk 7:23, 25
2 Ditir. 4:16Ek 38:3
2 Ditir. 4:162Dt 2:13, 14
2 Ditir. 4:17Jos 13:27, 28
2 Ditir. 4:181Dk 7:47; 1Dt 22:3, 14; Jer 52:20
2 Ditir. 4:192Dk 24:13
2 Ditir. 4:19Ek 37:25, 26; Tsh 8:3
2 Ditir. 4:19Ek 25:23, 24; 2Dt 4:8
2 Ditir. 4:191Dk 7:48-50
2 Ditir. 4:20Ek 25:31, 37
2 Ditir. 4:221Dk 6:31, 32
2 Ditir. 4:221Dk 6:33-35
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 4:1-22

Ditiragalo wa Bobedi

4 Go tswa foo, o ne a dira sebeso sa kopore,+ boleele jwa sone e le dimetara di le 9,* bophara jwa sone e le dimetara di le 9, mme bogodimo jwa sone e le dimetara di ka nna nnê le halofo.*

2 O ne a dira sekotlele se segolo se se bidiwang Lewatle.*+ Lewatle leo le ne le le kgolokwe, le le dimetara di ka nna nnê le halofo go tswa mo karolong e nngwe ya molomo wa lone go ya kwa go e nngwe, le bogodimo jwa disentimetara di ka nna 223,* mme bokima jwa lone bo ne bo lekana le mogala o o lekanyang wa boleele jwa dimetara di le 13.+ 3 Mme go ne go na le mekgabisa e e kgolokwe+ kwa tlase ga molomo wa lone, go le dikologa lotlhe fela, e le lesome mo disentimetareng dingwe le dingwe tse 45 go dikologa Lewatle. Mekgabisa eo e ne e le mela e mebedi mme e ne e dirilwe e le karolo ya lone. 4 Le ne le tlhomilwe mo godimo ga dipoo di le 12,+ tse 3 di lebile kwa bokone, tse 3 di lebile kwa bophirima, tse 3 di lebile kwa borwa le tse 3 di lebile kwa botlhaba; mme Lewatle le ne le le mo godimo ga tsone, mme dikarolo tsotlhe tsa tsone tse di kwa morago di ne di lebile fa gare. 5 Mme bokima jwa lone e ne e le bophara jwa seatla;* mme molomo lwa lone o ne o dirilwe jaaka molomo wa nkgo, o tshwana le lelômô* la lesoma. Lewatle leo le ne le ka tshola* dilitara di le 66 000.*

6 Mo godimo ga moo, o ne a dira dikotlele di le lesome gore go tlhapelwe mo go tsone a bo a baya tse tlhano ka fa mojeng le tse tlhano ka fa molemeng.+ Ba ne ba tsokoletsa mo go tsone dilo tse di neng di dirisediwa setlhabelo se se fisiwang.+ Mme metsi a a mo Lewatleng e ne e le a baperesiti gore ba tlhape ka one.+

7 Morago ga moo, o ne a dira ditlhomo tsa dipone tsa gauta di le lesome,+ jaaka di ne di tshwanetse go dirwa,+ mme o ne a di baya mo tempeleng, di le tlhano ka fa mojeng, di le tlhano ka fa molemeng.+

8 Gape o ne a dira ditafole di le lesome a bo a di baya mo tempeleng, di le tlhano ka fa mojeng, di le tlhano ka fa molemeng;+ mme o ne a dira dikotlele tse dinnye tsa gauta di le 100.

9 Go tswa foo, o ne a dira lolwapa+ lwa baperesiti+ le lolwapa lo logolo*+ le mabati a lolwapa leno, mme o ne a manega mabati a lone ka kopore. 10 O ne a baya Lewatle ka fa letlhakoreng la moja, go ela kwa borwabotlhaba.+

11 Gape Hirame o ne a dira dikgamelo, digarawe le dikotlele tse dinnye.+

Ka jalo, Hirame o ne a wetsa tiro eno e a neng a e direla Kgosi Solomone mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri:+ 12 dipilara tse pedi+ le ditlhogo tsa dipilara tse di bopegileng jaaka sekotlele se sennye tse di neng di le mo godimo ga dipilara tse pedi; disêfê tse di kgabisang di le pedi+ tse di neng di khurumetsa ditlhogo tse pedi tsa dipilara tse di bopegileng jaaka sekotlele se sennye tse di neng di le mo godimo ga dipilara; 13 digaranata di le 400+ tsa disêfê tse di kgabisang tse pedi, mela e mebedi ya digaranata mo sêfêng nngwe le nngwe gore go apesiwe ditlhogo tse pedi tsa dipilara tse di bopegileng jaaka sekotlele se sennye tse di neng di le mo godimo ga dipilara;+ 14 dikolotsana* di le lesome le dikotlele di le lesome mo godimo ga dikolotsana;+ 15 Lewatle le dipoo di le 12 ka fa tlase ga lone;+ 16 le dikgamelo, digarawe, diforoko+ le dilwana tsotlhe tsa tsone, Hirame-abife+ o ne a di dira ka kopore e e phatsimisitsweng a di direla Kgosi Solomone gore e nne tsa ntlo ya ga Jehofa. 17 Kgosi e ne ya di direla kwa lebaleng la mmu wa letsopa le go bopelwang dilo kwa go lone mo kgaolong ya Joredane, fa gare ga Sukothe+ le Sereda. 18 Solomone o ne a dira dilwana tseno tsotlhe di le dintsi thata; go ne go sa lekanngwa gore kopore e bokete jo bo kae.+

19 Solomone o ne a direla ntlo ya Modimo wa boammaaruri dilwana tseno tsotlhe:+ sebeso sa gauta;+ ditafole+ tse go neng go tla bewa senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo mo go tsone;+ 20 ditlhomo tsa dipone le dipone tsa tsone tsa gauta e e sa tswakanngwang,+ gore a di tshube fa pele ga phaposi e e kwa tengteng go ya ka molao; 21 le malômô,* dipone le ditimalobone* tsa gauta, gauta e e sa tswakanngwang e e di gaisang tsotlhe; 22 ditimamolelo, dikotlele tse dinnye, dikopi le ditsholamolelo tsa gauta e e sa tswakanngwang; le kgoro ya ntlo, mabati a yone a a ka fa teng a Boitshepo Jwa Maitshepo+ le mabati a ntlo ya tempele a gauta.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela