LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Dafide o dira boleo ka go bala batho (1-14)

      • Bolwetse jwa leroborobo bo bolaya batho ba le 70 000 (15-17)

      • Dafide o aga sebeso (18-25)

        • Ga go na ditlhabelo tse di sa duelelweng (24)

2 Samuele 24:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “fa Dafide a ne a tlhotlhelediwa.”

Ditshupiso

  • +2Sa 21:1
  • +1Dt 27:23, 24
  • +1Dt 21:1-3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2005, ts. 19

2 Samuele 24:2

Ditshupiso

  • +2Sa 8:16; 20:23
  • +Baa 20:1

2 Samuele 24:4

Ditshupiso

  • +Dip 1:2; 1Dt 21:4

2 Samuele 24:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka fa borwa.”

  • *

    Kgotsa “molapo.”

Ditshupiso

  • +Dut 2:36; Jos 13:8, 9
  • +Dip 32:34, 35

2 Samuele 24:6

Ditshupiso

  • +Dip 32:40
  • +Ge 10:15; 49:13; Jos 11:8

2 Samuele 24:7

Ditshupiso

  • +Jos 19:24, 29
  • +Jos 11:19
  • +Jos 15:1
  • +Ge 21:31; Jos 15:21, 28

2 Samuele 24:9

Ditshupiso

  • +Dip 2:32; 26:51; 1Dt 21:5, 6; 27:23

2 Samuele 24:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “segakolodi.”

Ditshupiso

  • +1Sa 24:5; Bar 2:15
  • +2Sa 12:13
  • +Pes. 130:3; Hos 14:2; 1Jo 1:9
  • +1Dt 21:8-13

2 Samuele 24:11

Ditshupiso

  • +1Sa 22:5; 1Dt 29:29

2 Samuele 24:12

Ditshupiso

  • +Dia 3:12

2 Samuele 24:13

Ditshupiso

  • +Lef 26:18, 20; 2Sa 21:1
  • +Lef 26:14, 17
  • +Lef 26:16

2 Samuele 24:14

Ditshupiso

  • +Bah 12:6
  • +Pes. 103:8; 119:156
  • +2Dt 28:1, 5

2 Samuele 24:15

Ditshupiso

  • +Dip 16:46; 1Dt 27:24
  • +2Sa 24:2; 1Dt 21:14, 15

2 Samuele 24:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a hutsafadiwa ke.”

Ditshupiso

  • +Pes. 78:38; Jer 26:19; Joe 2:13
  • +2Dt 3:1
  • +Ge 10:15, 16; Jos 15:8

2 Samuele 24:17

Ditshupiso

  • +Pes. 95:7
  • +1Dt 21:16, 17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2005, ts. 19

2 Samuele 24:18

Ditshupiso

  • +1Dt 21:18-23; 2Dt 3:1

2 Samuele 24:21

Ditshupiso

  • +Dip 16:46, 47; 25:8; 2Sa 24:15

2 Samuele 24:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “se se molemo mo matlhong a gagwe.”

2 Samuele 24:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +1Dt 21:24-28

2 Samuele 24:25

Ditshupiso

  • +Ek 20:25; 1Dt 22:1
  • +2Sa 21:14; 2Dt 33:13

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 24:12Sa 21:1
2 Sam. 24:11Dt 27:23, 24
2 Sam. 24:11Dt 21:1-3
2 Sam. 24:22Sa 8:16; 20:23
2 Sam. 24:2Baa 20:1
2 Sam. 24:4Dip 1:2; 1Dt 21:4
2 Sam. 24:5Dut 2:36; Jos 13:8, 9
2 Sam. 24:5Dip 32:34, 35
2 Sam. 24:6Dip 32:40
2 Sam. 24:6Ge 10:15; 49:13; Jos 11:8
2 Sam. 24:7Jos 19:24, 29
2 Sam. 24:7Jos 11:19
2 Sam. 24:7Jos 15:1
2 Sam. 24:7Ge 21:31; Jos 15:21, 28
2 Sam. 24:9Dip 2:32; 26:51; 1Dt 21:5, 6; 27:23
2 Sam. 24:101Sa 24:5; Bar 2:15
2 Sam. 24:102Sa 12:13
2 Sam. 24:10Pes. 130:3; Hos 14:2; 1Jo 1:9
2 Sam. 24:101Dt 21:8-13
2 Sam. 24:111Sa 22:5; 1Dt 29:29
2 Sam. 24:12Dia 3:12
2 Sam. 24:13Lef 26:18, 20; 2Sa 21:1
2 Sam. 24:13Lef 26:14, 17
2 Sam. 24:13Lef 26:16
2 Sam. 24:14Bah 12:6
2 Sam. 24:14Pes. 103:8; 119:156
2 Sam. 24:142Dt 28:1, 5
2 Sam. 24:15Dip 16:46; 1Dt 27:24
2 Sam. 24:152Sa 24:2; 1Dt 21:14, 15
2 Sam. 24:16Pes. 78:38; Jer 26:19; Joe 2:13
2 Sam. 24:162Dt 3:1
2 Sam. 24:16Ge 10:15, 16; Jos 15:8
2 Sam. 24:17Pes. 95:7
2 Sam. 24:171Dt 21:16, 17
2 Sam. 24:181Dt 21:18-23; 2Dt 3:1
2 Sam. 24:21Dip 16:46, 47; 25:8; 2Sa 24:15
2 Sam. 24:241Dt 21:24-28
2 Sam. 24:25Ek 20:25; 1Dt 22:1
2 Sam. 24:252Sa 21:14; 2Dt 33:13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 24:1-25

Samuele wa Bobedi

24 Bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Baiseraele gape+ fa mongwe a ne a tlhotlheletsa Dafide* a re: “Tsamaya o ye go bala+ Iseraele le Juda.”+ 2 Ka jalo, kgosi e ne ya raya Joabe+ molaodi wa masole ya re: “Tsweetswee, tsamayang go ralala ditso tsotlhe tsa Iseraele, go simologa kwa Dana go ya kwa Beere-sheba,+ mme lo kwadise batho, gore ke tle ke itse palo ya batho.” 3 Le fa go ntse jalo, Joabe o ne a raya kgosi a re: “E kete Jehofa, Modimo wa gago a ka oketsa batho ka makgetlo a le 100, mme e kete matlho a morena wa me kgosi a ka bona seo, mme gone, ke ka ntlha yang fa morena wa me kgosi a batla go dira selo se se ntseng jalo?”

4 Mme lefoko la kgosi le ne le le maatla go feta la ga Joabe le la balaodi ba masole. Ka jalo, Joabe le balaodi ba masole ba ne ba tswa fa pele ga kgosi ba ya go kwadisa batho ba Iseraele.+ 5 Ba ne ba kgabaganya Joredane mme ba kampa kwa Aroere,+ ka fa mojeng* wa motse fa gare ga mokgatšha,* mme ba ne ba ya kwa ntlheng ya Bagada ba bo ba fetela kwa Jasere.+ 6 Morago ga moo, ba ne ba ya kwa Gileade+ le kwa lefatsheng la Tahatime-hodishe mme ba tswelela ba ya kwa Dana-jaane ba bo ba dikologa ba ya kwa Sidona.+ 7 Go tswa foo, ba ne ba ya kwa kagong ya phemelo ya Ture+ le kwa metseng yotlhe ya Bahife+ le ya Bakanana, mme ba ne ba feleletsa ba le kwa Negebe+ wa Juda kwa Beere-sheba.+ 8 Ka jalo, ba ne ba ralala lefatshe lotlhe mme ba goroga mo Jerusalema kwa bokhutlong jwa dikgwedi di le robongwe le malatsi a le 20. 9 Jaanong Joabe o ne a naya kgosi palo ya batho ba ba kwadisitsweng. Iseraele e ne e na le batlhabani ba le 800 000 ba ba tshotseng ditšhaka, mme banna ba Juda ba ne ba le 500 000.+

10 Le fa go ntse jalo, pelo* ya ga Dafide e ne ya mo tshwenya+ fa a sena go bala batho. Foo Dafide o ne a raya Jehofa a re: “Ke leofile+ thata ka go dira seno. Mme jaanong Jehofa, tsweetswee intshwarele phoso e ke e dirileng,+ ka gonne ke dirile boeleele tota.”+ 11 E rile Dafide a tsoga mo mosong, Jehofa o ne a bua le moporofeti Gada,+ yo e neng e le mmoni wa diponatshegelo wa ga Dafide a re: 12 “Tsamaya mme o reye Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Ke go naya dilo di le tharo gore o tlhophe mo go tsone. Itlhophele se le sengwe se o batlang gore ke se go tlisetse.”’”+ 13 Ka jalo, Gada o ne a ya kwa go Dafide mme a mo raya a re: “A o tlhopha gore go tle dingwaga di le supa tsa leuba mo lefatsheng la gago?+ Kgotsa gore o tshabe fa pele ga baganetsi ba gago dikgwedi di le tharo fa ba ntse ba go lelekisa?+ Kgotsa gore go nne le malatsi a le mararo a bolwetse jwa leroborobo mo lefatsheng la gago?+ Jaanong akanyetsa ka kelotlhoko karabo e ke tla e nayang Yo o nthomileng.” 14 Ka jalo, Dafide o ne a raya Gada a re: “Seno se ntshwenya thata. Tsweetswee, mma re wele mo seatleng sa ga Jehofa,+ ka gonne kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo;+ mme o se ka wa ntetla gore ke wele mo seatleng sa motho.”+

15 Foo Jehofa o ne a tlisa bolwetse jwa leroborobo+ mo Iseraele go tloga mo mosong go fitlha ka nako e e tlhomilweng, mo go neng ga swa batho ba le 70 000 go simologa kwa Dana go ya kwa Beere-sheba.+ 16 Fa moengele a otlololela seatla sa gagwe ntlheng ya Jerusalema gore a e senye, Jehofa o ne a ikwatlhaela* masetlapelo ao,+ mme o ne a raya moengele yo o neng a tlisitse tshenyo mo bathong a re: “Go lekane! Jaanong diga seatla sa gago.” Moengele wa ga Jehofa o ne a le gaufi le seboana sa ga Arauna+ wa Mojebuse.+

17 E rile Dafide a bona moengele yoo yo o neng a bolaya batho, o ne a raya Jehofa a re: “Ke nna ke leofileng e bile ke nna ke dirileng phoso; mme dinku tseno tsone+ di dirile eng? Tsweetswee, otlhaya nna le ba lelapa la ga rre fela.”+

18 Ka jalo, Gada o ne a ya kwa go Dafide mo letsatsing leo mme a mo raya a re: “Tsamaya o ye go agela Jehofa sebeso kwa seboaneng sa ga Arauna wa Mojebuse.”+ 19 Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya go dumalana le se Gada a neng a se buile, fela jaaka Jehofa a ne a laetse. 20 E rile Arauna a leba kwa tlase mme a bona kgosi le batlhanka ba yone ba tla kwa go ene, ka yone nako eo, Arauna o ne a tswa mme a ikoba fa pele ga kgosi sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe. 21 Arauna o ne a mmotsa a re: “Morena wa me kgosi, ke ka ntlha yang fa o tlile mo go nna motlhanka wa gago?” Dafide o ne a mo araba a re: “Ke tlile go reka seboana mo go wena gore ke agele Jehofa sebeso, gore petso e e wetseng batho e tle e emisiwe.”+ 22 Le fa go ntse jalo, Arauna o ne a raya Dafide a re: “Morena wa me kgosi, se tseye mme o ise se o bonang se le molemo mo go wena.* Bona, dikgomo tsa setlhabelo se se fisiwang le selei sa go photha le jokwe ya dikgomo tse e tla nnang dikgong ke tseno. 23 Ke go naya dilo tseno tsotlhe, wena kgosi.” Go tswa foo, Arauna o ne a raya kgosi a re: “E kete Jehofa, Modimo wa gago a ka go amogela.”

24 Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya raya Arauna ya re: “Nnyaa, ke tshwanetse go se reka mo go wena. Ga nkitla ke ntshetsa Jehofa, Modimo wa me ditlhabelo tse di fisiwang tse ke sa di duelelang.” Ka jalo, Dafide o ne a reka seboana le dikgomo ka dishekele* tsa selefera di le 50.+ 25 Mme Dafide o ne a agela Jehofa sebeso+ foo a bo a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana. Foo Jehofa o ne a araba kopo e Dafide a neng a e direla batho,+ mme petso e e neng e wetse Iseraele e ne ya emisiwa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela