LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Molato wa madi le metse ya botshabelo (1-13)

      • Matshwao a molelwane a se ka a sutisiwa (14)

      • Basupi kwa kgotlatshekelong (15-21)

        • Go tlhokega basupi ba babedi kgotsa ba le bararo (15)

Duteronome 19:1

Ditshupiso

  • +Dut 7:1; 9:1

Duteronome 19:2

Ditshupiso

  • +Dip 35:14; Jos 20:7, 9

Duteronome 19:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/2017, ts. 14

Duteronome 19:4

Ditshupiso

  • +Dip 35:15; Dut 4:42

Duteronome 19:5

Ditshupiso

  • +Dip 35:25

Duteronome 19:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “pelo ya gagwe e gotetse.”

Ditshupiso

  • +Dip 35:12, 19
  • +Jos 20:4, 5

Duteronome 19:8

Ditshupiso

  • +Ge 15:18; Ek 23:31; Dut 11:24
  • +Ge 28:14

Duteronome 19:9

Ditshupiso

  • +Dut 11:22, 23
  • +Jos 20:7, 8

Duteronome 19:10

Ditshupiso

  • +Dia 6:16, 17
  • +Dut 21:6-9

Duteronome 19:11

Ditshupiso

  • +1Jo 3:15

Duteronome 19:12

Ditshupiso

  • +Ge 9:6; Ek 21:12; Dip 35:16; Dut 27:24

Duteronome 19:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Leitlho la gago le.”

Ditshupiso

  • +Lef 24:17, 21; Dip 35:33; 2Sa 21:1

Duteronome 19:14

Ditshupiso

  • +Dut 27:17

Duteronome 19:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “molomo.”

Ditshupiso

  • +Dip 35:30; Dut 17:6
  • +Mat 18:16; Joh 8:17; 2Bk 13:1; 1Ti 5:19

Duteronome 19:16

Ditshupiso

  • +Ek 23:1; 1Dk 21:13; Mar 14:56

Duteronome 19:17

Ditshupiso

  • +Dut 17:8, 9

Duteronome 19:18

Ditshupiso

  • +Dut 13:14; 17:4; 2Dt 19:6

Duteronome 19:19

Ditshupiso

  • +Dia 19:5
  • +Dut 21:20, 21; 24:7; 1Bk 5:13

Duteronome 19:20

Ditshupiso

  • +Dut 13:11; 17:13; 1Ti 5:20

Duteronome 19:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Leitlho la gago le.”

Ditshupiso

  • +Dut 19:13
  • +Ek 21:23-25; Lef 24:20; Mat 5:38

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 131-133

Ditemana Tse dingwe

Dute. 19:1Dut 7:1; 9:1
Dute. 19:2Dip 35:14; Jos 20:7, 9
Dute. 19:4Dip 35:15; Dut 4:42
Dute. 19:5Dip 35:25
Dute. 19:6Dip 35:12, 19
Dute. 19:6Jos 20:4, 5
Dute. 19:8Ge 15:18; Ek 23:31; Dut 11:24
Dute. 19:8Ge 28:14
Dute. 19:9Dut 11:22, 23
Dute. 19:9Jos 20:7, 8
Dute. 19:10Dia 6:16, 17
Dute. 19:10Dut 21:6-9
Dute. 19:111Jo 3:15
Dute. 19:12Ge 9:6; Ek 21:12; Dip 35:16; Dut 27:24
Dute. 19:13Lef 24:17, 21; Dip 35:33; 2Sa 21:1
Dute. 19:14Dut 27:17
Dute. 19:15Dip 35:30; Dut 17:6
Dute. 19:15Mat 18:16; Joh 8:17; 2Bk 13:1; 1Ti 5:19
Dute. 19:16Ek 23:1; 1Dk 21:13; Mar 14:56
Dute. 19:17Dut 17:8, 9
Dute. 19:18Dut 13:14; 17:4; 2Dt 19:6
Dute. 19:19Dia 19:5
Dute. 19:19Dut 21:20, 21; 24:7; 1Bk 5:13
Dute. 19:20Dut 13:11; 17:13; 1Ti 5:20
Dute. 19:21Dut 19:13
Dute. 19:21Ek 21:23-25; Lef 24:20; Mat 5:38
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 19:1-21

Duteronome

19 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a fedisa ditšhaba tse Jehofa, Modimo wa gago a go nayang lefatshe la tsone, mme o setse o gapile lefatshe la tsone e bile o nna mo metseng ya tsone le mo matlong a tsone,+ 2 o tlhophe metse e le meraro mo lefatsheng la gago le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore o le rue.+ 3 Lefatshe le Jehofa, Modimo wa gago a le go neileng gore o le rue, o le kgaoganye ka dikarolo tse tharo, mme o baakanye ditsela gore mmolai a kgone go tshabela kwa motseng mongwe wa metse eo.

4 “Jaanong seno ke se se tla dirwang ka mmolai yo o ka nnang a tshabela koo e le gore a tshele: Fa a bolaya motho yo mongwe e se ka boomo mme a ne a sa mo tlhoa;+ 5 jaaka fa a tsamaya le motho yo mongwe kwa sekgweng go ya go rwalela dikgong a bo a tsholetsa selepe a re o rema setlhare, mme tlhogo ya selepe e bo e somoga mo mohinyaneng wa sone e bo e itaya motho yoo a bo a swa, mmolai a tshabele mo motseng mongwe wa metse eno gore a tshele.+ 6 Go seng jalo, e re ka mmusolosi wa madi+ a tla bo a galefile thata,* a ka nna a lelekisa mmolai a bo a mo tshwara mme a mmolaya ka gonne sekgala sa go ya kwa motseng oo se le seleele. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tshwanela go bolawa ka gonne o ne a ntse a sa tlhoa motho yoo.+ 7 Ke gone ka moo ke go laelang ke re: ‘Tlhopha metse e le meraro.’

8 “Jehofa, Modimo wa gago o tla atolosa karolo ya gago ya naga jaaka a ikanetse borragomogolo+ e bile o tla go naya lefatshe lotlhe le a neng a le ba solofeditse.+ 9 Mme gore seno se direge, o tshwanetse go ikanyega ka go ikobela ditaelo tseno tsotlhe tse ke di go nayang gompieno. Seno se raya gore o tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago le go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe ka metlha.+ Fa lefatshe la gago le atolositswe, o oketse metse eno e meraro ka e mengwe e meraro.+ 10 Seo se tla dira gore go se ka ga nna le madi ape a a se nang molato a a tla tshololwang+ mo lefatsheng la gago le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore e nne boswa e bile ga o kitla o nna le molato ope wa madi.+

11 “Mme gone, fa motho a ne a tlhoile motho yo mongwe+ e bile a ne a mo laletse gore a mo tlhasele a bo a mo gobatsa thata a bo a swa, mme motho yono a tshabetse kwa motseng mongwe wa metse eno, 12 foo bagolwane ba motse wa gagabo ba rome batho gore a ye go tsewa koo, mme ba mo tsenye mo seatleng sa mmusolosi wa madi, mme o tshwanetse go swa.+ 13 Lo* se ka lwa mo utlwela botlhoko, mme lo tshwanetse go phimola molato wa madi a a tsholotsweng a a se nang molato mo Iseraele,+ gore dilo di lo tsamaele sentle.

14 “Fa o amogela boswa jwa gago mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore o le rue, ga o a tshwanela go sutisa matshwao a molelwane wa moagelani wa gago+ mo lefelong le borraagwemogolo ba neng ba tlhomile melelwane mo go lone.

15 “Motho ga a ka ke a bonwa molato ka bosupi jwa motho a le mongwe fela jo bo bontshang gore o dirile molato kgotsa boleo.+ Go tlhokega bosupi* jwa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo go bona gore a tatofatso e boammaaruri.+ 16 Fa mosupi yo o logang maano a a bosula a neela bosupi ka motho a bo a mo latofatsa ka molato mongwe,+ 17 batho bao ba babedi ba ba ganetsanang ba tla ema fa pele ga ga Jehofa, fa pele ga baperesiti le baatlhodi ba ba tla bong ba direla mo malatsing ao.+ 18 Baatlhodi ba tla batlisisa ka kelotlhoko,+ mme fa motho yo o ileng a neela bosupi e le mosupi wa maaka e bile a tlisitse tatofatso ya maaka ka morwarraagwe, 19 lo mo dire fela jaaka a ne a ikaeletse go dira morwarraagwe,+ mme lo tshwanetse go tlosa se se bosula mo go lona.+ 20 Ba ba salang ba tla utlwa ba bo ba boifa, mme ba ka se tlhole ba dira sepe gape se se bosula se se tshwanang le seno mo go lona.+ 21 Lo* se ka lwa mo utlwela botlhoko:+ Botshelo bo tla duelelwa ka botshelo, leitlho ka leitlho, leino ka leino, seatla ka seatla, lonao ka lonao.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela