LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Ahabe o eletsa tshimo ya morara ya ga Nabothe (1-4)

      • Jesebele o rulaganya gore Nabothe a bolawe (5-16)

      • Molaetsa o Elija a o bolelelang Ahabe (17-26)

      • Ahabe o a ikokobetsa (27-29)

1 Dikgosi 21:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Jos 19:17, 18

1 Dikgosi 21:3

Ditshupiso

  • +Lef 25:23; Dip 36:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/2017, ts. 24

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 13

1 Dikgosi 21:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “moya wa gago o.”

Ditshupiso

  • +1Dk 16:31; 18:4; 19:2; 21:25

1 Dikgosi 21:7

Ditshupiso

  • +Mik 2:1; 7:3

1 Dikgosi 21:8

Ditshupiso

  • +Neh 9:38; Est 8:8
  • +Dut 16:18

1 Dikgosi 21:10

Ditshupiso

  • +Ek 20:16; Dut 17:6
  • +Ek 22:28
  • +Lef 24:16; Joh 10:33

1 Dikgosi 21:13

Ditshupiso

  • +Amo 5:12; Hab 1:4
  • +2Dk 9:25, 26; Mor 4:1

1 Dikgosi 21:14

Ditshupiso

  • +Mor 5:8; 8:14; Hab 1:13

1 Dikgosi 21:15

Ditshupiso

  • +1Dk 21:7

1 Dikgosi 21:17

Ditshupiso

  • +1Dk 17:1

1 Dikgosi 21:18

Ditshupiso

  • +1Dk 16:29

1 Dikgosi 21:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o tsere thuo?”

Ditshupiso

  • +Ge 4:8, 10
  • +Dut 5:21; Hab 2:9
  • +1Dk 22:37, 38; 2Dk 9:25, 26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 15

1 Dikgosi 21:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ithekiseditse.”

Ditshupiso

  • +1Dk 18:17; Amo 5:10
  • +1Dk 16:30

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 14-⁠15

1 Dikgosi 21:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ke fedisa ope yo o tlhapologelang mo loboteng.” Polelwana ya Sehebera e e dirisiwang go sotla banna.

Ditshupiso

  • +2Dk 10:7, 17
  • +2Dk 9:7-9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 15

1 Dikgosi 21:22

Ditshupiso

  • +1Dk 15:25-29
  • +1Dk 16:3, 11

1 Dikgosi 21:23

Ditshupiso

  • +2Dk 9:10, 35

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Jeremia, ts. 120-121

1 Dikgosi 21:24

Ditshupiso

  • +1Dk 14:11; 16:4

1 Dikgosi 21:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ithekiseditse.”

Ditshupiso

  • +1Dk 16:30
  • +1Dk 16:31; 2Dt 22:2, 3; Tsh 2:20

1 Dikgosi 21:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +Ek 23:28; Dut 9:5

1 Dikgosi 21:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 15

1 Dikgosi 21:29

Ditshupiso

  • +Pes. 78:34
  • +2Dk 9:25, 26; 10:7, 11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 15

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 21:1Jos 19:17, 18
1 Dikg. 21:3Lef 25:23; Dip 36:7
1 Dikg. 21:51Dk 16:31; 18:4; 19:2; 21:25
1 Dikg. 21:7Mik 2:1; 7:3
1 Dikg. 21:8Neh 9:38; Est 8:8
1 Dikg. 21:8Dut 16:18
1 Dikg. 21:10Ek 20:16; Dut 17:6
1 Dikg. 21:10Ek 22:28
1 Dikg. 21:10Lef 24:16; Joh 10:33
1 Dikg. 21:13Amo 5:12; Hab 1:4
1 Dikg. 21:132Dk 9:25, 26; Mor 4:1
1 Dikg. 21:14Mor 5:8; 8:14; Hab 1:13
1 Dikg. 21:151Dk 21:7
1 Dikg. 21:171Dk 17:1
1 Dikg. 21:181Dk 16:29
1 Dikg. 21:19Ge 4:8, 10
1 Dikg. 21:19Dut 5:21; Hab 2:9
1 Dikg. 21:191Dk 22:37, 38; 2Dk 9:25, 26
1 Dikg. 21:201Dk 18:17; Amo 5:10
1 Dikg. 21:201Dk 16:30
1 Dikg. 21:212Dk 10:7, 17
1 Dikg. 21:212Dk 9:7-9
1 Dikg. 21:221Dk 15:25-29
1 Dikg. 21:221Dk 16:3, 11
1 Dikg. 21:232Dk 9:10, 35
1 Dikg. 21:241Dk 14:11; 16:4
1 Dikg. 21:251Dk 16:30
1 Dikg. 21:251Dk 16:31; 2Dt 22:2, 3; Tsh 2:20
1 Dikg. 21:26Ek 23:28; Dut 9:5
1 Dikg. 21:29Pes. 78:34
1 Dikg. 21:292Dk 9:25, 26; 10:7, 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 21:1-29

Dikgosi wa Ntlha

21 Morago ga dilo tseno, go ne ga direga sengwe se se amanang le tshimo ya morara* ya ga Nabothe wa Mojesereele; e ne e le mo Jesereele,+ gaufi le ntlo ya segosi ya ga Ahabe kgosi ya Samarea. 2 Ahabe o ne a raya Nabothe a re: “Nneye tshimo ya gago ya morara gore ke e dirisetse go nna tshingwana ya merogo, ka gonne e gaufi le ntlo ya me. Mme mo boemong jwa yone ke tla go naya tshimo ya morara e e botoka. Kgotsa fa o rata, ke tla e reka mo go wena ka madi.” 3 Le fa go ntse jalo, Nabothe o ne a raya Ahabe a re: “Go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka gone, go ka se direge gore ke go neye boswa jwa borremogolo.”+ 4 Ka jalo, Ahabe o ne a ya kwa ntlong ya gagwe, a ngadile e bile a kotlomane pelo ka ntlha ya tsela e Nabothe wa Mojesereele a neng a mo arabile ka yone fa a ne a re: “Ga nkitla ke go naya boswa jwa borremogolo.” Foo o ne a rapama mo bolaong jwa gagwe, a nna a lebisitse sefatlhego sa gagwe go sele, mme o ne a gana go ja.

5 Mosadi wa gagwe e bong Jesebele+ o ne a tla kwa go ene mme a mmotsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa o* hutsafetse thata jaana mo o ganang le go ja?” 6 O ne a mo araba jaana: “Ke ka gonne ke ne ka raya Nabothe wa Mojesereele ka re, ‘Nthekisetse tshimo ya gago ya morara. Kgotsa fa o rata, mma ke go neye tshimo e nngwe ya morara mo boemong jwa yone.’ Le fa go ntse jalo, o ne a re, ‘Ga nkitla ke go naya tshimo ya me ya morara.’” 7 Mosadi wa gagwe e bong Jesebele o ne a mo raya a re: “A ga se wena yo o busang o le kgosi mo Iseraele? Tsoga o je sengwe, mme a pelo ya gago e itumele. Ke tla go naya tshimo ya morara ya ga Nabothe wa Mojesereele.”+ 8 Ka jalo, o ne a kwala makwalo ka leina la ga Ahabe mme a a tshwaya ka letshwao la gagwe+ a bo a romela makwalo ao kwa bagolwaneng+ le kwa batlotleging ba ba neng ba nna kwa motseng wa gagabo Nabothe. 9 O ne a kwala jaana mo makwalong ao: “Laelang batho gore ba itime dijo, mme lo dire gore Nabothe a nne kwa pele ga batho. 10 Mme lo beye banna ba babedi ba ba se nang molemo wa sepe fa pele ga gagwe, mme ba mo latofatse,+ ba re, ‘O tlhapaditse Modimo le kgosi!’+ Go tswa foo, lo mo ntshetse kwa ntle lo bo lo mo kgobotletsa ka maje go fitlha a swa.”+

11 Ka jalo, banna ba motse wa gagabo Nabothe, bagolwane le batlotlegi ba ba neng ba nna mo motseng wa gagabo, ba ne ba dira fela jaaka go ne go kwadilwe mo makwalong a Jesebele a neng a a ba romeletse. 12 Ba ne ba laela batho gore ba itime dijo mme ba dira gore Nabothe a nne kwa pele ga batho. 13 Go tswa foo, bangwe ba banna ba ba se nang molemo wa sepe ba le babedi, ba ne ba tla ba bo ba nna fa pele ga gagwe mme ba latofatsa Nabothe fa pele ga batho, ba re: “Nabothe o tlhapaditse Modimo le kgosi!”+ Morago ga moo, ba ne ba mo ntshetsa kwa ntle ga motse ba bo ba mo kgobotletsa ka maje go fitlha a swa.+ 14 Jaanong ba ne ba romela molaetsa kwa go Jesebele, ba re: “Nabothe o kgobotleditswe ka maje e bile o sule.”+

15 Fela fa Jesebele a utlwa gore Nabothe o kgobotleditswe ka maje e bile o sule, o ne a raya Ahabe a re: “Tsamaya o ye go tsaya tshimo ya morara ya ga Nabothe wa Mojesereele+ e a neng a gana go go e rekisetsa, ka gonne Nabothe ga a tlhole a tshela. O sule.” 16 Fela fa Ahabe a utlwa gore Nabothe o sule, o ne a ya kwa tshimong ya morara ya ga Nabothe wa Mojesereele gore a ye go e tsaya.

17 Mme Jehofa o ne a raya Elija+ wa Motisheba a re: 18 “Tsamaya, o ye go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele, yo o kwa Samarea.+ Ke yole o mo tshimong ya morara ya ga Nabothe, o ile teng go ya go e tsaya. 19 O mo reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “A o bolaile motho+ e bile o tsere boswa jwa gagwe?”’*+ Go tswa foo, o mo reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Kwa lefelong le dintša di latsweditseng madi a ga Nabothe teng, le wena dintša di tla latswetsa madi a gago teng.”’”+

20 Ahabe o ne a raya Elija a re: “O mpone, wena mmaba wa me!”+ Ene o ne a araba jaana: “Ke go bone. Ka jalo, Modimo o ne a re: ‘Ka gonne o ikemiseditse* go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ 21 bona, ke go tlisetsa masetlapelo, mme ke tla go nyeletsa ke bo ke fedisa monna mongwe le mongwe* yo e leng setlogolwana sa ga Ahabe,+ go akaretsa ba ba sa kgoneng go itshireletsa le ba ba bokoa mo Iseraele.+ 22 Mme ke tla dira gore lelapa la gago le nne jaaka lelapa la ga Jeroboame+ morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baasha+ morwa Ahija, ka gonne o dirile gore ke galefe e bile o dirile gore Baiseraele ba leofe.’ 23 Gape Jehofa o buile jaana ka Jesebele: ‘Dintša di tla jela Jesebele mo lebaleng kwa Jesereele.+ 24 Ope fela wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintša, mme ope fela yo o swelang mo nageng o tla jewa ke dinonyane tsa magodimo.+ 25 Eleruri, ga go ise go ke go nne le ope yo o tshwanang le Ahabe,+ yo o neng a ikemiseditse* go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a tlhotlhelediwa ke mosadi wa gagwe e bong Jesebele.+ 26 O ne a itshwara ka tsela e e makgapha thata ka go sala medingwana e e ferosang sebete* morago, fela jaaka Baamore botlhe ba ne ba dirile, ba Jehofa a neng a ba leleka fa pele ga Baiseraele.’”+

27 Fela fa Ahabe a utlwa mafoko ano, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe a bo a apara letsela la kgetsi mo mmeleng wa gagwe; mme o ne a itima dijo a bo a nna a rapame mo letseleng la kgetsi e bile o ne a tsamaya a kgobegile marapo. 28 Foo Jehofa o ne a raya Elija wa Motisheba a re: 29 “A o bone kafa Ahabe a ikokobeditseng ka teng fa pele ga me?+ E re ka a ikokobeditse fa pele ga me, ga nkitla ke tlisa masetlapelo fa a sa ntse a tshela. Ke tla tlisetsa lelapa la gagwe masetlapelo mo motlheng wa ga morwawe.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela