LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Jehoshafate o dira tumalano le Ahabe (1-12)

      • Boporofeti jwa ga Mikaia (13-28)

        • Ahabe o a tsiediwa (21, 22)

      • Ahabe o bolaelwa kwa Ramothe-gileade (29-40)

      • Jehoshafate o busa Juda (41-50)

      • Ahasia kgosi ya Iseraele (51-53)

1 Dikgosi 22:2

Ditshupiso

  • +1Dk 15:24
  • +2Dt 18:2, 3

1 Dikgosi 22:3

Ditshupiso

  • +Jos 20:8, 9; 1Dk 4:7, 13

1 Dikgosi 22:4

Ditshupiso

  • +2Dk 3:7; 2Dt 19:2

1 Dikgosi 22:5

Ditshupiso

  • +Dip 27:21
  • +2Dt 18:4, 5

1 Dikgosi 22:7

Ditshupiso

  • +2Dk 3:11; 2Dt 18:6, 7

1 Dikgosi 22:8

Ditshupiso

  • +1Dk 18:4
  • +1Dk 21:20; 2Dt 36:16
  • +Isa 30:9, 10; Jer 38:4

1 Dikgosi 22:9

Ditshupiso

  • +2Dt 18:8-11

1 Dikgosi 22:10

Ditshupiso

  • +Esk 13:2, 3

1 Dikgosi 22:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgorometsa.”

1 Dikgosi 22:13

Ditshupiso

  • +2Dt 18:12-16

1 Dikgosi 22:17

Ditshupiso

  • +Dut 28:15, 25

1 Dikgosi 22:18

Ditshupiso

  • +2Dt 18:17

1 Dikgosi 22:19

Ditshupiso

  • +Isa 6:1; Esk 1:26
  • +2Dt 18:18-22; Job 1:6; Dan 7:9, 10; Mat 18:10; Tsh 5:11

1 Dikgosi 22:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “moya.”

Ditshupiso

  • +Pes. 104:4; Bah 1:7, 14

1 Dikgosi 22:22

Ditshupiso

  • +1Dk 22:6

1 Dikgosi 22:23

Ditshupiso

  • +Esk 14:9
  • +1Dk 20:42

1 Dikgosi 22:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke ka tsela efe moya wa ga Jehofa o duleng mo go nna gore o bue le wena?”

Ditshupiso

  • +2Dt 18:23-27

1 Dikgosi 22:27

Ditshupiso

  • +Bah 11:32, 36

1 Dikgosi 22:28

Ditshupiso

  • +Dip 16:28, 29

1 Dikgosi 22:29

Ditshupiso

  • +2Dt 18:28-32

1 Dikgosi 22:30

Ditshupiso

  • +2Dt 35:22

1 Dikgosi 22:31

Ditshupiso

  • +1Dk 20:1

1 Dikgosi 22:34

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nkentshe.”

  • *

    Seheb., “mo kampeng.”

Ditshupiso

  • +2Dt 18:33, 34

1 Dikgosi 22:35

Ditshupiso

  • +1Dk 20:42

1 Dikgosi 22:36

Ditshupiso

  • +1Dk 22:17

1 Dikgosi 22:38

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “kwa bagwebakammele ba neng ba tlhapela gone, dintša di ne tsa latswa madi a gagwe.”

Ditshupiso

  • +1Dk 21:18, 19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 15

1 Dikgosi 22:39

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 10:22; Esk 27:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 149

1 Dikgosi 22:40

Ditshupiso

  • +1Dk 16:28
  • +2Dk 1:2; 2Dt 20:35

1 Dikgosi 22:41

Ditshupiso

  • +1Dt 3:10; 2Dt 17:1; 20:31; Mat 1:8

1 Dikgosi 22:43

Ditshupiso

  • +1Dk 15:11; 2Dt 14:11; 15:8
  • +2Dt 17:3
  • +Dut 12:14; 1Dk 14:23; 15:14

1 Dikgosi 22:44

Ditshupiso

  • +2Dt 18:1; 19:2

1 Dikgosi 22:46

Ditshupiso

  • +Dut 23:17, 18; 1Dk 14:24
  • +1Dk 15:11, 12

1 Dikgosi 22:47

Ditshupiso

  • +Ge 36:1, 9
  • +2Sa 8:14; 2Dk 8:20-22; Pes. 108:9

1 Dikgosi 22:48

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dk 10:22
  • +1Dk 9:26; 2Dt 20:35-37

1 Dikgosi 22:50

Ditshupiso

  • +1Dk 2:10
  • +2Dk 8:16; 2Dt 21:1, 5

1 Dikgosi 22:51

Ditshupiso

  • +2Dk 1:2

1 Dikgosi 22:52

Ditshupiso

  • +1Dk 16:30
  • +1Dk 21:25
  • +1Dk 12:28-30; 13:33

1 Dikgosi 22:53

Ditshupiso

  • +1Dk 16:31, 32; 2Dk 1:2
  • +Ek 20:3; 34:14

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 22:21Dk 15:24
1 Dikg. 22:22Dt 18:2, 3
1 Dikg. 22:3Jos 20:8, 9; 1Dk 4:7, 13
1 Dikg. 22:42Dk 3:7; 2Dt 19:2
1 Dikg. 22:5Dip 27:21
1 Dikg. 22:52Dt 18:4, 5
1 Dikg. 22:72Dk 3:11; 2Dt 18:6, 7
1 Dikg. 22:81Dk 18:4
1 Dikg. 22:81Dk 21:20; 2Dt 36:16
1 Dikg. 22:8Isa 30:9, 10; Jer 38:4
1 Dikg. 22:92Dt 18:8-11
1 Dikg. 22:10Esk 13:2, 3
1 Dikg. 22:132Dt 18:12-16
1 Dikg. 22:17Dut 28:15, 25
1 Dikg. 22:182Dt 18:17
1 Dikg. 22:19Isa 6:1; Esk 1:26
1 Dikg. 22:192Dt 18:18-22; Job 1:6; Dan 7:9, 10; Mat 18:10; Tsh 5:11
1 Dikg. 22:21Pes. 104:4; Bah 1:7, 14
1 Dikg. 22:221Dk 22:6
1 Dikg. 22:23Esk 14:9
1 Dikg. 22:231Dk 20:42
1 Dikg. 22:242Dt 18:23-27
1 Dikg. 22:27Bah 11:32, 36
1 Dikg. 22:28Dip 16:28, 29
1 Dikg. 22:292Dt 18:28-32
1 Dikg. 22:302Dt 35:22
1 Dikg. 22:311Dk 20:1
1 Dikg. 22:342Dt 18:33, 34
1 Dikg. 22:351Dk 20:42
1 Dikg. 22:361Dk 22:17
1 Dikg. 22:381Dk 21:18, 19
1 Dikg. 22:391Dk 10:22; Esk 27:15
1 Dikg. 22:401Dk 16:28
1 Dikg. 22:402Dk 1:2; 2Dt 20:35
1 Dikg. 22:411Dt 3:10; 2Dt 17:1; 20:31; Mat 1:8
1 Dikg. 22:431Dk 15:11; 2Dt 14:11; 15:8
1 Dikg. 22:432Dt 17:3
1 Dikg. 22:43Dut 12:14; 1Dk 14:23; 15:14
1 Dikg. 22:442Dt 18:1; 19:2
1 Dikg. 22:46Dut 23:17, 18; 1Dk 14:24
1 Dikg. 22:461Dk 15:11, 12
1 Dikg. 22:47Ge 36:1, 9
1 Dikg. 22:472Sa 8:14; 2Dk 8:20-22; Pes. 108:9
1 Dikg. 22:481Dk 10:22
1 Dikg. 22:481Dk 9:26; 2Dt 20:35-37
1 Dikg. 22:501Dk 2:10
1 Dikg. 22:502Dk 8:16; 2Dt 21:1, 5
1 Dikg. 22:512Dk 1:2
1 Dikg. 22:521Dk 16:30
1 Dikg. 22:521Dk 21:25
1 Dikg. 22:521Dk 12:28-30; 13:33
1 Dikg. 22:531Dk 16:31, 32; 2Dk 1:2
1 Dikg. 22:53Ek 20:3; 34:14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
  • 51
  • 52
  • 53
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 22:1-53

Dikgosi wa Ntlha

22 Go ne go se na ntwa fa gare ga Siria le Iseraele ka dingwaga di le tharo. 2 Mo ngwageng wa boraro, Kgosi Jehoshafate+ wa Juda o ne a ya kwa kgosing ya Iseraele.+ 3 Go tswa foo, kgosi ya Iseraele e ne ya raya batlhanka ba yone ya re: “A lo a itse gore motse wa Ramothe-gileade+ ke wa rona? Mme le fa go ntse jalo, re okaoka go o tsaya mo kgosing ya Siria gore o nne wa rona gape.” 4 Foo o ne a raya Jehoshafate a re: “A o tla tsamaya le nna go ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade?” Jehoshafate o ne a araba kgosi ya Iseraele a re: “Nna le wena re seoposengwe. Batho ba me le batho ba gago ba seoposengwe, go akaretsa le dipitse tsa me le dipitse tsa gago.”+

5 Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ne a raya kgosi ya Iseraele a re: “Tsweetswee, kopa Jehofa pele+ gore a go kaele mo kgannyeng eno.”+ 6 Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya phutha baporofeti, banna ba ka nna 400, mme e ne ya ba botsa jaana: “A ke ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade kgotsa ke se ka ka tsamaya?” Ba ne ba re: “Tsamaya, mme Jehofa o tla dira gore kgosi e fenye motse oo.”

7 Foo Jehoshafate o ne a re: “A ga go na moporofeti wa ga Jehofa mono? Mma le ene re mo kope gore a re boletse.”+ 8 Mme kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “Go sa ntse go na le monna yo mongwe yo re ka mo kopang gore a re boletse mo go Jehofa;+ mme gone, ke mo tlhoile+ ka gonne ga a ke a porofeta dilo tse di molemo ka nna, o porofeta dilo tse di bosula fela.+ Ke Mikaia morwa Imela.” Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ne a re: “Ga o a tshwanela go bua jalo.”

9 Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya bitsa modiredi wa ntlo ya kgosi mme ya re: “Itlhaganele o ye go tla le Mikaia morwa Imela.”+ 10 Jaanong kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda, mongwe le mongwe wa bone o ne a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi, a apere diaparo tsa segosi, kwa seboaneng fa kgorong ya Samarea, mme baporofeti botlhe ba ne ba porofeta fa pele ga bone.+ 11 Foo Sedekia morwa Kenana o ne a itirela dinaka tsa tshipi a bo a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘O tla tlhaba* Basiria ka dinaka tseno go fitlha o ba fedisa.’” 12 Baporofeti ba bangwe botlhe le bone ba ne ba porofeta ka tsela e e tshwanang, ba re: “Tsamaya o ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade mme o tla atlega; Jehofa o tla dira gore kgosi e fenye motse oo.”

13 Ka jalo, morongwa yo o neng a ya go bitsa Mikaia o ne a fitlha a mo raya a re: “Mafoko otlhe a baporofeti a itumedisa kgosi. Tsweetswee, a lefoko la gago le nne jaaka mafoko a bone, mme o bue se se itumedisang.”+ 14 Le fa go ntse jalo, Mikaia o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, sepe fela se Jehofa a se mpolelelang, ke sone se ke tla se buang.” 15 Mme fa a tsena kwa kgosing, kgosi e ne ya mmotsa jaana: “Mikaia, a re ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade kgotsa re se ka ra tsamaya?” Gone fela foo, o ne a mo araba a re: “Tsamaya mme o tla atlega; Jehofa o tla o tsenya mo seatleng sa kgosi.” 16 Foo kgosi e ne ya mo raya ya re: “Ke dire gore o ikane makgetlo a le kae gore o tla bua le nna boammaaruri fela ka leina la ga Jehofa?” 17 Ka jalo, o ne a re: “Ke bona Baiseraele botlhe ba gasame mo dithabeng+ jaaka dinku tse di se nang modisa. Jehofa o ne a re: ‘Bano ga ba na mong wa bone. Mma mongwe le mongwe wa bone a boele kwa ntlong ya gagwe ka kagiso.’”

18 Go tswa foo, kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “A ga ke a go raya ka re, ‘Ga a kitla a porofeta dilo tse di molemo ka nna, fa e se tse di bosula fela’?”+

19 Foo Mikaia o ne a re: “Ka jalo, utlwa lefoko la ga Jehofa: Ke ne ka bona Jehofa a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi+ mme masomosomo otlhe a magodimo a eme fa go ene, ka fa mojeng le ka fa molemeng wa gagwe.+ 20 Mme Jehofa o ne a re, ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe gore a ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade mme a swele teng?’ Mme yo mongwe o ne a bua seno fa yo mongwe ene a ne a bua sengwe se sele. 21 Go tswa foo, moengele*+ o ne a atamela mme a ema fa pele ga ga Jehofa a re, ‘Ke tla mo tsietsa.’ Jehofa o ne a mmotsa a re, ‘O tla dira seo jang?’ 22 O ne a araba a re, ‘Ke tla ya kwa baporofeting ba gagwe ke bo ke dira gore ba bue maaka.’+ Ka jalo, Modimo o ne a re, ‘O tla mo tsietsa mme mo godimo ga moo, o tla atlega. Tsamaya mme o dire jalo.’ 23 Mme jaanong Jehofa o dirile gore baporofeti ba gago ba go tsietse,+ le fa go ntse jalo, Jehofa o buile gore o tla tlelwa ke masetlapelo.”+

24 Jaanong Sedekia morwa Kenana o ne a atamela mme a itaya Mikaia mo lerameng a bo a re: “A o batla go nthaya o re moya wa ga Jehofa o dule mo go nna gore o bue le wena?”*+ 25 Mikaia o ne a mo araba a re: “O tla lemoga gore go ntse fela jalo mo letsatsing la fa o tla bo o tsena mo phaposing e e kwa tengteng o iphitlha.” 26 Foo kgosi ya Iseraele e ne ya re: “Tsaya Mikaia mme o mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joashe morwa kgosi. 27 O ba reye o re, ‘Seno ke se kgosi e se buang: “Tsenyang motho yono mo kgolegelong+ mme lo mo fepe ka senkgwe se sennye le metsi a mannye go fitlha ke boa ka kagiso.”’” 28 Le fa go ntse jalo, Mikaia o ne a re: “Fa o ka boa ka kagiso, Jehofa o tla bo a sa bua le nna.”+ Go tswa foo, o ne a oketsa jaana: “Lona lotlhe, lo eleng seno tlhoko.”

29 Ka jalo, kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda ba ne ba ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade.+ 30 Jaanong kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “Ke tla dira gore ke se ka ka lemogiwa ke bo ke tsena mo tlhabanong, le fa go ntse jalo, wena o apare diaparo tsa gago tsa segosi.” Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya apara diaparo tse dingwe gore e se ka ya lemogiwa+ mme ya tsena mo tlhabanong. 31 Jaanong kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba yone ba dikara ba le 32 jaana:+ “Lo se ka lwa tlhabana le ope, yo monnye kgotsa yo mogolo, mme lo tlhabane le kgosi ya Iseraele fela.” 32 E rile fela fa balaodi ba dikara ba bona Jehoshafate, ba ne ba ipolelela jaana: “Ruri yono ke kgosi ya Iseraele.” Ka jalo, ba ne ba fapogela kwa go ene gore ba tlhabane le ene; mme Jehoshafate o ne a goa a kopa thuso. 33 Fa balaodi ba dikara ba lemoga gore e ne e se kgosi ya Iseraele, ka yone nako eo ba ne ba boa ba tlogela go mo lelekisa.

34 Mme monna mongwe o ne a hula bora jwa gagwe mme a sa ikaelela o ne a tlhaba kgosi ya Iseraele fa gare ga makopanelo a seaparo sa gagwe sa phemelo. Ka jalo, kgosi e ne ya raya mokgweetsi wa kara ya gagwe ya re: “Retologa mme o nketshe* mo tlhabanong,* ka gonne ke gobetse thata.”+ 35 Tlhabano e ne ya gakala mo letsatsing leo, mme kgosi e ne ya tshwanelwa ke go nna e tshegeditswe mo kareng, e lebile ntlheng ya Basiria. Madi a ntho a ne a tshologela mo teng ga kara ya ntwa, mme maitseboa o ne a swa.+ 36 Fa letsatsi le tloga le phirima, go ne ga tlhabiwa mokgosi mo kampeng, go twe: “A mongwe le mongwe a ye kwa motseng wa gagabo! A mongwe le mongwe a ye kwa nageng ya gagabo!”+ 37 Ka jalo, kgosi e ne ya swa, mme e ne ya tlisiwa mo Samarea; ba ne ba fitlhela kgosi mo Samarea. 38 E rile ba tlhatswetsa kara ya ntwa fa mogobeng wa Samarea, dintša di ne tsa latswa madi a gagwe e bile bagwebakammele ba ne ba tlhapela teng,* go ya ka lefoko le Jehofa a neng a le buile.+

39 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Ahabe, sotlhe se a se dirileng le ntlo* ya lonaka lwa tlou+ e a neng a e aga le metse yotlhe e a neng a e aga, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 40 Go tswa foo, Ahabe o ne a swa jaaka borraagwemogolo;+ mme morwawe e bong Ahasia+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

41 Jehoshafate+ morwa Asa o ne a nnile kgosi ya Juda mo ngwageng wa bonê wa ga Kgosi Ahabe wa Iseraele. 42 Jehoshafate o ne a na le dingwaga di le 35 fa a nna kgosi, mme o ne a busa mo Jerusalema dingwaga di le 25. Leina la ga mmaagwe e ne e le Asuba morwadia Shilehi. 43 O ne a nna a tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa ga rraagwe e bong Asa.+ Ga a ka a fapoga mo go tsone, mme o ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.+ Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a ne a sa tlosiwa. Batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong a a kwa godimo a a boitshepo.+ 44 Jehoshafate o ne a dira kagiso le kgosi ya Iseraele.+ 45 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoshafate, ditiro tsa gagwe tse di maatla le kafa a neng a tlhabana ka teng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 46 Gape o ne a tlosa bagwebakammele ba banna ba mo tempeleng+ mo lefatsheng leo, ba ba neng ba setse mo motlheng wa ga Asa rraagwe.+

47 Mme go ne go se na kgosi mo Edoma;+ mookamedi ke ene a neng a direla e le kgosi.+

48 Gape Jehoshafate o ne a dira dikepe tsa Tareshishe* gore di ye go tsaya gauta kwa Ofire,+ le fa go ntse jalo, ga di a ka tsa ya, ka gonne dikepe tseo di ne tsa thubegela teng kwa Esione-gebere.+ 49 Ke ka yone nako eo Ahasia morwa Ahabe a neng a raya Jehoshafate a re: “Mma batlhanka ba me ba tsamaye le batlhanka ba gago ka dikepe,” mme Jehoshafate o ne a se ka a dumela.

50 Go tswa foo, Jehoshafate o ne a swa jaaka borraagwemogolo+ mme a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide rraagwemogolo; mme morwawe e bong Jehorame+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

51 Ahasia+ morwa Ahabe o ne a nna kgosi ya Iseraele kwa Samarea mo ngwageng wa bo17 wa ga Kgosi Jehoshafate wa Juda, mme o ne a busa Iseraele dingwaga di le pedi. 52 Mme o ne a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa a bo a tsamaya mo tseleng ya ga rraagwe+ le mmaagwe+ le mo tseleng ya ga Jeroboame morwa Nebate, yo o neng a dira gore Baiseraele ba leofe.+ 53 O ne a tswelela a direla Baale+ e bile a mo ikobela, mme o ne a nna a kgopisa Jehofa, Modimo wa Iseraele,+ fela jaaka rraagwe a ne a dirile.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela