LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Jehofa o atlhola Baasha (1-7)

      • Ela, kgosi ya Iseraele (8-14)

      • Simeri, kgosi ya Iseraele (15-20)

      • Omeri, kgosi ya Iseraele (21-28)

      • Ahabe, kgosi ya Iseraele (29-33)

      • Hiele o aga Jeriko sesha (34)

1 Dikgosi 16:1

Ditshupiso

  • +2Dt 19:2; 20:34
  • +2Dt 16:7

1 Dikgosi 16:2

Ditshupiso

  • +1Sa 2:8
  • +1Dk 13:33

1 Dikgosi 16:3

Ditshupiso

  • +1Dk 14:10, 11; 15:29

1 Dikgosi 16:6

Ditshupiso

  • +1Dk 15:21, 33

1 Dikgosi 16:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Nadabe, morwa Jeroboame.

Ditshupiso

  • +1Dk 15:25-29

1 Dikgosi 16:10

Ditshupiso

  • +2Dk 9:31

1 Dikgosi 16:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a tlogela ope yo o tlhapologelang mo loboteng.” Polelwana ya Sehebera e e dirisiwang go sotla banna.

  • *

    Kgotsa “e le babusolosi ba gagwe ba madi.”

1 Dikgosi 16:12

Ditshupiso

  • +1Dk 16:1-3

1 Dikgosi 16:13

Ditshupiso

  • +Dut 32:21; 1Sa 12:21; 2Dk 17:15; Isa 41:29

1 Dikgosi 16:15

Ditshupiso

  • +Jos 19:44, 48; 21:20, 23; 1Dk 15:27

1 Dikgosi 16:16

Ditshupiso

  • +2Dk 8:26; Mik 6:16

1 Dikgosi 16:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +Baa 9:53, 54; 1Sa 31:4; 2Sa 17:23

1 Dikgosi 16:19

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 14:7, 9

1 Dikgosi 16:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

  • *

    Mo go kayang “Wa Kgotla ya ga Shemere.”

  • *

    Seheb., “morena.”

Ditshupiso

  • +1Dk 20:1; 2Dk 17:24; Amo 6:1; Dit 8:5

1 Dikgosi 16:25

Ditshupiso

  • +Mik 6:16

1 Dikgosi 16:26

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33

1 Dikgosi 16:28

Ditshupiso

  • +1Dk 16:33; 21:4, 20-22; 2Dk 10:1

1 Dikgosi 16:29

Ditshupiso

  • +1Dk 16:23, 24; Isa 7:9

1 Dikgosi 16:30

Ditshupiso

  • +1Dk 16:25; 21:25; 2Dk 3:1, 2

1 Dikgosi 16:31

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30
  • +1Dk 18:4, 19; 21:7; 2Dk 9:30; Tsh 2:20
  • +Ge 10:15
  • +Baa 2:11; 10:6; 2Dk 10:19; 17:16

1 Dikgosi 16:32

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa tempeleng.”

Ditshupiso

  • +2Dk 10:21, 27

1 Dikgosi 16:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 34:13; 2Dk 10:26, 28; 13:6

1 Dikgosi 16:34

Ditshupiso

  • +Jos 6:26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 42

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 16:12Dt 19:2; 20:34
1 Dikg. 16:12Dt 16:7
1 Dikg. 16:21Sa 2:8
1 Dikg. 16:21Dk 13:33
1 Dikg. 16:31Dk 14:10, 11; 15:29
1 Dikg. 16:61Dk 15:21, 33
1 Dikg. 16:71Dk 15:25-29
1 Dikg. 16:102Dk 9:31
1 Dikg. 16:121Dk 16:1-3
1 Dikg. 16:13Dut 32:21; 1Sa 12:21; 2Dk 17:15; Isa 41:29
1 Dikg. 16:15Jos 19:44, 48; 21:20, 23; 1Dk 15:27
1 Dikg. 16:162Dk 8:26; Mik 6:16
1 Dikg. 16:18Baa 9:53, 54; 1Sa 31:4; 2Sa 17:23
1 Dikg. 16:191Dk 12:28-30; 14:7, 9
1 Dikg. 16:241Dk 20:1; 2Dk 17:24; Amo 6:1; Dit 8:5
1 Dikg. 16:25Mik 6:16
1 Dikg. 16:261Dk 12:28-30; 13:33
1 Dikg. 16:281Dk 16:33; 21:4, 20-22; 2Dk 10:1
1 Dikg. 16:291Dk 16:23, 24; Isa 7:9
1 Dikg. 16:301Dk 16:25; 21:25; 2Dk 3:1, 2
1 Dikg. 16:311Dk 12:28-30
1 Dikg. 16:311Dk 18:4, 19; 21:7; 2Dk 9:30; Tsh 2:20
1 Dikg. 16:31Ge 10:15
1 Dikg. 16:31Baa 2:11; 10:6; 2Dk 10:19; 17:16
1 Dikg. 16:322Dk 10:21, 27
1 Dikg. 16:33Ek 34:13; 2Dk 10:26, 28; 13:6
1 Dikg. 16:34Jos 6:26
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 16:1-34

Dikgosi wa Ntlha

16 Go tswa foo, Jehofa o ne a dirisa Jehu+ morwa Hanani,+ go itsise katlholo e a neng a tla e tlisetsa Baasha a re: 2 “Ke go ntshitse mo loroleng mme ka go dira moeteledipele wa batho ba me ba Iseraele,+ le fa go ntse jalo, o ne wa nna wa tsamaya mo tseleng ya ga Jeroboame mme wa dira gore batho ba me ba Iseraele ba leofe mo ba neng ba nkgopisa ka maleo a bone.+ 3 Ka jalo, ke nyeletsa Baasha le ba lelapa la gagwe, mme ke tla dira gore lelapa la gagwe le nne jaaka lelapa la ga Jeroboame+ morwa Nebate. 4 Ope fela wa ga Baasha yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintša; mme ope fela wa gagwe yo o swelang mo nageng o tla jewa ke dinonyane tsa magodimo.”

5 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Baasha, se a se dirileng le kafa a neng a le maatla ka gone, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 6 Go tswa foo, Baasha o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme a fitlhelwa mo Tiresa;+ mme morwawe e bong Ela o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 7 Jehofa o ne a dirisa moporofeti Jehu morwa Hanani gape go itsise katlholo e e neng e tla tlela Baasha le ba lelapa la gagwe, ka ntlha ya bosula jotlhe jo Baasha a neng a bo dirile mo matlhong a ga Jehofa mme a mo kgopisa ka ditiro tsa gagwe, a dira jaaka ba lelapa la ga Jeroboame, le ka ntlha ya go bo a ne a mo* kgemethile.+

8 Mo ngwageng wa bo26 wa ga Kgosi Asa wa Juda, Ela morwa Baasha o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Tiresa, mme o ne a busa dingwaga di le pedi. 9 Motlhanka wa gagwe e bong Simeri, molaodi wa halofo ya dikara tsa gagwe tsa sesole, o ne a mo logela leano la boferefere fa a ne a le mo Tiresa a nwa gore a bo a tagwe kwa ntlong ya ga Aresa, yo o neng a okametse ntlo ya segosi mo Tiresa. 10 Simeri o ne a tsena a bo a mo kgemetha+ mme a mmolaya mo ngwageng wa bo27 wa ga Kgosi Asa wa Juda, mme o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 11 E rile a nna kgosi, fela fa a sena go nna mo setulong sa gagwe sa bogosi, o ne a bolaya ba lelapa la ga Baasha botlhe. Ga a ka a tlogela monna ope* a tshela, e ka tswa e le ba masika a gagwe* kgotsa ditsala tsa gagwe. 12 Ka jalo, Simeri o ne a fedisa ba lelapa la ga Baasha botlhe, go ya ka se Jehofa a neng a buile gore se tla diragalela Baasha a dirisa moporofeti Jehu.+ 13 Seno se ne sa direga ka ntlha ya maleo otlhe a Baasha le morwawe e bong Ela ba neng ba a dirile le ka ntlha ya maleo a ba neng ba dirile gore Baiseraele ba a dire ka go kgopisa Jehofa, Modimo wa Iseraele ka medingwana ya bone e e se nang mosola.+ 14 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Ela, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?

15 Mo ngwageng wa bo27 wa ga Kgosi Asa wa Juda, Simeri o ne a nna kgosi malatsi a le supa mo Tiresa fa masole a ne a kampile gore a tle a lwe le Gibethone,+ e e neng e le ya Bafilisitia. 16 Fa nako e ntse e tsamaya, masole a a neng a kampile a ne a utlwa go twe: “Simeri o logile leano la boferefere mme gape o bolaile kgosi.” Ka jalo, mo letsatsing leo Baiseraele botlhe ba ne ba tlhoma Omeri,+ molaodi wa masole, gore a nne kgosi ya Iseraele mo kampeng. 17 Omeri le Baiseraele botlhe ba ne ba tswa mo Gibethone mme ba ya go tlhasela Tiresa. 18 E rile Simeri a bona gore motse o ne o gapilwe, o ne a ya kwa toreng e e sireletsegileng ya ntlo ya kgosi a bo a fisa ntlo ya kgosi* a le mo teng ga yone, mme o ne a swa.+ 19 Seno se ne sa direga ka ntlha ya maleo a gagwe a a a dirileng ka go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa fa a ne a tsamaya mo tseleng ya ga Jeroboame le ka ntlha ya boleo jo a neng a dira gore Baiseraele ba bo dire.+ 20 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Simeri le leano la gagwe la boferefere le a neng a le loga, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?

21 Ka yone nako eo, batho ba Iseraele ba ne ba kgaogana go nna ditlhopha tse pedi. Setlhopha se sengwe sa batho se ne sa sala Tibeni morwa Ginathe morago, se batla go mo dira kgosi, mme setlhopha se sengwe se ne sa sala Omeri morago. 22 Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba le mo letlhakoreng la ga Omeri ba ne ba fenya batho ba ba neng ba le mo letlhakoreng la ga Tibeni morwa Ginathe. Ka jalo, Tibeni o ne a swa, mme Omeri o ne a nna kgosi.

23 Mo ngwageng wa bo31 wa ga Kgosi Asa wa Juda, Omeri o ne a nna kgosi ya Iseraele, mme o ne a busa dingwaga di le 12. O ne a busa mo Tiresa dingwaga di le thataro. 24 O ne a reka thaba ya Samarea mo go Shemere ka ditalenta* tsa selefera di le pedi a bo a aga motse mo thabeng eo. O ne a bitsa motse o a neng a o agile a re ke Samarea,*+ a o reelela ka Shemere, mong* wa thaba eo. 25 Omeri o ne a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, mme o ne a le bosula go gaisa botlhe ba ba nnileng teng pele ga gagwe.+ 26 O ne a tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa ga Jeroboame morwa Nebate le mo boleong jo a neng a dirile gore Baiseraele ba bo dire ka go kgopisa Jehofa, Modimo wa Iseraele ka medingwana ya bone e e se nang mosola.+ 27 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Omeri, se a se dirileng le ditiro tsa gagwe tse di maatla, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 28 Go tswa foo, Omeri o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme a fitlhelwa mo Samarea; mme morwawe e bong Ahabe+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

29 Ahabe morwa Omeri o ne a nna kgosi mo Iseraele mo ngwageng wa bo38 wa ga Kgosi Asa wa Juda, mme Ahabe morwa Omeri o ne a busa Iseraele kwa Samarea+ dingwaga di le 22. 30 Ahabe morwa Omeri o ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa go gaisa botlhe ba ba nnileng teng pele ga gagwe.+ 31 Jaaka e kete go tsamaya mo maleong a ga Jeroboame+ morwa Nebate e ne e le selo se sennye fela mo go ene, gape o ne a tsaya Jesebele+ morwadia Ethebaale, kgosi ya Basidona,+ gore a nne mosadi wa gagwe mme o ne a simolola go direla Baale+ le go mo ikobela. 32 Mo godimo ga moo, o ne a direla Baale sebeso kwa ntlong* ya ga Baale+ e a neng a e agile mo Samarea. 33 Gape Ahabe o ne a dira kota e e boitshepo.*+ Ahabe o ne a dira dilo tse dingwe tse dintsi tse di kgopisang Jehofa, Modimo wa Iseraele go gaisa dikgosi tsotlhe tsa Iseraele tse di nnileng teng pele ga gagwe.

34 Mo motlheng wa gagwe, Hiele wa Mobethele o ne a aga Jeriko sesha. Fa a ne a thaya motheo wa yone o ne a swelwa ke ngwana wa gagwe wa leitibolo e bong Abirame, mme fa a ne a tsenya ditswalo tsa yone o ne a swelwa ke ngwana wa gagwe wa gofejane e bong Segube, go ya ka lefoko le Jehofa a neng a le buile ka Joshua morwa Nune.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela