LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang sebeso se se kwa Bethele (1-10)

        • Sebeso se a phatloga (5)

      • Monna wa Modimo ga a reetse (11-34)

1 Dikgosi 13:1

Ditshupiso

  • +2Dk 23:16, 17
  • +1Dk 12:32; Amo 3:14

1 Dikgosi 13:2

Ditshupiso

  • +2Dk 21:24; 22:1
  • +2Dk 23:15, 16; 2Dt 34:33

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/1/2014, ts. 5

1 Dikgosi 13:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgakgamatso.”

  • *

    Kgotsa “kgakgamatso.”

  • *

    Kgotsa “melora e e mafura,” go tewa melora e e kolobeditsweng ke mafura a ditlhabelo.

1 Dikgosi 13:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “se ne sa golafala.”

Ditshupiso

  • +2Dt 16:10; Jer 20:2
  • +2Dk 6:18

1 Dikgosi 13:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgakgamatso.”

1 Dikgosi 13:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nolofatsa sefatlhego sa ga.”

Ditshupiso

  • +Ek 10:16, 17; Dip 21:7; Jer 37:3; Dit 8:24

1 Dikgosi 13:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2008, ts. 8-⁠9

1 Dikgosi 13:14

Ditshupiso

  • +1Dk 13:1

1 Dikgosi 13:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2008, ts. 9-⁠10

1 Dikgosi 13:22

Ditshupiso

  • +1Dk 13:30; 2Dk 23:17, 18

1 Dikgosi 13:24

Ditshupiso

  • +2Sa 6:7; 1Dk 20:35, 36; 2Dk 17:25

1 Dikgosi 13:26

Ditshupiso

  • +1Dk 13:9
  • +1Dk 13:21, 22

1 Dikgosi 13:31

Ditshupiso

  • +2Dk 23:17, 18

1 Dikgosi 13:32

Ditshupiso

  • +Lef 26:30; 1Dk 12:29, 31
  • +2Dk 23:15, 19

1 Dikgosi 13:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a tlatsa seatla sa gagwe.”

Ditshupiso

  • +1Dk 12:25, 31
  • +2Dt 11:14, 15

1 Dikgosi 13:34

Ditshupiso

  • +1Dk 16:30, 31; 2Dk 3:1, 3; 10:31; 13:1, 2
  • +1Dk 14:10; 15:25-29; 2Dk 17:22, 23

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 13:12Dk 23:16, 17
1 Dikg. 13:11Dk 12:32; Amo 3:14
1 Dikg. 13:22Dk 21:24; 22:1
1 Dikg. 13:22Dk 23:15, 16; 2Dt 34:33
1 Dikg. 13:42Dt 16:10; Jer 20:2
1 Dikg. 13:42Dk 6:18
1 Dikg. 13:6Ek 10:16, 17; Dip 21:7; Jer 37:3; Dit 8:24
1 Dikg. 13:141Dk 13:1
1 Dikg. 13:221Dk 13:30; 2Dk 23:17, 18
1 Dikg. 13:242Sa 6:7; 1Dk 20:35, 36; 2Dk 17:25
1 Dikg. 13:261Dk 13:9
1 Dikg. 13:261Dk 13:21, 22
1 Dikg. 13:312Dk 23:17, 18
1 Dikg. 13:32Lef 26:30; 1Dk 12:29, 31
1 Dikg. 13:322Dk 23:15, 19
1 Dikg. 13:331Dk 12:25, 31
1 Dikg. 13:332Dt 11:14, 15
1 Dikg. 13:341Dk 16:30, 31; 2Dk 3:1, 3; 10:31; 13:1, 2
1 Dikg. 13:341Dk 14:10; 15:25-29; 2Dk 17:22, 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 13:1-34

Dikgosi wa Ntlha

13 Jehofa o ne a laela monna mongwe wa Modimo+ gore a tswe mo Juda a ye kwa Bethele ka nako ya fa Jeroboame a ne a eme fa sebesong+ gore a ntshe setlhabelo. 2 Go tswa foo, o ne a tlhaeletsa sebeso go ya ka se Jehofa a neng a se laetse a re: “Wena sebeso, sebeso! Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Mo losikeng lwa ga Dafide go tla tsholwa morwa yo o bidiwang Josia!+ O tla ntsha baperesiti ba mafelo a a kwa godimo setlhabelo mo go wena, ba ba ntshang ditlhabelo mo go wena e bile o tla fisetsa marapo a batho mo go wena.’”+ 3 Mo letsatsing leo, o ne a ntsha sesupo* a re: “Seno ke sesupo* se Jehofa a neng a itsise ka sone: Sebeso se tla phatloga, mme melora* e e mo godimo ga sone e tla tshologa.”

4 Fela fa Jeroboame a sena go utlwa se monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a se buile ka sebeso kwa Bethele, o ne a otlolola seatla sa gagwe go tswa mo sebesong mme a re: “Mo tshwareng!”+ Ka yone nako eo seatla se a neng a se otlololetse kwa go ene se ne sa omelela,* mme o ne a sa kgone go se busa.+ 5 Go tswa foo, sebeso se ne sa phatloga mme melora e ne ya tshologa mo sebesong go ya ka sesupo* se Jehofa a neng a se boleletse monna wa Modimo wa boammaaruri.

6 Jaanong kgosi e ne ya raya monna wa Modimo wa boammaaruri ya re: “Tsweetswee, nkopele bopelotlhomogi mo go* Jehofa, Modimo wa gago mme o nthapelele gore seatla sa me se tle se boele mo go nna.”+ Foo monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a kopa Jehofa gore a tlhomogele kgosi pelo, mme seatla sa kgosi se ne sa nna jaaka se ne se ntse pele. 7 Go tswa foo, kgosi e ne ya raya monna wa Modimo wa boammaaruri ya re: “Ya le nna kwa gae, o tseye dijo, mme ke tla go naya mpho.” 8 Le fa go ntse jalo, monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a raya kgosi a re: “Tota le fa o ne o ka nnaya halofo ya dilo tsotlhe tse di mo ntlong ya gago, ke ne ke se kitla ke tsamaya le wena go ya go ja senkgwe kgotsa go nwa metsi mo lefelong leno. 9 Gonne Jehofa o ntaetse jaana: ‘Ga o a tshwanela go ja senkgwe kgotsa go nwa metsi, e bile ga o a tshwanela go boa ka tsela e o tlileng ka yone.’” 10 Ka jalo, o ne a tsamaya ka tsela e nngwe, mme o ne a se ka a boa ka tsela e a tlileng ka yone mo Bethele.

11 Go ne go na le moporofeti mongwe yo o tsofetseng yo a neng a nna mo Bethele, mme bomorwawe ba ne ba goroga mo gae mme ba mmolelela dilo tsotlhe tse monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a di dirile mo letsatsing leo mo Bethele le mafoko a a a boleletseng kgosi. Fa ba sena go bolelela rraabone dilo tseno, 12 rraabone o ne a ba botsa jaana: “O tsamaile ka tsela efe?” Ka jalo, bomorwawe ba ne ba mmontsha tsela e monna wa Modimo wa boammaaruri yo o neng a tswa kwa Juda a tsamaileng ka yone. 13 Jaanong o ne a raya bomorwawe a re: “Mpelesetseng tonki.” Ba ne ba mmelesetsa tonki, mme o ne a e palama.

14 O ne a sala monna wa Modimo wa boammaaruri morago mme a mo fitlhela a ntse ka fa tlase ga setlhare se segolo. Foo o ne a mo raya a re: “A ke wena monna wa Modimo wa boammaaruri yo o tswang kwa Juda?”+ Ene o ne a araba a re: “Ke nna.” 15 Moporofeti yo o tsofetseng o ne a mo raya a re: “Tsamaya le nna kwa gae mme o ye go ja senkgwe.” 16 Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Nka se boele morago le wena kgotsa ka amogela taletso ya gago, e bile nka se je senkgwe kgotsa ka nwa metsi le wena mo lefelong leno. 17 Gonne Jehofa o ne a ntaela a re, ‘Ga o a tshwanela go ja senkgwe kgotsa go nwa metsi gone. Ga o a tshwanela go boela morago ka tsela e o tlileng ka yone.’” 18 Foo o ne a mo raya a re: “Le nna ke moporofeti jaaka wena, mme moengele o ne a mpolelela taelo eno e e tswang kwa go Jehofa, ‘Dira gore a boele le wena kwa ntlong ya gago gore a tle a je senkgwe a bo a nwe metsi.’” (O ne a mo tsietsa.) 19 Ka jalo, o ne a boela morago le ene gore a ye go ja senkgwe le go nwa metsi mo ntlong ya gagwe.

20 E rile ba ntse fa tafoleng, molaetsa o o tswang kwa go Jehofa o ne wa tla mo moporofeting yono yo a neng a busitse monna wa Modimo wa boammaaruri, 21 mme o ne a tlhaeletsa monna wa Modimo wa boammaaruri yo o tswang kwa Juda a re, “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘E re ka o ne wa se ka wa reetsa molao wa ga Jehofa e bile o ne wa se ka wa ikobela taelo e Jehofa, Modimo wa gago a e go neileng, 22 mme o ile wa boela morago gore o je senkgwe le go nwa metsi mo lefelong le o neng o boleletswe ka lone go twe, “O se ka wa ja senkgwe kgotsa wa nwa metsi mo go lone,” setopo sa gago ga se kitla se fitlhwa mo lebitleng la borragomogolo.’”+

23 Fa monna wa Modimo wa boammaaruri a sena go ja senkgwe le go nwa, moporofeti yo o tsofetseng o ne a belesa tonki, a e belesetsa moporofeti yo a neng a mmusitse. 24 Go tswa foo, o ne a tsamaya mme tau e ne ya kopana le ene mo tseleng e bo e mmolaya.+ Setopo sa gagwe se ne se wetse mo tseleng, mme tonki e ne e eme fa thoko ga sone; tau le yone e ne e eme fa thoko ga setopo seo. 25 Batho bangwe ba ba neng ba feta ba ne ba bona setopo se wetse mo tseleng le tau e eme go bapa le setopo seo. Ba ne ba tsena mo motseng o moporofeti yo o tsofetseng a neng a nna mo go one mme ba itsise ka gone.

26 Fa moporofeti yo o neng a mmusitse mo tseleng a utlwa ka gone, ka yone nako eo o ne a re: “Ke monna wa Modimo wa boammaaruri yo o sa ikobelang taelo ya ga Jehofa;+ ka jalo Jehofa o mo neetse tau gore e mo gagolake e bo e mmolaye, fela jaaka Jehofa a ne a mmoleletse.”+ 27 Go tswa foo, o ne a raya bomorwawe a re: “Mpelesetsang tonki.” Ka jalo, ba ne ba e belesa. 28 Morago ga moo, o ne a tsena mo tseleng mme a fitlhela setopo se wetse mo tseleng, tonki le tau di eme fa thoko ga sone. Tau e ne e sa ja setopo, e bile e ne e sa gagolaka tonki. 29 Moporofeti yono o ne a tsaya setopo sa monna wa Modimo wa boammaaruri mme a se pega mo godimo ga tonki, o ne a boela le sone kwa motseng wa gagabo gore a mo hutsafalele a bo a mo fitlhe. 30 Ka jalo, o ne a fitlha setopo seo mo lebitleng la gagwe, mme ba ne ba nna ba mo lelela ba re: “Ijoo morwarre!” 31 Fa a sena go mo fitlha, o ne a raya bomorwawe a re: “Fa ke swa, lo mphitlhe mo lefelong le monna wa Modimo wa boammaaruri a fitlhilweng mo go lone. Lo beye marapo a me fa thoko ga marapo a gagwe.+ 32 Se Jehofa a neng a se bua ka sebeso se se mo Bethele le ka matlo otlhe a kobamelo a a mo mafelong a a kwa godimo+ mo metseng ya Samarea, ruri se tla diragala.”+

33 Tota le fa seno se sena go direga, Jeroboame o ne a se ka a tlogela tsela ya gagwe e e bosula, mme o ne a nna a tlhoma baperesiti ba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo go tswa mo bathong ba ba tlwaelegileng.+ Ope fela yo a neng a batla go nna moperesiti, o ne a mo tlhoma gore a nne moperesiti* a re: “A a nne mongwe wa baperesiti ba mafelo ano a a kwa godimo.”+ 34 Boleo jono jwa ba lelapa la ga Jeroboame+ bo ne jwa dira gore ba senngwe ba bo ba fedisiwe mo lefatsheng.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela