LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Josia o dira diphetogo mo motseng (1-20)

      • Go ketekiwa Tlolaganyo (21-23)

      • Josia o dira diphetogo tse dingwe mo motseng (24-27)

      • Josia o a swa (28-30)

      • Jehoahase, kgosi ya Juda (31-33)

      • Jehoiakime, kgosi ya Juda (34-37)

2 Dikgosi 23:1

Ditshupiso

  • +2Dt 34:29, 30

2 Dikgosi 23:2

Ditshupiso

  • +Dut 31:26
  • +Ek 24:8
  • +2Dk 22:8

2 Dikgosi 23:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ya tsosolosa kgolagano.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:17; 2Dt 15:10, 12
  • +Jos 24:24, 25; 2Dt 34:31, 32

2 Dikgosi 23:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 22:4
  • +2Dk 21:1, 7; 2Dt 34:4
  • +1Dk 12:28, 29

2 Dikgosi 23:5

Ditshupiso

  • +2Dk 21:1, 3; Jer 8:1, 2

2 Dikgosi 23:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 21:1, 7
  • +Dut 7:25
  • +2Dt 34:4

2 Dikgosi 23:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 18:22; Dut 23:17, 18; 1Dk 15:11, 12; 22:46

2 Dikgosi 23:8

Ditshupiso

  • +Jos 21:17, 19; 1Dk 15:22
  • +Ge 21:31

2 Dikgosi 23:9

Ditshupiso

  • +Esk 44:10; Mal 2:7, 8

2 Dikgosi 23:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona “Gehena” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “a se ka a ralatsa morwawe kgotsa morwadie molelo.”

Ditshupiso

  • +Jer 7:31
  • +Jos 15:8
  • +2Dk 16:2, 3; Jer 32:35

2 Dikgosi 23:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “di di neile.”

  • *

    Kgotsa “phaposi ya bojelo.”

Ditshupiso

  • +Dut 4:19; Esk 8:16

2 Dikgosi 23:12

Ditshupiso

  • +Jer 19:13; Sfn 1:4, 5
  • +2Dk 21:1, 5

2 Dikgosi 23:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka fa mojeng.” Go tewa borwa, fa motho a lebile botlhaba.

  • *

    Go tewa Thaba ya Metlhware, segolobogolo karolo ya borwa e e kgakala, gape e itsiwe e le Thaba ya Molato.

Ditshupiso

  • +Sfn 1:4, 5
  • +1Dk 11:5, 7

2 Dikgosi 23:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e Boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 23:24; Dut 7:5; 2Dt 34:1, 3

2 Dikgosi 23:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28, 33
  • +2Dt 34:6, 7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 68-⁠69

2 Dikgosi 23:16

Ditshupiso

  • +1Dk 13:2

2 Dikgosi 23:17

Ditshupiso

  • +1Dk 13:1

2 Dikgosi 23:18

Ditshupiso

  • +1Dk 13:30, 31

2 Dikgosi 23:19

Ditshupiso

  • +1Dk 12:25, 31; 13:32; 2Dk 17:9
  • +2Dt 34:6, 7

2 Dikgosi 23:20

Ditshupiso

  • +1Dk 13:2

2 Dikgosi 23:21

Ditshupiso

  • +2Dt 35:1
  • +Ek 12:3-14

2 Dikgosi 23:22

Ditshupiso

  • +2Dt 35:18, 19

2 Dikgosi 23:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +Lef 19:31; Dut 18:10, 11; 2Dk 21:1, 6; Isa 8:19
  • +Ge 31:19
  • +Dip 33:52; Dut 12:2
  • +2Dk 22:8

2 Dikgosi 23:25

Ditshupiso

  • +Dut 4:29

2 Dikgosi 23:26

Ditshupiso

  • +2Dk 21:11, 12; 24:3, 4; Jer 15:4

2 Dikgosi 23:27

Ditshupiso

  • +Dut 29:28; 2Dk 25:11; Esk 23:33
  • +2Dk 18:11; 21:13
  • +Dut 12:5; 1Dk 8:29; 9:3

2 Dikgosi 23:29

Ditshupiso

  • +1Dk 9:15; 2Dt 35:20-25; Sek 12:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2000, ts. 30

2 Dikgosi 23:30

Ditshupiso

  • +2Dt 36:1, 2

2 Dikgosi 23:31

Ditshupiso

  • +Jer 22:11
  • +2Dk 24:18

2 Dikgosi 23:32

Ditshupiso

  • +2Dk 21:1, 2, 19-21

2 Dikgosi 23:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +2Dk 23:29
  • +Jer 39:5; 52:10
  • +2Dt 36:3

2 Dikgosi 23:34

Ditshupiso

  • +2Dt 36:4, 5
  • +Jer 22:11, 12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Jeremia, ts. 158-159

2 Dikgosi 23:36

Ditshupiso

  • +Jer 1:3; 22:18, 19
  • +2Dt 36:5

2 Dikgosi 23:37

Ditshupiso

  • +Jer 26:21; 36:22-24
  • +2Dt 28:24, 25; 33:1, 4

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 23:12Dt 34:29, 30
2 Dikg. 23:2Dut 31:26
2 Dikg. 23:2Ek 24:8
2 Dikg. 23:22Dk 22:8
2 Dikg. 23:32Dk 11:17; 2Dt 15:10, 12
2 Dikg. 23:3Jos 24:24, 25; 2Dt 34:31, 32
2 Dikg. 23:42Dk 22:4
2 Dikg. 23:42Dk 21:1, 7; 2Dt 34:4
2 Dikg. 23:41Dk 12:28, 29
2 Dikg. 23:52Dk 21:1, 3; Jer 8:1, 2
2 Dikg. 23:62Dk 21:1, 7
2 Dikg. 23:6Dut 7:25
2 Dikg. 23:62Dt 34:4
2 Dikg. 23:7Lef 18:22; Dut 23:17, 18; 1Dk 15:11, 12; 22:46
2 Dikg. 23:8Jos 21:17, 19; 1Dk 15:22
2 Dikg. 23:8Ge 21:31
2 Dikg. 23:9Esk 44:10; Mal 2:7, 8
2 Dikg. 23:10Jer 7:31
2 Dikg. 23:10Jos 15:8
2 Dikg. 23:102Dk 16:2, 3; Jer 32:35
2 Dikg. 23:11Dut 4:19; Esk 8:16
2 Dikg. 23:12Jer 19:13; Sfn 1:4, 5
2 Dikg. 23:122Dk 21:1, 5
2 Dikg. 23:13Sfn 1:4, 5
2 Dikg. 23:131Dk 11:5, 7
2 Dikg. 23:14Ek 23:24; Dut 7:5; 2Dt 34:1, 3
2 Dikg. 23:151Dk 12:28, 33
2 Dikg. 23:152Dt 34:6, 7
2 Dikg. 23:161Dk 13:2
2 Dikg. 23:171Dk 13:1
2 Dikg. 23:181Dk 13:30, 31
2 Dikg. 23:191Dk 12:25, 31; 13:32; 2Dk 17:9
2 Dikg. 23:192Dt 34:6, 7
2 Dikg. 23:201Dk 13:2
2 Dikg. 23:212Dt 35:1
2 Dikg. 23:21Ek 12:3-14
2 Dikg. 23:222Dt 35:18, 19
2 Dikg. 23:24Lef 19:31; Dut 18:10, 11; 2Dk 21:1, 6; Isa 8:19
2 Dikg. 23:24Ge 31:19
2 Dikg. 23:24Dip 33:52; Dut 12:2
2 Dikg. 23:242Dk 22:8
2 Dikg. 23:25Dut 4:29
2 Dikg. 23:262Dk 21:11, 12; 24:3, 4; Jer 15:4
2 Dikg. 23:27Dut 29:28; 2Dk 25:11; Esk 23:33
2 Dikg. 23:272Dk 18:11; 21:13
2 Dikg. 23:27Dut 12:5; 1Dk 8:29; 9:3
2 Dikg. 23:291Dk 9:15; 2Dt 35:20-25; Sek 12:11
2 Dikg. 23:302Dt 36:1, 2
2 Dikg. 23:31Jer 22:11
2 Dikg. 23:312Dk 24:18
2 Dikg. 23:322Dk 21:1, 2, 19-21
2 Dikg. 23:332Dk 23:29
2 Dikg. 23:33Jer 39:5; 52:10
2 Dikg. 23:332Dt 36:3
2 Dikg. 23:342Dt 36:4, 5
2 Dikg. 23:34Jer 22:11, 12
2 Dikg. 23:36Jer 1:3; 22:18, 19
2 Dikg. 23:362Dt 36:5
2 Dikg. 23:37Jer 26:21; 36:22-24
2 Dikg. 23:372Dt 28:24, 25; 33:1, 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 23:1-37

Dikgosi wa Bobedi

23 Ka jalo, kgosi e ne ya laela gore go bidiwe bagolwane botlhe ba Juda le Jerusalema.+ 2 Morago ga moo, kgosi e ne ya ya kwa ntlong ya ga Jehofa e na le banna botlhe ba Juda, banni botlhe ba Jerusalema, baperesiti le baporofeti: tota e ne e na le batho botlhe, go simologa ka ba babotlana go fitlha ka ba bagolo. E ne ya bala mafoko otlhe a buka+ ya kgolagano+ e e neng e fitlhetswe mo ntlong ya ga Jehofa ba ntse ba reeditse.+ 3 Kgosi e ne ya ema fa pilareng mme ya dira kgolagano* fa pele ga ga Jehofa,+ kgolagano ya gore e tla sala Jehofa morago le go boloka ditaelo tsa gagwe, dikgakololo tsa gagwe le melawana ya gagwe ka pelo yotlhe le ka moya otlhe ka go diragatsa mafoko a kgolagano eno a a neng a kwadilwe mo bukeng eno. Mme batho botlhe ba ne ba dumalana le kgolagano eo.+

4 Go tswa foo, kgosi e ne ya laela Hilekia+ moperesiti yo mogolo, baperesiti ba maemo a bobedi le balebedi ba dikgoro gore ba ntshe dilwana tsotlhe mo tempeleng ya ga Jehofa tse di diretsweng Baale, tse di diretsweng kota e e boitshepo*+ le tse di diretsweng lesomo lotlhe la magodimo. Morago ga moo, o ne a di fisetsa kwa ntle ga Jerusalema mo masimong a Kiderone, mme o ne a isa melora ya tsone kwa Bethele.+ 5 Ka jalo, o ne a tlosa baperesiti ba medimo e sele mo tirong ya bone, ba ba neng ba tlhomilwe ke dikgosi tsa Juda gore ba ntshe ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo a a boitshepo mo metseng ya Juda le mo tikologong ya Jerusalema, mmogo le ba ba ntshang ditlhabelo ba di ntshetsa Baale, letsatsi, ngwedi, setlhopha sa dinaledi sa sodiake le lesomo lotlhe la magodimo.+ 6 O ne a ntsha kota e e boitshepo*+ mo ntlong ya ga Jehofa a e isa kwa ntle ga Jerusalema, kwa Mokgatšheng wa Kiderone, mme o ne a e fisetsa+ mo Mokgatšheng wa Kiderone, a e sila gore e bo e nne lorole a bo a latlhela lorole lwa yone mo mabitleng a batho ba ba humanegileng.+ 7 Gape o ne a thuba matlo a bagwebakammele ba banna ba mo tempeleng,+ a a neng a le mo ntlong ya ga Jehofa le kwa basadi ba neng ba logela matsela a a khurumetsang kota e e boitshepo* teng.

8 Go tswa foo, o ne a ntsha baperesiti botlhe mo metseng ya Juda, mme o ne a dira gore mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a baperesiti ba neng ba ntsha ditlhabelo mo go one a se ka a tshwanela kobamelo, go simologa kwa Geba+ go ya kwa Beere-sheba.+ Gape o ne a thuba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a dikgoro a a neng a le kwa kgorong ya ga Joshua molaodi wa motse, a a neng a le ka fa molemeng fa motho a tsena ka kgoro ya motse. 9 Baperesiti ba mafelo ao a a kwa godimo ba ne ba sa direle kwa sebesong sa ga Jehofa kwa Jerusalema,+ le fa go ntse jalo, ba ne ba ja senkgwe se se se nang sebediso le bomorwarraabone. 10 Gape o ne a dira gore Tofethe,+ e e mo Mokgatšheng wa Bomorwa Hinoma,*+ e se ka ya tshwanela kobamelo, gore motho ope a se ka a fisa morwawe kgotsa morwadie mo molelong* a ntshetsa Moleke setlhabelo.+ 11 O ne a thibela dipitse tse dikgosi tsa Juda di neng di di tlhaoletse kobamelo ya* letsatsi gore di se ka tsa tsena mo ntlong ya ga Jehofa ka phaposi* ya ga Nathane-meleke modiredimogolo wa ntlo ya kgosi, e e neng e le mo ditselaneng tse di ruletsweng; mme o ne a fisa dikara tse di neng di tlhaoletswe kobamelo ya letsatsi.+ 12 Gape kgosi e ne ya senya dibeso tse dikgosi tsa Juda di neng di di dirile mo borulelong+ jwa phaposi e e kwa godimo ya ga Ahase, mmogo le dibeso tse Manase a neng a di dirile mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa.+ O ne a di thuba a bo a gasa lorole lwa tsone mo Mokgatšheng wa Kiderone. 13 Mme kgosi e ne ya dira gore mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a a neng a le fa pele ga Jerusalema a se ka a tshwanela kobamelo, e leng mafelo a a neng a le ka fa borwa* jwa Thaba ya Tshenyo,* a Solomone kgosi ya Iseraele a neng a a agetse Ashethorethe modimo wa mosadi yo o ferosang sebete wa Basidona; le Kemoshe modimo yo o ferosang sebete wa Moabe; le Milekome+ modimo yo o makgapha wa Baamone.+ 14 O ne a thubaganya dipilara tse di boitshepo a bo a rema dikota tse di boitshepo*+ mme o ne a tlatsa mafelo a tsone ka marapo a batho. 15 Gape o ne a thuba sebeso se se kwa Bethele, lefelo le le kwa godimo le le boitshepo le Jeroboame morwa Nebate a neng a le dirile le le neng la dira gore Baiseraele ba leofe.+ Fa a sena go thuba sebeso seo le lefelo leo le le kwa godimo, o ne a fisa lefelo le le kwa godimo, a le sila gore le nne lorole a bo a fisa kota e e boitshepo.*+

16 E rile Josia a retologa mme a bona mabitla mo thabeng, o ne a laela gore go tsewe marapo mo mabitleng ao a bo a a fisetsa mo sebesong, a dira gore se se ka sa tshwanela kobamelo, go ya ka lefoko la ga Jehofa le le neng le builwe ke monna wa Modimo wa boammaaruri yo o neng a boleletse pele gore dilo tseno di ne di tla direga.+ 17 Go tswa foo, o ne a re: “Letlapa lele la lebitla le ke le bonang ke la ga mang?” Foo banna ba motse ba ne ba mo raya ba re: “Ke lebitla la monna wa Modimo wa boammaaruri yo o neng a tswa kwa Juda+ yo o neng a bolelela pele dilo tseno tse o di dirileng sebeso sa Bethele.” 18 Ka jalo, o ne a re: “A a ikhutse. Lo se ka lwa letla ope a tshwenya marapo a gagwe.” Ka jalo, ba ne ba se ka ba tshwenya marapo a gagwe, mmogo le marapo a moporofeti yo o neng a tswa kwa Samarea.+

19 Gape Josia o ne a tlosa matlo otlhe a kobamelo kwa mafelong a a kwa godimo a a boitshepo a a neng a le mo metseng ya Samarea,+ a dikgosi tsa Iseraele di neng di a agile gore di kgopise Modimo, mme o ne a a dira se se tshwanang le se a neng a se dirile kwa Bethele.+ 20 Ka jalo, baperesiti botlhe ba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ba ba neng ba le koo, o ne a ba ntsha setlhabelo mo godimo ga dibeso, mme o ne a fisetsa marapo a batho mo go tsone.+ Morago ga moo, o ne a boela kwa Jerusalema.

21 Jaanong kgosi e ne ya laela batho botlhe ya re: “Direlang Jehofa, Modimo wa lona Tlolaganyo+ fela jaaka go kwadilwe mo bukeng eno ya kgolagano.”+ 22 Go ne go ise go ke go dirwe Tlolaganyo epe e e tshwanang le eno fa e sa le go tloga mo metlheng ya fa baatlhodi ba ne ba atlhola Iseraele kgotsa mo metlheng yotlhe ya dikgosi tsa Iseraele le dikgosi tsa Juda.+ 23 Le fa go ntse jalo, Tlolaganyo eno e e neng ya direlwa Jehofa e ne ya tshwarelwa kwa Jerusalema mo ngwageng wa bo18 wa ga Kgosi Josia.

24 Gape Josia o ne a tlosa batho ba ba dirisanang le badimo, ba ba bolelelang ditiragalo pele,+ difikantswe tsa terafime,*+ medingwana e e ferosang sebete* le dilo tsotlhe tse di ferosang sebete tse di neng di le mo lefatsheng la Juda le mo Jerusalema, gore a diragatse mafoko a Molao+ a a neng a kwadilwe mo bukeng e moperesiti Hilekia a neng a e bona mo ntlong ya ga Jehofa.+ 25 Go ne go se na kgosi epe e e tshwanang le ene pele ga gagwe, e e neng ya boela kwa go Jehofa ka pelo yotlhe le ka moya otlhe+ le ka maatla otlhe, go ya ka Molao otlhe wa ga Moshe; e bile ga go a ka ga nna le ope yo o tshwanang le ene morago ga gagwe.

26 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a se ka a boa mo bogaleng jwa gagwe jo bo neng bo tuketse Juda ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di kgopisang tse Manase a neng a di dirile gore a mo kgopise.+ 27 Jehofa o ne a re: “Juda le yone ke tla e tlosa fa pele ga me,+ fela jaaka ke tlositse Iseraele;+ mme ke tla latlha motse ono o ke o tlhophileng, e leng Jerusalema, le ntlo e ke neng ka bua ka ga yone ka re, ‘Leina la me le tla tswelela le le mo go yone.’”+

28 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Josia, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 29 Mo motlheng wa gagwe, Faro Neko kgosi ya Egepeto o ne a ya go kopana le kgosi ya Asiria kwa Nokeng ya Euferatese, mme Kgosi Josia o ne a tswa a ya go tlhabana le ene; mme e rile Neko a mmona, o ne a mmolaela kwa Megido.+ 30 Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba tsaya setopo sa gagwe ka kara kwa Megido mme ba se tlisa mo Jerusalema ba bo ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe. Go tswa foo, batho ba lefatshe leo ba ne ba tsaya morwa Josia e bong Jehoahase mme ba mo tlotsa ba bo ba mo tlhoma gore a nne kgosi mo boemong jwa ga rraagwe.+

31 Jehoahase+ o ne a na le dingwaga di le 23 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dikgwedi di le tharo mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale+ morwadia Jeremia yo o tswang kwa Libena. 32 O ne a simolola go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, go ya ka sotlhe se borraagwemogolo ba neng ba se dirile.+ 33 Faro Neko+ o ne a mo tsenya mo kgolegelong kwa Ribela+ kwa lefatsheng la Hamathe, gore a se ka a busa mo Jerusalema, go tswa foo a bo a duedisa lefatshe leo ditalenta* tsa selefera di le 100 le talenta ya gauta.+ 34 Mo godimo ga moo, Faro Neko o ne a tlhoma Eliakime morwa Josia gore a nne kgosi mo boemong jwa ga rraagwe a bo a fetola leina la gagwe gore e nne Jehoiakime; mme o ne a tsaya Jehoahase a mo isa kwa Egepeto,+ kwa a neng a swela teng.+ 35 Jehoiakime o ne a naya Faro selefera le gauta, mme o ne a tshwanelwa ke go duedisa batho lekgetho gore a neye Faro selefera e a neng a e batla. O ne a pateletsa motho mongwe le mongwe gore a ntshe selekanyo se se tlhomilweng sa selefera le gauta gore a di neye Faro Neko.

36 Jehoiakime+ o ne a na le dingwaga di le 25 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 11 mo Jerusalema.+ Leina la ga mmaagwe e ne e le Sebida morwadia Pedaia yo o tswang kwa Ruma. 37 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ go ya ka sotlhe se borraagwemogolo ba neng ba se dirile.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela