LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 122
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Thapelo ya gore Jerusalema e nne le kagiso

        • Boitumelo jwa go ya kwa ntlong ya ga Jehofa (1)

        • Motse o o golaganeng (3)

Pesalema 122:1

Ditshupiso

  • +2Sa 6:15; Pes. 27:4; 42:4; 84:10

Pesalema 122:2

Ditshupiso

  • +2Dt 6:6; Pes. 84:7; 100:4

Pesalema 122:3

Ditshupiso

  • +2Sa 5:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2014, ts. 24

    9/1/2006, ts. 15

Pesalema 122:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.

Ditshupiso

  • +Ek 23:17; Dut 12:5, 6

Pesalema 122:5

Ditshupiso

  • +Dut 17:8, 9; 2Dt 19:8
  • +2Sa 7:16; 1Dk 10:18; 1Dt 29:23

Pesalema 122:6

Ditshupiso

  • +Pes. 51:18

Pesalema 122:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dipota tsa gago tse di sireletsegileng.”

Pesalema 122:9

Ditshupiso

  • +1Dt 29:3; Pes. 26:8; 69:9

Ditemana Tse dingwe

Pes. 122:12Sa 6:15; Pes. 27:4; 42:4; 84:10
Pes. 122:22Dt 6:6; Pes. 84:7; 100:4
Pes. 122:32Sa 5:9
Pes. 122:4Ek 23:17; Dut 12:5, 6
Pes. 122:5Dut 17:8, 9; 2Dt 19:8
Pes. 122:52Sa 7:16; 1Dk 10:18; 1Dt 29:23
Pes. 122:6Pes. 51:18
Pes. 122:91Dt 29:3; Pes. 26:8; 69:9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 122:1-9

Dipesalema

Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng. Pesalema ya ga Dafide.

122 Ke ne ka itumela fa ba ne ba nthaya ba re:

“A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa.”+

 2 Mme jaanong dinao tsa rona di eme

Mo teng ga dikgoro tsa gago, wena Jerusalema.+

 3 Jerusalema ke motse o o agilweng

O golagane gore e nne selo se le sengwe.+

 4 Ditso di tlhatlogetse kwa go one,

Ditso tsa ga Jah,*

Go dumalana le kgakololo e e neilweng Iseraele,

Gore di ntshetse leina la ga Jehofa ditebogo.+

 5 Gonne ditulo tsa bogosi tsa katlholo di ne di tlhomilwe gone koo,+

Ditulo tsa bogosi tsa ditlogolwana tsa ga Dafide.+

 6 Rapelelang gore Jerusalema e nne le kagiso.+

Ba ba go ratang, wena motse, ba tla sireletsega.

 7 E kete go ka tswelela go na le kagiso mo teng ga dithako tsa gago tsa phemelo,*

Go na le pabalesego mo ditoreng tsa gago tse di sireletsegileng.

 8 Ka ntlha ya bomorwarre le balekane ba me ke tla re:

“E kete go ka nna le kagiso mo teng ga gago.”

 9 Ka ntlha ya ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa rona,+

Ke tla go batlela se se molemo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela