Lefitiko
8 Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 2 “Tsaya Arone mmogo le bomorwawe,+ diaparo,+ leokwane la go tlotsa,+ poo ya setlhabelo sa boleo, diphelefu tse pedi le mmanki wa senkgwe se se se nang sebediso,+ 3 mme o phuthele phuthego yotlhe kwa kgorong ya tente ya bokopanelo.”
4 Moshe o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme phuthego e ne ya phuthegela kwa kgorong ya tente ya bokopanelo. 5 Jaanong Moshe o ne a raya phuthego a re: “Seno ke se Jehofa a laetseng gore re se dire.” 6 Ka jalo, Moshe o ne a atametsa Arone le bomorwawe mme a ba tlhapisa ka metsi.+ 7 Morago ga moo, o ne a apesa Arone seaparo se setelele,+ a mmofa ka moitlamo wa lotheka,+ a mo apesa seaparo se se se nang mabogo,+ a mo apesa khiba+ a bo a e bofa ka lebanta le le logilweng*+ la khiba, a le bofelela mo go ene. 8 Morago ga moo, o ne a baya kgetsana ya sehuba+ mo go ene a bo a tsenya Urime le Thumime+ mo kgetsaneng ya sehuba. 9 Go tswa foo, o ne a mo rwesa tuku e e kgethegileng+ mme mo pele ga yone a baya mokgabisa* o o phatsimang wa gauta, letshwao le le boitshepo la boineelo,*+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
10 Morago ga moo, Moshe o ne a tsaya leokwane la go tlotsa a bo a tlotsa motlaagana le dilo tsotlhe tse di neng di le mo go one+ mme a di dira boitshepo. 11 Go tswa foo, o ne a kgatšha lengwe la lone gasupa mo sebesong a bo a tlotsa sebeso le dilwana tsotlhe tsa sone le sekotlele le setlhomo sa sone gore a di dire boitshepo. 12 La bofelo o ne a tshela leokwane la go tlotsa mo tlhogong ya ga Arone mme a mo tlotsa gore a mo dire boitshepo.+
13 Morago ga moo, Moshe o ne a atametsa bomorwa Arone mme a ba apesa diaparo tse ditelele, a ba bofa ka meitlamo ya lotheka a bo a ba rwesa* dituku,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
14 Go tswa foo, o ne a tlisa poo ya setlhabelo sa boleo mme Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya poo eo.+ 15 Moshe o ne a e tlhaba a bo a tsaya madi+ a yone mme a ina monwana mo go one a bo a a tshasa mo dinakeng tsa sebeso mo matlhakoreng otlhe a sone mme a se dira boitshepo, mme madi otlhe a a setseng o ne a a tshela kwa tlase mo sebesong. Ka tsela eo, o ne a se dira boitshepo gore ditlhabelo tsa go itshwarelwa maleo di kgone go ntshiwa mo go sone. 16 Morago ga moo, o ne a tsaya mafura otlhe a a neng a le mo godimo ga mala, mafura a sebete, diphilo tse pedi le mafura a tsone, mme Moshe o ne a di fisa gore di kuise mosi mo sebesong.+ 17 Go tswa foo, o ne a laela gore sengwe le sengwe se se neng se setse sa poo, letlalo la yone, nama ya yone le boloko jwa yone, di fisiwe ka molelo kwa ntle ga kampa,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
18 Morago ga moo, o ne a atametsa phelefu ya setlhabelo se se fisiwang, mme Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu eo.+ 19 Go tswa foo, Moshe o ne a e tlhaba mme a kgatšha madi a yone mo matlhakoreng otlhe a sebeso. 20 Moshe o ne a kgaoganya phelefu ka dikarolwana tsa yone, mme o ne a fisa tlhogo ya yone, dikarolwana tseo tsa yone le lemipi* la yone. 21 Moshe o ne a tlhatswa mala a yone le maoto a yone ka metsi, mme a dira gore phelefu yotlhe e kuise mosi mo sebesong. E ne e le setlhabelo se se fisiwang gore e nne lonko lo lo itumedisang.* E ne e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
22 Morago ga moo, o ne a atametsa phelefu ya bobedi, phelefu e e neng e ntshiwa fa go tlhomiwa baperesiti,+ mme Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu.+ 23 Moshe o ne a e tlhaba mme a tsaya madi mangwe a yone a a tshasa mo loretong lwa tsebe ya moja ya ga Arone le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja. 24 Morago ga moo, Moshe o ne a atametsa bomorwa Arone mme a tshasa madi mangwe a yone mo loretong lwa tsebe ya bone ya moja le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa bone sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa bone lwa moja; mme Moshe o ne a kgatšha madi otlhe a a setseng mo matlhakoreng otlhe a sebeso.+
25 Go tswa foo, o ne a tsaya mafura, mogatla o o mafura, mafura otlhe a a neng a le mo godimo ga mala, mafura a sebete, diphilo tse pedi le mafura a tsone le leoto la moja.+ 26 Mo mmanking o o fa pele ga ga Jehofa o o nang le dinkgwe tse di se nang sebediso, o ne a tsaya senkgwe se le sengwe se se bopegileng jaaka leseka,+ senkgwe se le sengwe se se bopegileng jaaka leseka se se tshasitsweng leokwane+ le phaphatha e le nngwe. Morago ga moo, o ne a di baya mo godimo ga dikarolwana tseo tsa mafura le leoto la moja. 27 Go tswa foo, o ne a di baya tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe mme a simolola go di fokisetsa kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa. 28 Morago ga moo, Moshe o ne a di tsaya mo diatleng tsa bone mme a di fisa gore di kuise mosi mo sebesong mo godimo ga setlhabelo se se fisiwang. Di ne tsa nna setlhabelo sa lonko lo lo itumedisang* se se neng se ntshiwa fa go tlhomiwa baperesiti. E ne e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.
29 Go tswa foo, Moshe o ne a tsaya sehuba a se fokisetsa kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa.+ Se ne sa nna kabelo ya ga Moshe e e tswang mo phelefung e e neng e ntshiwa fa go tlhomiwa baperesiti, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.+
30 Moshe o ne a tsaya leokwane la go tlotsa+ le madi mangwe a a neng a le mo sebesong a bo a kgatšha Arone le diaparo tsa gagwe le bomorwawe ba ba neng ba na le ene mmogo le diaparo tsa bone. Ka jalo, o ne a dira gore Arone le diaparo tsa gagwe le bomorwawe+ le diaparo tsa bone ba nne boitshepo.+
31 Go tswa foo, Moshe o ne a raya Arone le bomorwawe a re: “Bedisang+ nama fa kgorong ya tente ya bokopanelo mme lo e jele teng le senkgwe se se leng mo mmanking o o dirisiwang fa baperesiti ba tlhomiwa, fela jaaka ke ne ka laelwa gore, ‘Arone le bomorwawe ba tla e ja.’+ 32 Nama e e salang le senkgwe se se salang lo di fise ka molelo.+ 33 Ga lo a tshwanela go tswa mo kgorong ya tente ya bokopanelo malatsi a le supa, go fitlha malatsi a go tlhomiwa ga lona a wela ka gonne go tla tsaya malatsi a le supa go lo tlhoma gore lo nne baperesiti.*+ 34 Jehofa o laetse gore re dire se re se dirileng gompieno gore lo ntshediwe setlhabelo sa gore lo itshwarelwe maleo.+ 35 Lo tla nna kwa kgorong ya tente ya bokopanelo bosigo le motshegare malatsi a le supa+ lo bo lo diragatsa maikarabelo a lona mo go Jehofa+ gore lo se ka lwa swa; gonne ke laetswe jalo.”
36 Arone le bomorwawe ba ne ba dira dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a di laetse ka Moshe.