LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Thamalakane ya bontsu ba babedi le setlhare sa morara (1-21)

      • Letlhogela le lennye le nna mosedara o mogolo thata (22-24)

Esekiele 17:2

Ditshupiso

  • +Hos 12:10

Esekiele 17:3

Ditshupiso

  • +Dut 28:49, 50; Jer 4:13; Dik 4:19
  • +Jer 22:23
  • +2Dk 24:12; 2Dt 36:9, 10; Jer 24:1

Esekiele 17:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kwa lefatsheng la Kanana.”

Ditshupiso

  • +2Dk 24:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2007, ts. 12-⁠13

Esekiele 17:5

Ditshupiso

  • +2Dk 24:17; Jer 37:1

Esekiele 17:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Esk 17:13, 14
  • +2Dt 36:11

Esekiele 17:7

Ditshupiso

  • +Esk 17:15
  • +Jer 37:5, 7
  • +2Dk 24:20; 2Dt 36:11, 13

Esekiele 17:8

Ditshupiso

  • +Jer 37:1

Esekiele 17:9

Ditshupiso

  • +Jer 21:7
  • +2Dk 25:7

Esekiele 17:12

Ditshupiso

  • +2Dk 24:12, 14; Isa 39:7; Jer 22:24, 25; 52:31, 32

Esekiele 17:13

Ditshupiso

  • +2Dk 24:17; Jer 37:1
  • +2Dt 36:11, 13
  • +2Dk 24:15; Jer 24:1

Esekiele 17:14

Ditshupiso

  • +Jer 27:12; 38:17

Esekiele 17:15

Ditshupiso

  • +2Dk 24:20; 2Dt 36:11, 13
  • +Dut 17:16
  • +Jer 37:5
  • +Jer 32:3, 4

Esekiele 17:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Nebukadenesare.

  • *

    Go tewa Sedekia.

Ditshupiso

  • +Jer 34:2, 3; 52:11

Esekiele 17:17

Ditshupiso

  • +Jer 37:7, 8; Dik 4:17; Esk 29:6

Esekiele 17:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a ntsha seatla sa gagwe.”

Esekiele 17:19

Ditshupiso

  • +Dut 5:11

Esekiele 17:20

Ditshupiso

  • +Esk 12:13
  • +Esk 20:36

Esekiele 17:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kwa phefong nngwe le nngwe.”

Ditshupiso

  • +Esk 12:14
  • +Esk 6:13

Esekiele 17:22

Ditshupiso

  • +Isa 11:1; Jer 23:5
  • +Isa 53:2
  • +Pes. 2:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2007, ts. 12-⁠13

Esekiele 17:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2007, ts. 12-⁠13

Esekiele 17:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithunya.”

Ditshupiso

  • +Isa 9:6; Esk 21:26, 27; Dan 4:17; Amo 9:11
  • +1Sa 2:7, 8; Luk 1:52

Ditemana Tse dingwe

Esek. 17:2Hos 12:10
Esek. 17:3Dut 28:49, 50; Jer 4:13; Dik 4:19
Esek. 17:3Jer 22:23
Esek. 17:32Dk 24:12; 2Dt 36:9, 10; Jer 24:1
Esek. 17:42Dk 24:15
Esek. 17:52Dk 24:17; Jer 37:1
Esek. 17:6Esk 17:13, 14
Esek. 17:62Dt 36:11
Esek. 17:7Esk 17:15
Esek. 17:7Jer 37:5, 7
Esek. 17:72Dk 24:20; 2Dt 36:11, 13
Esek. 17:8Jer 37:1
Esek. 17:9Jer 21:7
Esek. 17:92Dk 25:7
Esek. 17:122Dk 24:12, 14; Isa 39:7; Jer 22:24, 25; 52:31, 32
Esek. 17:132Dk 24:17; Jer 37:1
Esek. 17:132Dt 36:11, 13
Esek. 17:132Dk 24:15; Jer 24:1
Esek. 17:14Jer 27:12; 38:17
Esek. 17:152Dk 24:20; 2Dt 36:11, 13
Esek. 17:15Dut 17:16
Esek. 17:15Jer 37:5
Esek. 17:15Jer 32:3, 4
Esek. 17:16Jer 34:2, 3; 52:11
Esek. 17:17Jer 37:7, 8; Dik 4:17; Esk 29:6
Esek. 17:19Dut 5:11
Esek. 17:20Esk 12:13
Esek. 17:20Esk 20:36
Esek. 17:21Esk 12:14
Esek. 17:21Esk 6:13
Esek. 17:22Isa 11:1; Jer 23:5
Esek. 17:22Isa 53:2
Esek. 17:22Pes. 2:6
Esek. 17:24Isa 9:6; Esk 21:26, 27; Dan 4:17; Amo 9:11
Esek. 17:241Sa 2:7, 8; Luk 1:52
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 17:1-24

Esekiele

17 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, tlhaba thamalakane o bo o bue seane ka batho ba Iseraele.+ 3 O re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ntsu yo mogolo,+ yo o nang le diphuka tse dikgolo, le dintlha tsa diphuka tse ditelele, e bile a tletse mafofa a a mebalabala, o ne a tla kwa Lebanona+ a bo a tsaya karolo e e kwa godimo ya setlhare sa mosedara.+ 4 O ne a kgetla letlhogela la sone le le kwa godimodimo mme a le isa kwa lefatsheng la bagwebi* a bo a le tlhoma mo motseng wa bagwebi.+ 5 Go tswa foo, o ne a tsaya nngwe ya peo ya lefatshe+ leo a bo a e jala mo tshimong ya mmu o o nonneng. O ne a e jala gaufi le metsi a mantsi jaaka setlhare sa mogokare. 6 Ka jalo, e ne ya tlhoga mme ya nna setlhare sa morara* se se golelang kwa tlase se se namang,+ se matlhare a sone a obegetseng ka fa teng le medi ya sone e golelang ka fa tlase ga sone. Jaanong e ne ya nna setlhare sa morara mme sa tlhagisa matlhogela sa bo sa ntsha dikala.+

7 “‘“Mme go ne ga tla ntsu yo mongwe yo mogolo,+ yo o nang le diphuka tse dikgolo le dintlha tsa diphuka tse dikgolo.+ Foo setlhare seno sa morara se ne sa namela medi ya sone kwa go ene, kgakala le ditshingwana tse se neng se jadilwe mo go tsone, mme se ne sa tsharololela matlhare a sone kwa go ene gore a tle a se nosetse.+ 8 Se ne se setse se jadilwe mo tshimong ya mmu o o nonneng gaufi le metsi a mantsi, gore se tlhagise dikala, se ungwe se bo se nne setlhare se segolo thata sa morara.”’+

9 “Bua o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “A se tla gola? A mongwe ga a kitla a kgaola medi ya sone+ a bo a dira gore maungo a sone a bole le gore matlhogela a sone a swabe?+ Se tla omelela thata mo e leng gore ga go kitla go tlhokega lebogo le le nonofileng kgotsa batho ba bantsi gore ba se kumole ka medi. 10 Le fa gone se ntshitswe mo lefelong le lengwe se bo se jalwa mo go le sele, a se tla gola? A ga se kitla se omelela fa se fokwa ke phefo ya botlhaba? Se tla omelela mo tshingwaneng e se neng sa tlhoga mo go yone.”’”

11 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 12 “Tsweetswee raya batlhanogi bano o re, ‘A ga lo lemoge gore dilo tseno di kaya eng?’ O ba reye o re, ‘Kgosi ya Babelona e ne ya tla mo Jerusalema mme ya tsaya kgosi ya motse oo le dikgosana tsa yone e bo e tsamaya le bone kwa Babelona.+ 13 Mo godimo ga moo, e ne ya tsaya mongwe wa losika lwa segosi+ mme ya dira kgolagano le ene e bo e dira gore a ikane.+ Go tswa foo, e ne ya tsaya banna ba ba tlotlegang ba lefatshe leo,+ 14 gore bogosi bo tle bo kokobediwe, bo se ka jwa nna maatla gape, gore bo tle bo kgone go tswelela bo le teng fa fela bo boloka kgolagano ya gagwe.+ 15 Le fa go ntse jalo, la bofelo kgosi e ne ya mo tlhanogela+ ka go romela barongwa ba yone kwa Egepeto gore ba ye go tsaya dipitse+ le masole a mantsi.+ A e tla atlega? A motho yo o dirang dilo tseno o tla tlogelwa fela a sa otlhaiwa? A a ka tlola kgolagano e a e dirileng mme a bo a falola?’+

16 “‘“Ke ikana ka nna,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, “o tla swela kwa Babelona, kwa lefelong le kgosi* e e mo tlhomileng gore a* nne kgosi e nnang kwa go lone, ene yo a neng a nyatsa maikano a gagwe a bo a tlola kgolagano ya gagwe.+ 17 Mme masole a mantsi le mephato e mentsi ya masole a ga Faro ga a kitla a thusa ka sepe kwa ntweng,+ fa go tla bo go dirilwe dithotana le dipota go dikologa motse gore go bolawe batho ba le bantsi. 18 O nyaditse maikano e bile o tlodile kgolagano. O dirile dilo tseno tsotlhe le fa gone a ile a solofetsa,* mme ga a kitla a falola.”’

19 “‘Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke ikana ka nna, ke tla tlisa mo tlhogong ya gagwe ditlamorago tsa go bo a nyaditse maikano+ a me e bile a tlodile kgolagano ya me. 20 Ke tla tsharololela letlowa la me mo godimo ga gagwe, mme o tla tshwarwa ke letlowa la me la go tsoma.+ Ke tla mo isa kwa Babelona ke bo ke mo atlholela gone koo ka gonne a ile a se ka a ikanyega mo go nna.+ 21 Botlhe ba ba tshabileng mo mephatong ya gagwe ya masole ba tla bolawa ka tšhaka, mme ba ba setseng ba tla gasamela kwa dikarolong tse di farologaneng.*+ Foo lo tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke buile.”’+

22 “‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla tsaya letlhogela kwa karolong e e kwa godimo ya setlhare sa mosedara se se goletseng kwa godimo+ ke bo ke le jala, ke tla kgetla letlhogela le lennye kwa godimo ga dikalana tsa sone,+ mme ke tla le jala mo thabeng e e kwa godimo e e tsholetsegileng.+ 23 Ke tla le jala mo thabeng ya Iseraele e e kwa godimo; mme dikala tsa lone di tla gola, e bile le tla tlhagisa maungo le bo le nna mosedara o mogolo thata. Mme dinonyane tsa mofuta mongwe le mongwe di tla nna ka fa tlase ga one e bile di tla nna mo moriting wa dikala tsa one tse di nang le matlhare. 24 Mme ditlhare tsotlhe tsa naga di tla itse gore nna, Jehofa, ke isitse setlhare se se goletseng kwa godimo kwa tlase mme ke tlotlomaditse setlhare se se golelang kwa tlase;+ ke dirile gore setlhare se setala se omelele mme ke dirile gore setlhare se se omeletseng se ntshe malômô.*+ Nna Jehofa, ke buile seno e bile ke se dirile.”’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela