LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Saulo o tlodiwa gore e nne kgosi (1-16)

      • Batho ba itsisiwe gore Saulo ke kgosi (17-27)

1 Samuele 10:1

Ditshupiso

  • +1Sa 16:13; 2Dk 9:2, 3
  • +1Sa 9:16; Dit 13:21
  • +Ek 19:5; Dut 32:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 73

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2011, ts. 27

1 Samuele 10:2

Ditshupiso

  • +Ge 35:19
  • +1Sa 9:3, 5

1 Samuele 10:3

Ditshupiso

  • +Ge 28:19, 22

1 Samuele 10:6

Ditshupiso

  • +Dip 11:25
  • +1Sa 10:10

1 Samuele 10:8

Ditshupiso

  • +1Sa 7:15, 16; 11:14

1 Samuele 10:10

Ditshupiso

  • +Baa 14:5, 6; 1Sa 11:6; 16:13
  • +1Sa 10:6; 19:23

1 Samuele 10:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “seane.”

Ditshupiso

  • +1Sa 19:24

1 Samuele 10:14

Ditshupiso

  • +1Sa 9:3

1 Samuele 10:17

Ditshupiso

  • +1Sa 7:5

1 Samuele 10:18

Ditshupiso

  • +Ek 13:14; Dut 4:34

1 Samuele 10:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikete.”

Ditshupiso

  • +1Sa 8:7; 12:12

1 Samuele 10:20

Ditshupiso

  • +Jos 7:16-18; Dit 1:24
  • +1Sa 9:21

1 Samuele 10:21

Ditshupiso

  • +Dit 13:21

1 Samuele 10:22

Ditshupiso

  • +Baa 1:1; 20:18, 28; 1Sa 23:2

1 Samuele 10:23

Ditshupiso

  • +1Sa 9:2

1 Samuele 10:24

Ditshupiso

  • +Dut 17:14, 15; 1Sa 9:17

1 Samuele 10:25

Ditshupiso

  • +1Sa 8:11-18

1 Samuele 10:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Mme o ne a nna jaaka mongwe yo o se nang puo.”

Ditshupiso

  • +1Sa 11:12
  • +1Dk 10:1, 10; 2Dt 17:5

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 10:11Sa 16:13; 2Dk 9:2, 3
1 Sam. 10:11Sa 9:16; Dit 13:21
1 Sam. 10:1Ek 19:5; Dut 32:9
1 Sam. 10:2Ge 35:19
1 Sam. 10:21Sa 9:3, 5
1 Sam. 10:3Ge 28:19, 22
1 Sam. 10:6Dip 11:25
1 Sam. 10:61Sa 10:10
1 Sam. 10:81Sa 7:15, 16; 11:14
1 Sam. 10:10Baa 14:5, 6; 1Sa 11:6; 16:13
1 Sam. 10:101Sa 10:6; 19:23
1 Sam. 10:121Sa 19:24
1 Sam. 10:141Sa 9:3
1 Sam. 10:171Sa 7:5
1 Sam. 10:18Ek 13:14; Dut 4:34
1 Sam. 10:191Sa 8:7; 12:12
1 Sam. 10:20Jos 7:16-18; Dit 1:24
1 Sam. 10:201Sa 9:21
1 Sam. 10:21Dit 13:21
1 Sam. 10:22Baa 1:1; 20:18, 28; 1Sa 23:2
1 Sam. 10:231Sa 9:2
1 Sam. 10:24Dut 17:14, 15; 1Sa 9:17
1 Sam. 10:251Sa 8:11-18
1 Sam. 10:271Sa 11:12
1 Sam. 10:271Dk 10:1, 10; 2Dt 17:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 10:1-27

Samuele wa Ntlha

10 Go tswa foo, Samuele o ne a tsaya lebotlolo la leokwane a bo a le tshela mo tlhogong ya ga Saulo.+ O ne a mo suna a bo a re: “A Jehofa ga a go tlotsa gore o nne moeteledipele+ wa boswa jwa gagwe?+ 2 Fa o tswa fa go nna gompieno, o tla fitlhela banna ba babedi gaufi le lebitla la ga Ragele+ mo nageng ya ga Benjamine kwa Selesa, mme ba tla go raya ba re, ‘Ditonki tse o neng o ile go di batla di bonwe, mme jaanong rrago o lebetse ka ditonki+ tseo mme o tshwenyegile ka wena. O ntse a re: “Ke tla dira eng ka morwaake?”’ 3 Fa o tswa teng o fetele kwa pele go fitlha o goroga kwa setlhareng se segolo sa Tabore, kwa o tla kopanang le banna ba le bararo gone ba ya kwa Modimong wa boammaaruri kwa Bethele,+ yo mongwe a tshotse dipotsane tse tharo, yo mongwe a tshotse dinkgwe di le tharo mme yo mongwe a tshotse nkgo e kgolo ya beine. 4 Ba tla go botsa gore o tsoga jang ba bo ba go naya dinkgwe di le pedi, mme o amogele dinkgwe tseo mo go bone. 5 Morago ga moo, o tla goroga kwa thoteng ya Modimo wa boammaaruri, kwa go nang le setlhopha sa masole a a sireletsang a Bafilisitia. Fa o goroga kwa motseng, o tla kopana le setlhopha sa baporofeti ba fologa ba tswa kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo, mme kwa pele ga bone go tla bo go tshamekiwa seletswa sa megala le moropana le fulutu le harepa, fa ba ntse ba porofeta. 6 Moya wa ga Jehofa o tla go naya maatla,+ mme o tla porofeta mmogo le bone e bile o tla fetolwa gore o nne motho o sele.+ 7 Fa ditshupo tseno di sena go diragala, o dire sengwe le sengwe se seatla sa gago se se kgonang, ka gonne Modimo wa boammaaruri o na le wena. 8 Go tswa foo, o tsamaye kwa pele ga me o ye kwa Gilegala,+ mme ke tla ya kwa go wena teng koo ke ya go ntsha ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana. O lete malatsi a le supa go fitlha ke tla kwa go wena. Go tswa foo, ke tla go itsise se o tshwanetseng go se dira.”

9 Fela fa Saulo a retologa a tswa fa go Samuele, Modimo o ne a simolola go fetola pelo ya gagwe gore e nne jaaka ya motho o sele, mme ditshupo tseno tsotlhe di ne tsa diragala mo go lone letsatsi leo. 10 Ka jalo, ba ne ba tswa foo ba ya kwa thoteng, mme setlhopha sa baporofeti se ne sa kopana le ene. Gone fela foo, moya wa Modimo o ne wa mo naya maatla,+ mme o ne a simolola go porofeta+ mo go bone. 11 E rile botlhe ba ba neng ba ntse ba mo itse ba mmona a porofeta le baporofeti, ba ne ba raana ba re: “Go diragetse eng ka morwa Kishe? A Saulo le ene ke mongwe wa baporofeti?” 12 Foo monna mongwe wa koo o ne a re: “Mme gone, rraabone ke mang?” Ka jalo, go ne ga nna le polelo* e e reng: “A Saulo le ene ke mongwe wa baporofeti?”+

13 Fa a fetsa go porofeta, o ne a ya kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo. 14 Moragonyana rangwanaagwe Saulo o ne a raya Saulo le motlhokomedi wa gagwe a re: “Lo ne lo ile kae?” Foo o ne a re: “Re ne re ile go batla ditonki,+ mme ra se ka ra di bona, ka jalo re ne ra ya kwa go Samuele.” 15 Rangwanaagwe Saulo o ne a botsa jaana: “Tsweetswee, a ko o mpolelele, Samuele o lo reile a reng?” 16 Saulo o ne a araba rangwanaagwe a re: “O ne a re bolelela gore ditonki di setse di bonwe.” Le fa go ntse jalo, Saulo ga a ka a mmolelela se Samuele a neng a se buile ka kgang ya bogosi.

17 Go tswa foo, Samuele o ne a phuthela batho kwa go Jehofa kwa Misepa+ 18 mme o ne a raya Baiseraele a re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: ‘Ke nna yo ke neng ka ntsha Iseraele kwa Egepeto le yo ke neng ka lo golola mo seatleng sa Egepeto+ le mo seatleng sa magosi otlhe a a neng a lo gatelela. 19 Le fa go ntse jalo, gompieno lo ganne Modimo wa lona+ yo e neng e le Mmoloki wa lona mo bosuleng le mo matshwenyegong otlhe a lona, mme lo ne lwa re: “Nnyaa, o tshwanetse go re tlhomela kgosi.” Jaanong emang fa pele ga ga Jehofa go ya ka ditso tsa lona le ka dikgotla* tsa lona.’”

20 Ka jalo, Samuele o ne a laela gore ditso tsotlhe tsa Iseraele di atamele,+ mme go ne ga tlhophiwa lotso lwa ga Benjamine.+ 21 Go tswa foo, o ne a laela gore lotso lwa ga Benjamine lo atamele go ya ka malapa a lone, mme go ne ga tlhophiwa lelapa la Bamateri. La bofelo go ne ga tlhophiwa Saulo morwa Kishe.+ Mme fa ba ya go mmatla, ba ne ba se ka ba mmona. 22 Ka jalo, ba ne ba botsa Jehofa+ jaana: “A monna yoo o setse a tlile fano?” Jehofa o ne a araba a re: “Ke yole o iphitlhile mo dithotong.” 23 Ka jalo, ba ne ba siana ba ya go mo ntsha teng. Fa a ema mo gare ga batho, o ne a le moleele go feta batho ba bangwe botlhe mme ba ne ba fitlha mo magetleng a gagwe fela.+ 24 Samuele o ne a raya batho botlhe a re: “A lo bona yo Jehofa a mo tlhophileng,+ gore ga go na ope yo o tshwanang le ene mo bathong botlhe?” Mme batho botlhe ba ne ba simolola go goa ba re: “A kgosi e tshele lobaka lo loleele!”

25 Samuele o ne a bua le batho ka tshwanelo e dikgosi di nang le yone+ mme o ne a e kwala mo bukeng a bo a e baya fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, Samuele o ne a naya batho botlhe tsela, mongwe le mongwe a ya kwa ntlong ya gagwe. 26 Saulo le ene o ne a ya kwa legaeng la gagwe kwa Gibea, a na le batlhabani ba Jehofa a neng a amile dipelo tsa bone. 27 Le fa go ntse jalo, banna ba ba se nang molemo wa sepe ba ne ba re: “A monna yono o tla kgona go re boloka?”+ Ka jalo, ba ne ba mo nyatsa e bile ga ba a ka ba tlisa mpho epe kwa go ene.+ Mme o ne a se ka a bua sepe ka gone.*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela