LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Josia, kgosi ya Juda (1, 2)

      • Ditaelo tsa gore tempele e baakanngwe jang (3-7)

      • Buka ya Molao e a bonwa (8-13)

      • Huleda o porofeta ka masetlapelo a a tla tlang (14-20)

2 Dikgosi 22:1

Ditshupiso

  • +1Dk 13:2; Jer 1:2; Sfn 1:1
  • +2Dt 34:1, 2
  • +Jos 15:20, 39

2 Dikgosi 22:2

Ditshupiso

  • +1Dk 15:5

2 Dikgosi 22:3

Ditshupiso

  • +2Dt 34:8

2 Dikgosi 22:4

Ditshupiso

  • +1Dt 6:13
  • +2Dk 12:4, 5; 2Dt 24:8
  • +2Dk 12:9; 2Dt 34:9

2 Dikgosi 22:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phatlogileng.”

Ditshupiso

  • +2Dk 12:11, 12; 2Dt 34:10

2 Dikgosi 22:6

Ditshupiso

  • +2Dt 34:11

2 Dikgosi 22:7

Ditshupiso

  • +2Dk 12:15; 2Dt 34:12

2 Dikgosi 22:8

Ditshupiso

  • +2Dk 22:3
  • +Dut 31:24-26
  • +2Dt 34:14, 15

2 Dikgosi 22:9

Ditshupiso

  • +2Dt 34:16-18

2 Dikgosi 22:10

Ditshupiso

  • +Dut 31:9

2 Dikgosi 22:11

Ditshupiso

  • +2Dt 34:19-21; Joe 2:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/1/2000, ts. 30

2 Dikgosi 22:12

Ditshupiso

  • +2Dk 25:22; Jer 26:24

2 Dikgosi 22:13

Ditshupiso

  • +Dut 4:24; 29:27; 31:17

2 Dikgosi 22:14

Ditshupiso

  • +Ek 15:20; Baa 4:4; Neh 6:14; Luk 2:36; Dit 21:8, 9
  • +2Dt 34:22-28

2 Dikgosi 22:16

Ditshupiso

  • +2Dk 22:8

2 Dikgosi 22:17

Ditshupiso

  • +Ek 20:3; Dut 32:17; Baa 2:12; Jer 2:11
  • +Isa 2:8
  • +Dut 32:22; Isa 33:14; Jer 7:20; Esk 20:48

2 Dikgosi 22:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ya nna bonolo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 21:29; Jak 4:6
  • +2Dk 22:11

2 Dikgosi 22:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke gone ka moo ke tla go phuthelang kwa go borragomogolo.” Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2000, ts. 30

    9/15/2000, ts. 30

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 22:11Dk 13:2; Jer 1:2; Sfn 1:1
2 Dikg. 22:12Dt 34:1, 2
2 Dikg. 22:1Jos 15:20, 39
2 Dikg. 22:21Dk 15:5
2 Dikg. 22:32Dt 34:8
2 Dikg. 22:41Dt 6:13
2 Dikg. 22:42Dk 12:4, 5; 2Dt 24:8
2 Dikg. 22:42Dk 12:9; 2Dt 34:9
2 Dikg. 22:52Dk 12:11, 12; 2Dt 34:10
2 Dikg. 22:62Dt 34:11
2 Dikg. 22:72Dk 12:15; 2Dt 34:12
2 Dikg. 22:82Dk 22:3
2 Dikg. 22:8Dut 31:24-26
2 Dikg. 22:82Dt 34:14, 15
2 Dikg. 22:92Dt 34:16-18
2 Dikg. 22:10Dut 31:9
2 Dikg. 22:112Dt 34:19-21; Joe 2:13
2 Dikg. 22:122Dk 25:22; Jer 26:24
2 Dikg. 22:13Dut 4:24; 29:27; 31:17
2 Dikg. 22:14Ek 15:20; Baa 4:4; Neh 6:14; Luk 2:36; Dit 21:8, 9
2 Dikg. 22:142Dt 34:22-28
2 Dikg. 22:162Dk 22:8
2 Dikg. 22:17Ek 20:3; Dut 32:17; Baa 2:12; Jer 2:11
2 Dikg. 22:17Isa 2:8
2 Dikg. 22:17Dut 32:22; Isa 33:14; Jer 7:20; Esk 20:48
2 Dikg. 22:191Dk 21:29; Jak 4:6
2 Dikg. 22:192Dk 22:11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 22:1-20

Dikgosi wa Bobedi

22 Josia+ o ne a na le dingwaga di le robedi fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 31 mo Jerusalema.+ Leina la ga mmaagwe e ne e le Jedida morwadia Adaia yo o tswang kwa Bosekathe.+ 2 O ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa e bile o ne a tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa ga Dafide rraagwemogolo,+ mme ga a ka a tsaya tsela e e phoso.

3 Mo ngwageng wa bo18 wa ga Kgosi Josia, kgosi e ne ya roma mokwaledi e bong Shafane, morwa Asalia morwa Meshulame, kwa ntlong ya ga Jehofa,+ a re: 4 “Ya kwa go Hilekia+ moperesiti yo mogolo, mme o mmolelele gore a phuthe madi otlhe a a tlisiwang mo ntlong ya ga Jehofa,+ a balebedi ba dikgoro ba a phuthileng mo bathong.+ 5 A madi ao a newe ba ba tlhomilweng go okamela tiro e e dirwang mo ntlong ya ga Jehofa, mme bone ba tla a naya badiri ba ba berekang mo ntlong ya ga Jehofa gore ba baakanye ntlo mo e senyegileng* teng,+ 6 ba a neye badiri ba ba ditswerere, baagi le ba ba agang ka leje; mme ba a dirisetse go reka dikota le maje a a segilweng gore ba baakanye ntlo.+ 7 Le fa go ntse jalo, ga ba tlhoke go ntsha pego ya kafa ba dirisitseng madi ka teng ka gonne ba a ikanyega.”+

8 Moragonyana Hilekia moperesiti yo mogolo o ne a raya mokwaledi e bong Shafane+ a re: “Ke bone buka ya Molao+ mo ntlong ya ga Jehofa.” Ka jalo, Hilekia o ne a naya Shafane buka eo, mme o ne a simolola go e bala.+ 9 Go tswa foo, mokwaledi e bong Shafane o ne a ya kwa kgosing a bo a mo raya a re: “Batlhanka ba gago ba ntshitse madi a a fitlhetsweng mo ntlong, mme ba a neile batho ba ba tlhomilweng go okamela tiro e e dirwang mo ntlong ya ga Jehofa.”+ 10 Gape mokwaledi e bong Shafane o ne a raya kgosi a re: “Go na le buka+ e moperesiti Hilekia a e nneileng.” Foo Shafane o ne a simolola go e bala fa pele ga kgosi.

11 Fela fa kgosi e utlwa mafoko a buka eo ya Molao, e ne ya gagoganya diaparo tsa yone.+ 12 Go tswa foo, kgosi e ne ya naya moperesiti Hilekia, Ahikame+ morwa Shafane, Akabore morwa Mikaia, Shafane mokwaledi le Asaia motlhanka wa kgosi taelo eno: 13 “Tsamayang, lo ye go botsa Jehofa ka nna le ka batho ba ba setseng mo Iseraele le mo Juda gore mafoko a buka e e bonweng a re ama jang; ka gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo re tukelang bo bogolo,+ ka gonne borraaronamogolo ga ba a ikobela mafoko a buka eno e bile ga ba a boloka sotlhe se re se kwaletsweng.”

14 Ka jalo, moperesiti Hilekia, Ahikame, Akabore, Shafane le Asaia ba ne ba ya kwa go moporofeti Huleda.+ E ne e le mosadi wa ga Shalume morwa Tikefa morwa Harahase, motlhokomedi wa phaposi ya diaparo, mme o ne a nna mo Karolong ya Bobedi ya Jerusalema; mme ba ne ba bua le ene teng koo.+ 15 O ne a ba raya a re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang, ‘Bolelelang monna yo o lo romileng kwa go nna lo re: 16 “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Ke tla tlisa masetlapelo mo lefelong leno le mo banning ba lone. Mafoko otlhe a a mo bukeng e kgosi ya Juda e e badileng a tla diragadiwa.+ 17 E re ka ba ntlogetse mme ba ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo+ gore ba nkgopise ka tiro yotlhe ya diatla tsa bone,+ bogale jwa me bo tla tukela lefelo leno mme ga bo kitla bo timiwa.’”+ 18 Le fa go ntse jalo, lo reye kgosi ya Juda e e lo romileng go tla go botsa Jehofa, lo re, “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: ‘Ka ga mafoko a o a utlwileng, 19 e re ka pelo ya gago e ile ya reetsa* mme wa ikokobetsa+ fa pele ga ga Jehofa fa o ne o utlwa se ke se buileng ka lefelo leno le banni ba lone, gore ba tla nna selo se se tshosang le phutso, mme o ile wa gagoganya diaparo tsa gago+ wa bo wa lela fa pele ga me, le nna ke go utlwile, go bua Jehofa. 20 Ke gone ka moo o tla swang jaaka borragomogolo,* mme o tla fitlhwa mo lebitleng la gago ka kagiso, mme ga o kitla o bona masetlapelo otlhe a ke tla a tlisetsang lefelo leno.’”’” Foo ba ne ba tlisetsa kgosi karabo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela