LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Lelapa la ga Dafide le nonofela pele (1)

      • Bomorwa Dafide (2-5)

      • Abenere o tshabela kwa go Dafide (6-21)

      • Joabe o bolaya Abenere (22-30)

      • Dafide o hutsafalela Abenere (31-39)

2 Samuele 3:1

Ditshupiso

  • +1Sa 15:27, 28; 24:17, 20; 26:25
  • +2Sa 2:17

2 Samuele 3:2

Ditshupiso

  • +1Dt 3:1-4
  • +2Sa 13:1
  • +1Sa 25:43

2 Samuele 3:3

Ditshupiso

  • +1Sa 25:42
  • +2Sa 15:12
  • +2Sa 13:37

2 Samuele 3:4

Ditshupiso

  • +1Dk 1:5

2 Samuele 3:6

Ditshupiso

  • +2Sa 2:8

2 Samuele 3:7

Ditshupiso

  • +2Sa 21:8-11
  • +2Sa 2:10
  • +2Sa 16:21; 1Dk 2:22

2 Samuele 3:9

Ditshupiso

  • +1Sa 15:27, 28; Pes. 78:70; 89:20

2 Samuele 3:10

Ditshupiso

  • +Baa 20:1; 2Sa 24:2

2 Samuele 3:11

Ditshupiso

  • +2Sa 3:39

2 Samuele 3:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mme bona! seatla sa me se na le wena.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:3

2 Samuele 3:13

Ditshupiso

  • +1Sa 18:20; 19:11; 1Dt 15:29

2 Samuele 3:14

Ditshupiso

  • +2Sa 2:10
  • +1Sa 18:25, 27

2 Samuele 3:15

Ditshupiso

  • +1Sa 25:44

2 Samuele 3:16

Ditshupiso

  • +2Sa 16:5; 1Dk 2:8

2 Samuele 3:18

Ditshupiso

  • +1Sa 13:14; 15:27, 28; 16:1, 13; Pes. 89:3, 20; 132:17; Dit 13:22

2 Samuele 3:19

Ditshupiso

  • +1Sa 10:20, 21; 1Dt 12:29

2 Samuele 3:23

Ditshupiso

  • +2Sa 8:16
  • +1Sa 14:50; 2Sa 2:8, 22
  • +1Sa 14:51

2 Samuele 3:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

2 Samuele 3:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka ntlha ya madi a ga.”

Ditshupiso

  • +2Sa 3:20
  • +1Dk 2:5
  • +2Sa 2:22, 23

2 Samuele 3:28

Ditshupiso

  • +Ge 9:6; Ek 21:12; Dip 35:33; Dut 21:9

2 Samuele 3:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gongwe go tewa monna wa segole yo go tlhokegang gore a dire tiro ya basadi.

Ditshupiso

  • +Pes. 7:16; 55:23; Dia 5:22
  • +Lef 15:2
  • +Lef 13:44; Dip 5:2
  • +Dut 27:24; Pes. 109:2, 10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2005, ts. 16-⁠17

2 Samuele 3:30

Ditshupiso

  • +2Sa 2:24
  • +2Sa 2:8
  • +2Sa 2:23

2 Samuele 3:34

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo koporeng.”

  • *

    Seheb., “bomorwa tshiamololo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 2:31, 32

2 Samuele 3:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “senkgwe sa khutsafalo.”

Ditshupiso

  • +Baa 20:26

2 Samuele 3:37

Ditshupiso

  • +2Sa 3:28; 1Dk 2:5

2 Samuele 3:38

Ditshupiso

  • +1Sa 14:50; 2Sa 2:8; 3:12

2 Samuele 3:39

Ditshupiso

  • +2Sa 2:4
  • +1Dt 2:15, 16
  • +2Sa 19:13; 20:10
  • +2Sa 3:29; 1Dk 2:5, 34

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 3:11Sa 15:27, 28; 24:17, 20; 26:25
2 Sam. 3:12Sa 2:17
2 Sam. 3:21Dt 3:1-4
2 Sam. 3:22Sa 13:1
2 Sam. 3:21Sa 25:43
2 Sam. 3:31Sa 25:42
2 Sam. 3:32Sa 15:12
2 Sam. 3:32Sa 13:37
2 Sam. 3:41Dk 1:5
2 Sam. 3:62Sa 2:8
2 Sam. 3:72Sa 21:8-11
2 Sam. 3:72Sa 2:10
2 Sam. 3:72Sa 16:21; 1Dk 2:22
2 Sam. 3:91Sa 15:27, 28; Pes. 78:70; 89:20
2 Sam. 3:10Baa 20:1; 2Sa 24:2
2 Sam. 3:112Sa 3:39
2 Sam. 3:122Sa 5:3
2 Sam. 3:131Sa 18:20; 19:11; 1Dt 15:29
2 Sam. 3:142Sa 2:10
2 Sam. 3:141Sa 18:25, 27
2 Sam. 3:151Sa 25:44
2 Sam. 3:162Sa 16:5; 1Dk 2:8
2 Sam. 3:181Sa 13:14; 15:27, 28; 16:1, 13; Pes. 89:3, 20; 132:17; Dit 13:22
2 Sam. 3:191Sa 10:20, 21; 1Dt 12:29
2 Sam. 3:232Sa 8:16
2 Sam. 3:231Sa 14:50; 2Sa 2:8, 22
2 Sam. 3:231Sa 14:51
2 Sam. 3:272Sa 3:20
2 Sam. 3:271Dk 2:5
2 Sam. 3:272Sa 2:22, 23
2 Sam. 3:28Ge 9:6; Ek 21:12; Dip 35:33; Dut 21:9
2 Sam. 3:29Pes. 7:16; 55:23; Dia 5:22
2 Sam. 3:29Lef 15:2
2 Sam. 3:29Lef 13:44; Dip 5:2
2 Sam. 3:29Dut 27:24; Pes. 109:2, 10
2 Sam. 3:302Sa 2:24
2 Sam. 3:302Sa 2:8
2 Sam. 3:302Sa 2:23
2 Sam. 3:341Dk 2:31, 32
2 Sam. 3:35Baa 20:26
2 Sam. 3:372Sa 3:28; 1Dk 2:5
2 Sam. 3:381Sa 14:50; 2Sa 2:8; 3:12
2 Sam. 3:392Sa 19:13; 20:10
2 Sam. 3:392Sa 3:29; 1Dk 2:5, 34
2 Sam. 3:392Sa 2:4
2 Sam. 3:391Dt 2:15, 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 3:1-39

Samuele wa Bobedi

3 Ntwa fa gare ga losika lwa ga Saulo le losika lwa ga Dafide e ne ya tswelela ka lobaka lo loleele; Dafide o ne a nna a nonofela pele,+ mme losika lwa ga Saulo lo ne lwa koafala ka iketlo.+

2 Mo nakong eno yotlhe, Dafide o ne a tsholelwa bana ba basimane kwa Heberone.+ Leitibolo la gagwe e ne e le Amenone+ yo a neng a mo tsholetswe ke Ahinoame+ mosadi wa kwa Jesereele. 3 Wa bobedi e ne e le Kileabe yo a neng a mo tsholetswe ke Abigaile,+ motlholagadi wa ga Nabale wa Mokaremele; mme wa boraro e ne e le Abesalome+ morwa Maaka, morwadia Talemai+ kgosi ya kwa Geshure. 4 Wa bonê e ne e le Adonija+ morwa Hagithe, mme wa botlhano e le Shefatia morwa Abitale. 5 Wa borataro e ne e le Ithereame yo a neng a mo tsholetswe ke Egela, mosadi wa ga Dafide. Dafide o ne a tsholelwa bana bano kwa Heberone.

6 Fa ntwa e e fa gare ga losika lwa ga Saulo le losika lwa ga Dafide e ntse e tsweletse, Abenere+ o ne a tswelela a nna le tlhotlheletso e kgolo mo losikeng lwa ga Saulo. 7 Jaanong Saulo o ne a kile a nna le mogadingwana yo leina la gagwe e neng e le Risepa,+ morwadia Aia. Moragonyana Ishe-boshethe+ o ne a raya Abenere a re: “Ke ka ntlha yang fa o ne o tlhakanela dikobo le mogadingwana wa ga rre?”+ 8 Abenere o ne a galefa fela thata ka ntlha ya mafoko a ga Ishe-boshethe mme o ne a re: “A nna ke tlhogo ya ntša e e tswang kwa Juda? Go tla go fitlha mo letsatsing leno, ke bontshitse losika lwa ga rrago e bong Saulo le bomorwarraagwe le ditsala tsa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng, mme ga ke a go tsenya mo seatleng sa ga Dafide; le fa go ntse jalo, gompieno o ntshekisetsa go bo ke tlhakanetse dikobo le mosadi. 9 E kete Modimo a ka otlhaya Abenere mo go botlhoko fa nka se ka ka direla Dafide fela jaaka Jehofa a mo ikanetse:+ 10 ka fudusa bogosi mo losikeng lwa ga Saulo le go tiisa setulo sa bogosi sa ga Dafide mo Iseraele le mo Juda, go simologa kwa Dana go ya go fitlha kwa Beere-sheba.”+ 11 Ishe-boshethe o ne a se ka a kgona go bua lefoko le lengwe gape go araba Abenere ka gonne o ne a mo tshaba.+

12 Ka yone nako eo, Abenere o ne a romela barongwa kwa go Dafide a re: “Lefatshe ke la ga mang?” O ne a oketsa jaana: “Dira kgolagano le nna, mme ke tla dira sepe fela se nka se kgonang* go busetsa Iseraele yotlhe kwa go wena.”+ 13 Foo Dafide o ne a araba jaana: “Go siame! Ke tla dira kgolagano le wena. Selo se le sengwe fela se ke se kopang mo go wena, ke gore o se ka wa leka go bona sefatlhego sa me ntle le fa pele o ka tlisa Mikale,+ morwadia Saulo, fa o tla go mpona.” 14 Go tswa foo, Dafide o ne a romela barongwa kwa go Ishe-boshethe,+ morwa Saulo, a re: “Nneye mosadi wa me e bong Mikale, yo ke neng ka mmeeletsa ka matlalo a bonna a Bafilisitia a le 100.”+ 15 Ka jalo, Ishe-boshethe o ne a laela gore a ye go tsewa kwa monneng wa gagwe e bong Palatiele+ morwa Laishe. 16 Le fa go ntse jalo, monna wa gagwe o ne a nna a tsamaya le ene, a lela fa a ntse a mo setse morago go ya go fitlha kwa Bahurime.+ Foo Abenere o ne a mo raya a re: “Tsamaya, boa!” Fa a rialo, o ne a boa.

17 Mo nakong eo, Abenere o ne a raya bagolwane ba Iseraele, a re: “Ga lo bolo go batla gore Dafide a nne kgosi ya lona. 18 Jaanong ke nako ya gore lo mo dire kgosi, ka gonne Jehofa o ne a raya Dafide a re: ‘Ke tla golola batho ba me ba Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia le mo seatleng sa baba botlhe ba bone ka seatla sa ga Dafide motlhanka wa me.’”+ 19 Go tswa foo, Abenere o ne a bua le batho ba Benjamine.+ Gape Abenere o ne a ya go bua le Dafide mo sephiring kwa Heberone a mmolelela se Baiseraele le botlhe ba lotso lwa Benjamine ba dumalaneng ka sone.

20 E rile Abenere a tla mo go Dafide kwa Heberone a na le banna ba le 20, Dafide o ne a direla Abenere le banna ba ba nang le ene mokete. 21 Go tswa foo, Abenere o ne a raya Dafide a re: “Morena wa me kgosi, mma ke tsamaye ke ye go phuthela Baiseraele botlhe kwa go wena, gore ba tle ba dire kgolagano le wena, mme o tla nna kgosi ya setšhaba sotlhe sa Iseraele.” Ka jalo, Dafide o ne a naya Abenere tsela, mme o ne a tsamaya ka kagiso.

22 Ka yone nako eo, batlhanka ba ga Dafide le Joabe ba ne ba goroga ba tswa go tlhasela, ba tla le dilo tse dintsi thata tse ba neng ba di gapile. Abenere o ne a sa tlhole a na le Dafide kwa Heberone, ka gonne o ne a mo neile tsela gore a tsamaye ka kagiso. 23 E rile Joabe+ a goroga le masole otlhe a a neng a na le ene, Joabe o ne a bolelelwa jaana: “Abenere+ morwa Nere+ o ne a tlile kwa kgosing, mme o ne a mo naya tsela, mme o ne a tsamaya ka kagiso.” 24 Ka jalo, Joabe o ne a tsena kwa kgosing mme a re: “Ke eng se o se dirileng? Abenere o ne a tlile mo go wena. Ke ka ntlha yang fa o ne o mo naya tsela gore a tsamaye ka kagiso? 25 O itse Abenere morwa Nere! O ne a tlile go go tsietsa le gore a itse sengwe le sengwe ka wena le gore a bone sengwe le sengwe se o se dirang.”

26 Ka jalo, Joabe o ne a tswa fa go Dafide mme a romela barongwa gore ba latele Abenere, mme ba ne ba mmusa kwa khuting ya go bolokela metsi* ya Sira; le fa go ntse jalo, Dafide o ne a sa itse sepe ka seo. 27 E rile Abenere a boela kwa Heberone,+ Joabe o ne a mo tseela kwa thoko mo teng ga kgoro ya motse gore a bue le ene mo sephiring. Le fa go ntse jalo, fa ba le koo o ne a mo tlhaba mo mpeng, mme o ne a swa;+ o ne a dira seno ka gonne a ne a bolaile* morwarraagwe e bong Asahele.+ 28 Fa Dafide a utlwa ka gone moragonyana, o ne a re: “Nna le bogosi jwa me ga re na molato ka bosakhutleng fa pele ga ga Jehofa ka ntlha ya madi+ a ga Abenere morwa Nere. 29 A molato oo o boele mo go Joabe+ le mo go botlhe ba lelapa la ga rraagwe. E kete mo lelapeng la ga Joabe go ka nna go na le monna yo o tswang boladu mo serweng sa gagwe sa tsalo+ kgotsa molepero+ kgotsa monna yo o berekang kwa thobaneng ya selogi* kgotsa yo o wang ka tšhaka kgotsa yo o tlhokang dijo!”+ 30 Ka jalo, Joabe le morwarraagwe e bong Abishai+ ba ne ba bolaya Abenere+ ka gonne a ne a bolaile Asahele morwarraabone mo tlhabanong+ kwa Gibeone.

31 Go tswa foo, Dafide o ne a raya Joabe le batho botlhe ba ba nang le ene a re: “Gagoganyang diaparo tsa lona mme lo ipofe ka letsela la kgetsi lo bo lo lelele Abenere.” Kgosi Dafide o ne a tsamaya fa morago ga bolawana jwa go tshola setopo. 32 Ba ne ba fitlha Abenere kwa Heberone; mme kgosi e ne ya goa ya lela kwa lebitleng la ga Abenere, batho botlhe le bone ba ne ba lela. 33 Kgosi e ne ya opelela Abenere mme ya re:

“A Abenere o tshwanetse go swa loso lwa motho yo o se nang tlhaloganyo?

34 Diatla tsa gago di ne di sa bofiwa,

Le dinao tsa gago di ne di se mo dikeetaneng.*

O ole jaaka mongwe yo o wang fa pele ga dikebekwa.”*+

Foo batho botlhe ba ne ba mo lelela gape.

35 Moragonyana batho botlhe ba ne ba tla go naya Dafide senkgwe sa kgomotso* fa go ne go sa ntse go le motshegare, mme Dafide o ne a ikana jaana: “E kete Modimo a ka nkotlhaya mo go botlhoko fa nka latswa senkgwe kgotsa sepe fela pele letsatsi le phirima!”+ 36 Batho botlhe ba ne ba ela seno tlhoko, mme se ne sa ba itumedisa. Se ne sa itumedisa batho botlhe, fela jaaka sengwe le sengwe se kgosi e neng e se dira. 37 Ka jalo, batho botlhe ba ga Dafide le Baiseraele botlhe ba ne ba itse mo letsatsing leo gore kgosi ga se yone e e neng e dirile gore Abenere morwa Nere a bolawe.+ 38 Go tswa foo, kgosi e ne ya raya batlhanka ba yone ya re: “A ga lo itse gore mo letsatsing leno go ole kgosana le monna yo mogolo mo Iseraele?+ 39 Gompieno ke bokoa, le fa gone ke tloditswe gore ke nne kgosi,+ mme banna bano, bomorwa Seruia,+ ba setlhogo thata.+ E kete Jehofa a ka duela modirabosula go ya ka bosula jwa gagwe.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela