Isaia
31 Ruri go latlhega ba ba yang kwa Egepeto ba ya go batla thuso,+
Ba ba ikaegang ka dipitse,+
Ba ba ikanyang dikara tsa ntwa ka gonne di le dintsi,
Le dipitse tsa ntwa* ka gonne di na le maatla.
Mme ga ba lebe kwa Modimong yo o Boitshepo wa Iseraele,
E bile ga ba senke Jehofa.
2 Mme le ene o botlhale e bile o tla tlisa masetlapelo,
E bile ga a kitla a busetsa mafoko a gagwe kwa morago.
O tla tlhasela ntlo ya badirabosula
E bile o tla tlhasela ba ba thusang batho ba ba dirang dilo tse di sa siamang.+
3 Mme gone, Baegepeto ke bathonyana fela, ga se Modimo;
Dipitse tsa bone ke nama mme ga se ditshedi tsa semoya.+
Fa Jehofa a otlolola seatla sa gagwe,
Ope fela yo o thusang o tla kgopiwa
Le ope fela yo o thusiwang o tla wa;
Botlhe ba tla nyelela ka nako e le nngwe.
4 Gonne seno ke se Jehofa a neng a se mpolelela:
“Fela jaaka tau e kurutla, e leng tawana* e e maatla, ka ntlha ya se e se tsomang,
Fa setlhopha sotlhe sa badisa se biditswe gore se tle go e tlhasela,
Mme e sa tshosiwe ke mantswe a bone
Kgotsa e sa boifisiwe ke modumo wa bone,
Ka tsela e e tshwanang, Jehofa wa masomosomo o tla tla go bolotsa ntwa
Ka ntlha ya Thaba ya Siona le thota ya gagwe.
5 Fela jaaka dinonyane tse di fologelang kwa tlase gore di phamole sengwe,
Jehofa wa masomosomo le ene o tla femela Jerusalema jalo.+
O tla mo femela a bo a mo golola.
O tla mo sireletsa a bo a mo falotsa.”
6 “Lona batho ba Iseraele, boelang kwa go Ene yo lo mo tlhanogetseng botlhoko.+ 7 Gonne mo letsatsing leo mongwe le mongwe o tla latlha medimo ya gagwe e e se nang mosola ya selefera le medimo ya gagwe e e se nang mosola ya gauta, e lo neng lwa leofa ka go e dira.
8 Mme Moasiria o tla wa ka tšhaka, e seng tšhaka ya motho;
E bile o tla bolawa ka tšhaka, e seng tšhaka ya motho.+
O tla tshaba ka ntlha ya tšhaka,
Mme makawana a gagwe a tla patelediwa go dira tiro e e boima.