LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Go phimolwe molato mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa (1-6)

      • Go thusa bahumanegi (7-11)

      • Go gololwe batlhanka mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa (12-18)

        • Tsebe ya motlhanka e phunngwe ka thoko (16, 17)

      • Maitibolo a diphologolo a dirwe boitshepo (19-23)

Duteronome 15:1

Ditshupiso

  • +Lef 25:2

Duteronome 15:2

Ditshupiso

  • +Dut 31:10

Duteronome 15:3

Ditshupiso

  • +Ek 12:43; Dut 14:21; 23:20

Duteronome 15:4

Ditshupiso

  • +Dut 28:8

Duteronome 15:5

Ditshupiso

  • +Jos 1:7, 8; Isa 1:19

Duteronome 15:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “adima ka peeletso.”

Ditshupiso

  • +Dut 28:12
  • +Dut 28:13; 1Dk 4:24, 25

Duteronome 15:7

Ditshupiso

  • +Dia 21:13; Jak 2:15, 16; 1Jo 3:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2010, ts. 8

Duteronome 15:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “adima ka peeletso.”

Ditshupiso

  • +Lef 25:35; Dia 19:17; Mat 5:42; Luk 6:34, 35; Bag 2:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2010, ts. 8

Duteronome 15:9

Ditshupiso

  • +Dut 15:1
  • +Ek 22:22, 23; Dut 24:14, 15; Dia 21:13

Duteronome 15:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “pelo ya gago e.”

Ditshupiso

  • +Dit 20:35; 2Bk 9:7; 1Ti 6:18; Bah 13:16
  • +Dut 24:19; Pes. 41:1

Duteronome 15:11

Ditshupiso

  • +Mat 26:11
  • +Dia 3:27; Mat 5:42; Luk 12:33

Duteronome 15:12

Ditshupiso

  • +Ek 21:2; Lef 25:39

Duteronome 15:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2014, ts. 19-⁠20

Duteronome 15:16

Ditshupiso

  • +Ek 21:5, 6

Duteronome 15:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “poo.”

Ditshupiso

  • +Ek 13:2; 22:30; Dip 3:13; 18:15, 17

Duteronome 15:20

Ditshupiso

  • +Dut 12:5, 6; 14:23; 16:11

Duteronome 15:21

Ditshupiso

  • +Lef 22:20; Dut 17:1; Mal 1:8; Bah 9:14

Duteronome 15:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikgoro.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:15; 14:4, 5

Duteronome 15:23

Ditshupiso

  • +Ge 9:4; Lef 7:26; Dit 15:20, 29
  • +Lef 17:10, 13; Dut 12:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2000, ts. 30-⁠31

Ditemana Tse dingwe

Dute. 15:1Lef 25:2
Dute. 15:2Dut 31:10
Dute. 15:3Ek 12:43; Dut 14:21; 23:20
Dute. 15:4Dut 28:8
Dute. 15:5Jos 1:7, 8; Isa 1:19
Dute. 15:6Dut 28:12
Dute. 15:6Dut 28:13; 1Dk 4:24, 25
Dute. 15:7Dia 21:13; Jak 2:15, 16; 1Jo 3:17
Dute. 15:8Lef 25:35; Dia 19:17; Mat 5:42; Luk 6:34, 35; Bag 2:10
Dute. 15:9Dut 15:1
Dute. 15:9Ek 22:22, 23; Dut 24:14, 15; Dia 21:13
Dute. 15:10Dit 20:35; 2Bk 9:7; 1Ti 6:18; Bah 13:16
Dute. 15:10Dut 24:19; Pes. 41:1
Dute. 15:11Mat 26:11
Dute. 15:11Dia 3:27; Mat 5:42; Luk 12:33
Dute. 15:12Ek 21:2; Lef 25:39
Dute. 15:16Ek 21:5, 6
Dute. 15:19Ek 13:2; 22:30; Dip 3:13; 18:15, 17
Dute. 15:20Dut 12:5, 6; 14:23; 16:11
Dute. 15:21Lef 22:20; Dut 17:1; Mal 1:8; Bah 9:14
Dute. 15:22Dut 12:15; 14:4, 5
Dute. 15:23Ge 9:4; Lef 7:26; Dit 15:20, 29
Dute. 15:23Lef 17:10, 13; Dut 12:16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 15:1-23

Duteronome

15 “Kwa bokhutlong jwa dingwaga dingwe le dingwe di le supa, o phimole melato.+ 2 Ono ke mokgwa wa go phimola melato: Mongwe le mongwe yo o kolotiwang o tla phimola molato o moagelani wa gagwe a o dirileng. A se ka a pateletsa moagelani wa gagwe kgotsa morwarraagwe gore a duele, ka gonne molato o o phimotsweng o tla itsisiwe Jehofa.+ 3 O ka nna wa pateletsa motswakwa gore a duele+ mme gone o phimole molato wa sepe fela se morwarrago a se go kolotang. 4 Le fa go ntse jalo, ope wa lona a se ka a humanega, ka gonne ruri Jehofa o tla lo segofatsa+ mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang gore lo le rue e le boswa, 5 fa fela lo ikobela ka botlalo lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona e bile lo boloka ka kelotlhoko ditaelo tseno tsotlhe tse ke di lo nayang gompieno.+ 6 Gonne Jehofa, Modimo wa lona o tla lo segofatsa fela jaaka a lo solofeditse, lo tla adima* ditšhaba di le dintsi, mme lona ga lo kitla lo tlhoka go adimiwa;+ lo tla laola ditšhaba di le dintsi, mme tsone ga di kitla di lo laola.+

7 “Fa mongwe wa bomorwarrago a humanega mo metseng mengwe ya lona e e mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang, o se ka wa thatafatsa pelo ya gago kgotsa wa tima morwarrago yo o humanegileng.+ 8 Gonne o tshwanetse go mmulela seatla sa gago ka bopelotshweu+ o bo o mo adima* sepe fela se a se tlhokang kgotsa se a se tlhaelang. 9 O nne kelotlhoko gore o se ka wa nna le kakanyo eno e e bosula mo pelong ya gago, ‘Ngwaga wa bosupa, ngwaga wa go phimola melato, o atametse,’+ mme o bo o sa thuse morwarrago yo o humanegileng, o sa mo neye sepe. Fa a goela kwa go Jehofa ka ntlha ya gago, seo e tla nna boleo mo go wena.+ 10 O tshwanetse go mo abela ka bopelotshweu,+ mme o* se ka wa mo abela ka go ikgoga fela, ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o tla segofatsa tiro nngwe le nngwe ya gago le matsapa a gago+ ka ntlha ya seno. 11 Gonne ka metlha go tla nna le batho ba ba humanegileng mo lefatsheng.+ Ke gone ka moo ke go laelang ke re, ‘O bulele morwarrago yo o bogisiwang le yo o humanegileng seatla sa gago ka bopelotshweu mo lefatsheng la gaeno.’+

12 “Fa o rekisediwa mongwe wa bomorwarrago, Mohebera wa monna kgotsa wa mosadi, mme a go diretse dingwaga di le thataro, foo mo ngwageng wa bosupa o mo golole.+ 13 Mme fa o mo golola, o se ka wa mo tsamaisa a iphotlhere fela. 14 O mo neye ka bopelotshweu sengwe go tswa mo letsomaneng la gago, mo seboaneng sa gago le mo segatisetsong sa gago sa leokwane le sa beine. O mo abele go ya kafa Jehofa, Modimo wa gago a go segofaditseng ka gone. 15 Gakologelwa gore o ne wa nna lekgoba kwa lefatsheng la Egepeto le gore Jehofa, Modimo wa gago o ne a go golola. Ke gone ka moo ke go laelang gore o dire seno gompieno.

16 “Mme fa a go raya a re, ‘Ga nkitla ke kgaogana le wena!’ ka gonne a go rata le ba lelapa la gago, e re ka a ne a itumetse fa a ntse a nna le wena,+ 17 foo o tseye thoko mme o e phunyeletse mo tsebeng ya gagwe mo setswalong, mme o tla nna motlhanka wa gago botshelo jotlhe. O dire se se tshwanang le ka lelata la gago. 18 O se ka wa tsaya gore ga o direlwe sentle fa o mo golola a bo a go tlogela, ka gonne tirelo e a go e diretseng dingwaga di le thataro e ne e lekana le tirelo ya modiri yo o thapilweng e menagane gabedi, mme Jehofa, Modimo wa gago o go segofaditse mo go sengwe le sengwe se se dirilweng.

19 O tlhaolele Jehofa, Modimo wa gago, leitibolo lengwe le lengwe le le tonanyana la motlhape le la letsomane la gago gore le nne boitshepo.+ Ga o a tshwanela go dira tiro epe ka leitibolo la motlhape* wa gago kgotsa go beola leitibolo la letsomane la gago. 20 Wena le ba ba mo ntlong ya gago lo le jele fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago ngwaga le ngwaga mo lefelong le Jehofa a tla le tlhophang.+ 21 Mme fa leitibolo leo le na le bogole, gongwe le tlhotsa, le foufetse kgotsa le na le bogole bope jo bo maswe, ga o a tshwanela go isetsa Jehofa, Modimo wa gago setlhabelo+ ka lone. 22 O le jele mo teng ga metse* ya gago, le jewe ke motho yo o itshekologileng mmogo le motho yo o itshekileng, fela jaaka go ka jewa tshephe kgotsa kgama.+ 23 Mme gone ga o a tshwanela go ja madi a lone;+ o a tshololele fa fatshe jaaka metsi.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela