LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Dikgosana tse di bosula di a kgalwa (1-13)

        • Motse o tshwantshiwa le pitsa (3-12)

      • Iseraele e tla boela kwa lefatsheng la yone (14-21)

        • Tsela e ba ‘akanyang ka yone e tla fetoga’ (19)

      • Kgalalelo ya Modimo e tswa mo Jerusalema (22, 23)

      • Esekiele o boela kwa Kaladia mo ponatshegelong (24, 25)

Esekiele 11:1

Ditshupiso

  • +Esk 10:19
  • +Isa 1:23; Esk 22:27

Esekiele 11:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka ga.”

Esekiele 11:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ene,” motse wa Jerusalema, kwa Bajuda ba neng ba akanya gore ba tla sireletsega gone.

  • *

    Kgotsa “pitsa e e apeelang e e molomo o mogolo.”

Ditshupiso

  • +Esk 12:27
  • +Esk 24:3

Esekiele 11:4

Ditshupiso

  • +Esk 3:17; 20:46; 21:2

Esekiele 11:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dilo tse di tlang mo moyeng wa lona.”

Ditshupiso

  • +2Pe 1:21

Esekiele 11:6

Ditshupiso

  • +Esk 7:23; 22:3, 4

Esekiele 11:7

Ditshupiso

  • +Esk 24:6

Esekiele 11:8

Ditshupiso

  • +Jer 38:19

Esekiele 11:9

Ditshupiso

  • +Jer 39:6, 7; 52:24-27

Esekiele 11:10

Ditshupiso

  • +2Dk 25:18-21; 2Dt 36:17
  • +2Dk 14:25; Jer 52:27
  • +Esk 6:13

Esekiele 11:12

Ditshupiso

  • +Esr 9:7; Neh 9:34
  • +Dut 12:29-31; 2Dt 28:1, 3; Pes. 106:34-36

Esekiele 11:13

Ditshupiso

  • +Esk 9:8

Esekiele 11:16

Ditshupiso

  • +2Dk 24:14, 15; Jer 24:5
  • +Lef 26:44

Esekiele 11:17

Ditshupiso

  • +Isa 11:11, 12; Jer 30:10, 11; Esk 34:13, 14; Amo 9:14, 15

Esekiele 11:18

Ditshupiso

  • +Esk 37:23

Esekiele 11:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke tla ba naya pelo e le nngwe.”

  • *

    Seheb., “ke tla tsenya moya o mosha mo go bone.”

  • *

    Go tewa e e utlwang kaelo ya Modimo.

Ditshupiso

  • +Jer 24:7; 31:33; 32:39
  • +Pes. 51:10; Esk 36:31
  • +Sek 7:12
  • +Esk 36:26

Esekiele 11:22

Ditshupiso

  • +Esk 1:19
  • +Esk 10:18, 19

Esekiele 11:23

Ditshupiso

  • +Esk 9:3; 10:4
  • +Sek 14:4

Ditemana Tse dingwe

Esek. 11:1Esk 10:19
Esek. 11:1Isa 1:23; Esk 22:27
Esek. 11:3Esk 12:27
Esek. 11:3Esk 24:3
Esek. 11:4Esk 3:17; 20:46; 21:2
Esek. 11:52Pe 1:21
Esek. 11:6Esk 7:23; 22:3, 4
Esek. 11:7Esk 24:6
Esek. 11:8Jer 38:19
Esek. 11:9Jer 39:6, 7; 52:24-27
Esek. 11:102Dk 25:18-21; 2Dt 36:17
Esek. 11:102Dk 14:25; Jer 52:27
Esek. 11:10Esk 6:13
Esek. 11:12Esr 9:7; Neh 9:34
Esek. 11:12Dut 12:29-31; 2Dt 28:1, 3; Pes. 106:34-36
Esek. 11:13Esk 9:8
Esek. 11:162Dk 24:14, 15; Jer 24:5
Esek. 11:16Lef 26:44
Esek. 11:17Isa 11:11, 12; Jer 30:10, 11; Esk 34:13, 14; Amo 9:14, 15
Esek. 11:18Esk 37:23
Esek. 11:19Jer 24:7; 31:33; 32:39
Esek. 11:19Pes. 51:10; Esk 36:31
Esek. 11:19Sek 7:12
Esek. 11:19Esk 36:26
Esek. 11:22Esk 1:19
Esek. 11:22Esk 10:18, 19
Esek. 11:23Esk 9:3; 10:4
Esek. 11:23Sek 14:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 11:1-25

Esekiele

11 Mme moya o ne wa ntsholetsa o bo o nkisa kwa kgorong ya ntlo ya ga Jehofa e e lebileng kwa botlhaba.+ Gone koo fa kgorong ke ne ka bona banna ba le 25, mme mo gare ga bone go ne go na le Jaasania morwa Asure le Pelatia morwa Benaia, dikgosana tsa batho.+ 2 Foo Modimo o ne a nthaya a re: “Morwa motho, bano ke banna ba ba logang maano a a bosula le ba ba nayang kgakololo e e bosula mo* motseng ono. 3 Ba re, ‘A eno ga se nako ya go aga matlo?+ Motse* ke pitsa e e apeelang,*+ mme rona re nama.’

4 “Ka jalo, ba bolelele molaetsa wa katlholo. Morwa motho, porofeta.”+

5 Go tswa foo, moya wa ga Jehofa o ne wa tla mo go nna,+ mme o ne a nthaya a re: “Bua o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Se lo se buileng ke boammaaruri lona batho ba Iseraele, e bile ke itse se lo se akanyang.* 6 Lo dirile gore batho ba le bantsi ba swe mo motseng ono, e bile lo tladitse mebila ya one ka ditopo.”’”+ 7 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Ditopo tse lo di gasamisitseng mo motseng ke nama, mme motse ke pitsa e e apeelang.+ Mme lona lo tla ntshiwa mo go one.’”

8 “‘Lo tshabile tšhaka,+ mme ke tla lo tlisetsa tšhaka,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 9 ‘Ke tla lo ntsha mo motseng ono ke bo ke lo tsenya mo seatleng sa batswakwa e bile ke tla lo otlhaya.+ 10 Lo tla bolawa ka tšhaka.+ Ke tla lo atlhola kwa molelwaneng wa Iseraele,+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.+ 11 Motse ono ga o kitla o nna pitsa ya lona e e apeelang, e bile ga lo kitla lo nna nama mo go one; ke tla lo atlhola kwa molelwaneng wa Iseraele, 12 mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa. Ka gonne ga lo a ka lwa tsamaya mo melaong ya me e bile ga lo a ka lwa diragatsa dikatlholo tsa me,+ mme lo dirile go dumalana le dikatlholo tsa ditšhaba tse di lo dikologileng.’”+

13 Fela fa ke porofeta, Pelatia morwa Benaia o ne a swa, mme ke ne ka khubama ke bo ke goa ka lentswe le le kwa godimo ke re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! A o tlile go fedisa ba ba setseng ba Iseraele?”+

14 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 15 “Morwa motho, bomorwarrago, ba masika a gago ba ba nang le tshwanelo ya go rekolola, mmogo le batho botlhe ba Iseraele, banni ba Jerusalema ba ne ba ba raya ba re, ‘Tsamaelang kgakala le Jehofa. Lefatshe ke la rona; le neilwe rona e le boswa.’ 16 Ka jalo, bua o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Le fa gone ke ba isitse kgakala kwa ditšhabeng tse dingwe e bile ke ba gasamiseditse kwa dinageng tse dingwe,+ ke tla nna lefelo le le boitshepo mo go bone ka nakwana kwa dinageng tse ba ileng kwa go tsone.”’+

17 “Ka jalo, bua o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Gape ke tla lo ntsha mo ditšhabeng ke bo ke lo phutha mo dinageng tse lo neng lo gasamiseditswe kwa go tsone, mme ke tla lo naya lefatshe la Iseraele.+ 18 Mme ba tla boela teng ba bo ba tlosa dilo tsotlhe tse di ferosang sebete le ditiro tsotlhe tse di makgapha mo go lone.+ 19 Ke tla dira gore botlhe ba nne seoposengwe,*+ e bile ke tla fetola tsela e ba akanyang ka yone;*+ mme ke tla ntsha pelo ya leje mo mebeleng ya bone+ ke bo ke ba naya pelo ya nama,*+ 20 gore ba tle ba tsamaye mo melaong ya me, ba boloke dikatlholo tsa me ba bo ba di ikobele. Foo ba tla nna batho ba me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone.”’

21 “‘“Mme fa e le ba ba ngaparelang dilo tsa bone tse di ferosang sebete le ditiro tsa bone tse di makgapha ka dipelo tsotlhe tsa bone, ke tla ba tlisetsa ditlamorago tsa tsela ya bone,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.’”

22 Jaanong ditšheruba di ne tsa tsholetsa diphuka tsa tsone, mme maotwana a ne a le gaufi le tsone,+ mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e le kwa godimo ga tsone.+ 23 Foo kgalalelo ya ga Jehofa+ e ne ya tlhatloga ya tswa mo motseng mme e ne ya ema fa godimo ga thaba e e kwa botlhaba jwa motse.+ 24 Go tswa foo, moya o ne wa ntsholetsa, tota ke ne ke le mo ponatshegelong ka moya wa Modimo, mme wa nkisa kwa bathong ba ba isitsweng botshwarwa kwa Kaladia. Morago ga moo, ponatshegelo e ke neng ka e bona e ne ya nyelela. 25 Mme ke ne ka simolola go bolelela batho ba ba isitsweng botshwarwa dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a di mpontshitse.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela