Joshua
11 Fela fa Jabine kgosi ya Hasore a utlwela ka gone, o ne a romela molaetsa kwa go Jobabe kgosi ya Madona,+ le kwa kgosing ya Shimerone, kwa kgosing ya Akeshafe,+ 2 kwa dikgosing tse di neng di le kwa bokone mo kgaolong e e dithaba, tse di neng di le kwa mabaleng* a a kwa borwa jwa Kinerethe, tse di neng di le kwa Shefela le mo mekgokoloseng ya Dora+ kwa bophirima, 3 kwa Bakananeng+ kwa botlhaba le kwa bophirima le Baamore,+ Bahite, Baperise, Bajebuse mo kgaolong e e dithaba le Bahife+ fa tlase ga Heremone+ mo lefatsheng la Misepa. 4 Ka jalo, ba ne ba tswa mmogo le masole otlhe a bone, ba le bantsi jaaka motlhaba* o o fa losing lwa lewatle, mmogo le dipitse le dikara tsa ntwa di le dintsi thata. 5 Dikgosi tseno tsotlhe di ne tsa dumalana gore di kopane mmogo mme di ne tsa tla tsa kampa fa metsing a Merome gore di tlhabane le Iseraele.
6 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: “O se ka wa ba boifa+ ka gonne mo e ka nnang ka nako eno kamoso, ke ba tlogelela Baiseraele botlhe gore ba ba bolaye. O tshwanetse go kgaola mesifa ya maoto a dipitse tsa bone,+ mme dikara tsa bone o tshwanetse go di fisa mo molelong.” 7 Foo Joshua mmogo le banna botlhe ba ntwa ba ne ba ba tlhasela ka tshoganyetso fa metsing a Merome. 8 Jehofa o ne a ba tsenya mo seatleng sa Iseraele,+ mme ba ne ba ba fenya ba bo ba ba latelela go ya go fitlha kwa Sidona yo Mogolo+ le kwa Miserefothe-maime+ le Mokgatšha wa Misepe go ya kwa botlhaba, mme ba ne ba ba kgemetha go fitlha go se na mofalodi ope yo o setseng.+ 9 Go tswa foo, Joshua o ne a ba dira fela jaaka Jehofa a ne a mmoleletse; o ne a kgaola mesifa ya maoto a dipitse tsa bone a bo a fisa dikara tsa bone mo molelong.+
10 Mo godimo ga moo, Joshua o ne a boa mme a gapa Hasore a bo a kgemetha kgosi ya teng ka tšhaka,+ ka gonne Hasore e ne e kile ya bo e le tlhogo ya magosi ano otlhe. 11 Ba ne ba kgemetha mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone ka tšhaka, ba ne ba ba senya.+ Go ne go sa tlogelwa selo sepe se se hemang.+ Go tswa foo, o ne a fisa Hasore ka molelo. 12 Joshua o ne a gapa metse yotlhe ya dikgosi tseno mme a fenya dikgosi tsotlhe tsa yone ka tšhaka.+ O ne a di senya,+ fela jaaka Moshe motlhanka wa ga Jehofa a ne a laetse. 13 Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba se ka ba fisa ope wa metse e e neng e le mo dithotaneng ntle le motse wa Hasore; ke one fela o Joshua a neng a o fisa. 14 Baiseraele ba ne ba itseela dilo tsotlhe tse di neng di le mo metseng eno le leruo la teng.+ Mme ba ne ba kgemetha batho botlhe ka tšhaka go fitlha ba nyeleditse mongwe le mongwe.+ Ba ne ba se ka ba tlogela ope a tshela.+ 15 Fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe motlhanka wa gagwe, Moshe o ne a laela Joshua+ jalo, mme Joshua o ne a dira jalo. O ne a se ka a tlogela sepe sa dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a di laetse Moshe, se sa dirwa.+
16 Joshua o ne a fenya lefatshe leno lotlhe, kgaolo e e dithaba, Negebe+ yotlhe, lefatshe lotlhe la Goshene, Shefela,+ Araba+ le kgaolo e e dithaba ya Iseraele le Shefela ya yone,* 17 go simologa kwa Thabeng ya Halake, e e tlhatlogelang kwa Seire, le go ya go fitlha kwa Baale-gade+ mo Mokgatšheng wa Lebanona fa tlase ga Thaba ya Heremone,+ mme o ne a gapa dikgosi tsotlhe tsa bone a bo a di fenya, a di bolaya. 18 Joshua o ne a tlhabana le dikgosi tseno tsotlhe ka lobaka lo loleele. 19 Go ne go se na motse ope o o neng wa dira kagiso le Baiseraele kwantle ga Bahife ba ba neng ba nna kwa Gibeone.+ Baiseraele ba ne ba lwa le metse e mengwe yotlhe mme ba e fenya.+ 20 Jehofa ke ene a neng a letlile gore dipelo tsa bone di kgwaralale+ mo ba neng ba lwa le Iseraele, e le gore a tle a ba senye kwantle ga go ba utlwela botlhoko.+ Ba ne ba tshwanetse go nyelediwa, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.+
21 Ka yone nako eo, Joshua o ne a fedisa Baanake+ mo kgaolong e e dithaba, mo Heberone, mo Debire, mo Anabe le mo kgaolong yotlhe e e dithaba ya Juda le mo kgaolong yotlhe e e dithaba ya Iseraele. Joshua o ne a ba senya mmogo le metse ya bone.+ 22 Ga go na Baanake bape ba ba neng ba tlogelwa mo lefatsheng la Baiseraele; ba ne ba sala+ fela kwa Gasa,+ kwa Gathe+ le kwa Ashedoda.+ 23 Ka jalo, Joshua o ne a gapa lefatshe leo lotlhe, fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse Moshe,+ mme go tswa foo, Joshua o ne a le abela Baiseraele gore e nne boswa go ya ka dikabelo tsa bone tse di neng di tshwanetse go kgaoganyediwa ditso tsa bone.+ Mme go ne go sa tlhole go na le ntwa mo lefatsheng.+