LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Dafide o naya Solomone ditaelo (1-9)

      • Loso lwa ga Dafide; Solomone o simolola go busa (10-12)

      • Leano la ga Adonija le dira gore a bolawe (13-25)

      • Abiathare o a lelekiwa; Joabe o a bolawa (26-35)

      • Shimei o a bolawa (36-46)

1 Dikgosi 2:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke tsamaya ka tsela ya lefatshe lotlhe.”

Ditshupiso

  • +Dut 31:6; Jos 1:6; 1Dt 28:20
  • +1Dk 3:7

1 Dikgosi 2:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o tla dira ka botlhale.”

Ditshupiso

  • +Dut 17:18-20; Mor 12:13

1 Dikgosi 2:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ga go kitla go kgaolwa monna ope wa gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 6:5; 2Dk 20:3; 23:3; 2Dt 17:3; Mat 22:37
  • +2Sa 7:12, 16; 1Dk 8:25; 1Dt 17:11; Pes. 132:11, 12

1 Dikgosi 2:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo bompaatšhaneng.”

Ditshupiso

  • +2Sa 3:27, 30
  • +2Sa 17:25; 20:10; 1Dt 2:17
  • +Dip 35:33; 2Sa 3:28

1 Dikgosi 2:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Sa 3:29; 1Dk 2:31-34

1 Dikgosi 2:7

Ditshupiso

  • +2Sa 19:31
  • +2Sa 17:27-29
  • +2Sa 15:14

1 Dikgosi 2:8

Ditshupiso

  • +2Sa 16:5-7
  • +2Sa 17:24
  • +2Sa 19:23

1 Dikgosi 2:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 22:28
  • +1Dk 2:44, 46

1 Dikgosi 2:10

Ditshupiso

  • +2Sa 5:7; 1Dt 11:7; 29:26, 27; Dit 2:29

1 Dikgosi 2:11

Ditshupiso

  • +1Dt 12:23
  • +2Sa 5:4, 5

1 Dikgosi 2:12

Ditshupiso

  • +2Sa 7:8, 12; 1Dt 29:23; 2Dt 1:1; Pes. 89:36, 37; 132:12

1 Dikgosi 2:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “e ne e lebisitse difatlhego tsa yone mo go nna.”

Ditshupiso

  • +1Dk 1:5, 25
  • +1Dt 22:9

1 Dikgosi 2:17

Ditshupiso

  • +1Dk 1:1, 3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2005, ts. 29

1 Dikgosi 2:22

Ditshupiso

  • +2Sa 16:21
  • +1Dt 3:1, 2, 5
  • +2Sa 8:16
  • +1Dk 1:7

1 Dikgosi 2:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “losika lwa segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dt 22:9, 10
  • +2Sa 7:11; 1Dt 17:10
  • +1Dk 1:51, 52

1 Dikgosi 2:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “yo o neng a wela Adonija godimo.”

Ditshupiso

  • +2Sa 8:18; 1Dk 1:8; 1Dt 27:5

1 Dikgosi 2:26

Ditshupiso

  • +1Sa 22:20; 1Dk 1:7
  • +Jos 21:8, 18; Jer 1:1
  • +1Sa 23:6; 2Sa 15:24; 1Dt 15:11, 12
  • +1Sa 22:22, 23

1 Dikgosi 2:27

Ditshupiso

  • +1Sa 2:31; 3:12
  • +Jos 18:1

1 Dikgosi 2:28

Ditshupiso

  • +1Dt 21:29
  • +1Dk 1:7
  • +2Sa 18:14

1 Dikgosi 2:31

Ditshupiso

  • +Ge 9:6; Ek 21:14; Dip 35:33; Dut 19:13; 1Dk 2:5

1 Dikgosi 2:32

Ditshupiso

  • +2Sa 3:26, 27
  • +2Sa 2:8
  • +2Sa 20:10
  • +2Sa 17:25

1 Dikgosi 2:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ditlogolwana.”

  • *

    Kgotsa “ditlogolwana.”

Ditshupiso

  • +2Sa 3:29

1 Dikgosi 2:35

Ditshupiso

  • +1Dt 11:24; 27:5
  • +1Sa 2:35; 1Dt 6:50, 53; 12:28; 16:37, 39; 24:3

1 Dikgosi 2:36

Ditshupiso

  • +1Dk 2:8

1 Dikgosi 2:37

Ditshupiso

  • +2Sa 15:23; 2Dk 23:6; Joh 18:1

1 Dikgosi 2:39

Ditshupiso

  • +1Sa 21:10; 27:2

1 Dikgosi 2:42

Ditshupiso

  • +1Dk 2:38

1 Dikgosi 2:44

Ditshupiso

  • +2Sa 16:5, 13
  • +Pes. 7:16; Dia 5:22

1 Dikgosi 2:45

Ditshupiso

  • +Pes. 21:6; 72:17

1 Dikgosi 2:46

Ditshupiso

  • +1Dk 2:8, 9
  • +2Dt 1:1; Dia 16:12

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 2:2Dut 31:6; Jos 1:6; 1Dt 28:20
1 Dikg. 2:21Dk 3:7
1 Dikg. 2:3Dut 17:18-20; Mor 12:13
1 Dikg. 2:4Dut 6:5; 2Dk 20:3; 23:3; 2Dt 17:3; Mat 22:37
1 Dikg. 2:42Sa 7:12, 16; 1Dk 8:25; 1Dt 17:11; Pes. 132:11, 12
1 Dikg. 2:52Sa 3:27, 30
1 Dikg. 2:52Sa 17:25; 20:10; 1Dt 2:17
1 Dikg. 2:5Dip 35:33; 2Sa 3:28
1 Dikg. 2:62Sa 3:29; 1Dk 2:31-34
1 Dikg. 2:72Sa 19:31
1 Dikg. 2:72Sa 17:27-29
1 Dikg. 2:72Sa 15:14
1 Dikg. 2:82Sa 16:5-7
1 Dikg. 2:82Sa 17:24
1 Dikg. 2:82Sa 19:23
1 Dikg. 2:9Ek 22:28
1 Dikg. 2:91Dk 2:44, 46
1 Dikg. 2:102Sa 5:7; 1Dt 11:7; 29:26, 27; Dit 2:29
1 Dikg. 2:111Dt 12:23
1 Dikg. 2:112Sa 5:4, 5
1 Dikg. 2:122Sa 7:8, 12; 1Dt 29:23; 2Dt 1:1; Pes. 89:36, 37; 132:12
1 Dikg. 2:151Dk 1:5, 25
1 Dikg. 2:151Dt 22:9
1 Dikg. 2:171Dk 1:1, 3
1 Dikg. 2:222Sa 16:21
1 Dikg. 2:221Dt 3:1, 2, 5
1 Dikg. 2:222Sa 8:16
1 Dikg. 2:221Dk 1:7
1 Dikg. 2:241Dt 22:9, 10
1 Dikg. 2:242Sa 7:11; 1Dt 17:10
1 Dikg. 2:241Dk 1:51, 52
1 Dikg. 2:252Sa 8:18; 1Dk 1:8; 1Dt 27:5
1 Dikg. 2:261Sa 22:20; 1Dk 1:7
1 Dikg. 2:26Jos 21:8, 18; Jer 1:1
1 Dikg. 2:261Sa 23:6; 2Sa 15:24; 1Dt 15:11, 12
1 Dikg. 2:261Sa 22:22, 23
1 Dikg. 2:271Sa 2:31; 3:12
1 Dikg. 2:27Jos 18:1
1 Dikg. 2:281Dt 21:29
1 Dikg. 2:281Dk 1:7
1 Dikg. 2:282Sa 18:14
1 Dikg. 2:31Ge 9:6; Ek 21:14; Dip 35:33; Dut 19:13; 1Dk 2:5
1 Dikg. 2:322Sa 3:26, 27
1 Dikg. 2:322Sa 2:8
1 Dikg. 2:322Sa 20:10
1 Dikg. 2:322Sa 17:25
1 Dikg. 2:332Sa 3:29
1 Dikg. 2:351Dt 11:24; 27:5
1 Dikg. 2:351Sa 2:35; 1Dt 6:50, 53; 12:28; 16:37, 39; 24:3
1 Dikg. 2:361Dk 2:8
1 Dikg. 2:372Sa 15:23; 2Dk 23:6; Joh 18:1
1 Dikg. 2:391Sa 21:10; 27:2
1 Dikg. 2:421Dk 2:38
1 Dikg. 2:442Sa 16:5, 13
1 Dikg. 2:44Pes. 7:16; Dia 5:22
1 Dikg. 2:45Pes. 21:6; 72:17
1 Dikg. 2:461Dk 2:8, 9
1 Dikg. 2:462Dt 1:1; Dia 16:12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 2:1-46

Dikgosi wa Ntlha

2 Fa nako ya gore Dafide a swe e atamela, o ne a naya morwawe Solomone ditaelo tseno: 2 “Ke tloga ke swa.* Ka jalo, o nonofe+ o bo o nne pelokgale.+ 3 O tshwanetse go diragatsa boikarabelo jo Jehofa Modimo wa gago a go bo neileng ka go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe le ka go boloka melao ya gagwe, ditaelo tsa gagwe, dikatlholo tsa gagwe le dikgakololo tsa gagwe tse di kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe;+ foo o tla atlega* mo go sengwe le sengwe se o se dirang le gongwe le gongwe kwa o yang gone. 4 Mme Jehofa o tla diragatsa se a neng a se ntsholofetsa fa a ne a re: ‘Fa bomorwao ba ka ela tlhoko tsela ya bone mme ba tsamaya ka boikanyegi fa pele ga me ka pelo yotlhe le ka moya otlhe,+ ka metlha go tla nna go na le monna wa losika lwa gago* mo setulong sa bogosi sa Iseraele.’+

5 “Gape o itse sentle se Joabe morwa Seruia a neng a se ntira, se a neng a se dira balaodi ba babedi ba masole a Iseraele e bong Abenere+ morwa Nere le Amasa+ morwa Jethere. O ne a ba bolaya, a tsholola madi+ a ntwa ka nako ya kagiso, mme o ne a baya madi a ntwa mo lebanteng le le mo lothekeng lwa gagwe le mo ditlhakong* tse di mo dinaong tsa gagwe. 6 O tshwanetse go dira go ya ka fa botlhaleng jwa gago mme o se ka wa letla meriri ya gagwe e mesweu e fologela kwa Lebitleng* ka kagiso.+

7 “Le fa go ntse jalo, o bontshe bomorwa Barisilai+ wa Mogileade lorato lo lo sa kgaotseng, mme ba nne le ba ba jang mo tafoleng ya gago, ka gonne eo ke tsela e ba neng ba nkema nôkeng ka yone+ fa ke ne ke tshaba morwarrago e bong Abesalome.+

8 “Shimei morwa Gera wa Mobenjamine yo o tswang kwa Bahurime le ene o na le wena. Ke ene yo o neng a mphutsa ka phutso e e setlhogo+ mo letsatsing la fa ke ne ke ya kwa Mahanaime;+ le fa go ntse jalo, fa a ne a tla go nkgatlhantsha kwa Joredane, ke ne ka mo ikanela ka Jehofa ka re: ‘Ga nkitla ke go bolaya ka tšhaka.’+ 9 Jaanong o se ka wa mo tlogela a sa otlhaiwa,+ ka gonne o monna yo o botlhale e bile o itse se o tshwanetseng go se mo dira; o tshwanetse go folosetsa meriri ya gagwe e mesweu kwa Lebitleng* e na le madi.”+

10 Go tswa foo, Dafide o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa mo Motseng wa ga Dafide.+ 11 Dafide o ile a busa Iseraele dingwaga di le 40. O ne a busa kwa Heberone+ dingwaga di le 7, mme a busa dingwaga di le 33 kwa Jerusalema.+

12 Go tswa foo, Solomone o ne a nna mo setulong sa bogosi sa ga rraagwe e bong Dafide, mme ka bonya ka bonya bogosi jwa gagwe bo ne jwa nonofa thata.+

13 Fa nako e ntse e tsamaya, Adonija morwa Hagithe o ne a tla kwa go Bathe-sheba, mmaagwe Solomone. Bathe-sheba o ne a mmotsa a re: “A o tla ka kagiso?” Mme ene a araba a re: “Ke tla ka kagiso.” 14 Foo o ne a re: “Go na le sengwe se ke batlang go go bolelela sone.” Ka jalo, ene o ne a re: “Bua.” 15 Adonija o ne a tswelela a re: “O itse sentle gore bogosi bo ne bo tshwanetse go nna jwa me, mme Iseraele yotlhe e ne e solofetse* gore ke nne kgosi;+ le fa go ntse jalo, bogosi e ne ya se ka ya nna jwa me mme ya nna jwa ga morwarre, ka gonne Jehofa o ne a dira gore e nne jwa gagwe.+ 16 Mme jaanong go na le selo se le sengwe fela se ke se kopang mo go wena. O se ka wa gana ka sone.” Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Bua.” 17 Foo o ne a re: “Tsweetswee, kopa Kgosi Solomone gore a nneye Abishage+ wa Moshunema gore a nne mosadi wa me ka gonne fa e le wena o buang a ka se gane.” 18 Fa a rialo, Bathe-sheba o ne a re: “Go siame! Ke tla go buelela kwa kgosing.”

19 Ka jalo, Bathe-sheba o ne a ya kwa go Kgosi Solomone go ya go buelela Adonija. Ka yone nako eo, kgosi e ne ya ema ya ya go mo kgatlhantsha mme ya ikoba fa pele ga gagwe. Go tswa foo, o ne a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi mme a laela gore mmaagwe kgosi a beelwe setulo sa bogosi, gore a tle a nne ka fa mojeng wa gagwe. 20 Foo Bathe-sheba o ne a re: “Go na le selo sengwe se sennye se ke se kopang mo go wena. O se ka wa gana ka sone.” Ka jalo, kgosi e ne ya mo raya ya re: “Se kope mma; ka gonne ga nkitla ke gana.” 21 O ne a re: “A Abishage wa Moshunema a newe Adonija morwarrago gore e nne mosadi wa gagwe.” 22 Foo Kgosi Solomone o ne a araba mmaagwe a re: “Ke ka ntlha yang fa o kopela Adonija Abishage wa Moshunema? Go raya gore le bogosi o ka mo kopela jone+ ka gonne ke morwarre yo mogolo+ e bile moperesiti Abiathare le Joabe+ morwa Seruia+ ba mo eme nôkeng.”

23 Fa Kgosi Solomone a sena go rialo, o ne a ikana ka Jehofa a re: “E kete Modimo a ka nkotlhaya mo go botlhoko, fa Adonija a ka se bolaelwe go bo a dirile kopo eno. 24 Mme jaanong, ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, yo o neng a ntiisa+ le yo o mpeileng mo setulong sa bogosi sa ga Dafide rre le yo o ntiretseng ntlo,*+ fela jaaka a solofeditse, gompieno Adonija o tla bolawa.”+ 25 Ka yone nako eo, Kgosi Solomone o ne a roma Benaia+ morwa Jehoiada, yo o neng a tsamaya mme a kgemetha Adonija,* mme Adonija o ne a swa.

26 Kgosi e ne ya raya moperesiti Abiathare+ ya re: “Ya kwa masimong a gago kwa Anathothe!+ Gonne o tshwanelwa ke go swa, le fa go ntse jalo ga nkitla ke go bolaya mo letsatsing leno, ka gonne o ne wa tshola Letlole la Morena Molaodimogolo Jehofa fa pele ga ga Dafide rre+ le ka gonne o ne wa boga le rre mo matshwenyegong otlhe a a neng a lebana le one.”+ 27 Ka jalo, Solomone o ne a leleka Abiathare gore a se ka a tlhola a direla e le moperesiti wa ga Jehofa, e le go diragatsa se Jehofa a neng a se buile ka ba lelapa la ga Eli+ kwa Shilo.+

28 E rile dikgang di goroga kwa go Joabe, o ne a tshabela kwa tenteng ya ga Jehofa+ a bo a ngangatlela dinaka tsa sebeso, ka gonne o ne a eme Adonija nôkeng+ le fa gone a ne a sa ema Abesalome nôkeng.+ 29 Foo Kgosi Solomone o ne a bolelelwa jaana: “Joabe o tshabetse kwa tenteng ya ga Jehofa, mme o koo fa thoko ga sebeso.” Ka jalo, Solomone o ne a roma Benaia morwa Jehoiada, a re: “Tsamaya o ye go mmolaya!” 30 Ka jalo, Benaia o ne a ya kwa tenteng ya ga Jehofa mme a raya Joabe a re: “Seno ke se kgosi e se buang, ‘Tswa fano!’” Mme ene a re: “Nnyaa! Ke tla swela fano.” Benaia o ne a busetsa lefoko kwa kgosing, a re: “Joabe o buile jaana le jaana e bile o nkarabile jaana le jaana.” 31 Foo kgosi e ne ya mo raya ya re: “Dira fela jaaka a buile; mmolaye o bo o mo fitlha mme madi a Joabe a a tsholotseng go se na lebaka le le utlwalang, o a tlose mo go nna le mo lelapeng la ga rre.+ 32 Jehofa o tla busetsa madi a gagwe mo tlhogong ya gagwe, ka gonne o ne a kgemetha banna ba le babedi ba ba siameng le ba ba botoka go mo gaisa, mme a ba bolaya ka tšhaka fa rre e bong Dafide a ne a sa itse: Abenere+ morwa Nere, molaodi wa masole a Iseraele+ le Amasa+ morwa Jethere, molaodi wa masole a Juda.+ 33 Madi a bone a tla boela mo tlhogong ya ga Joabe le mo tlhogong ya bana* ba gagwe ka bosakhutleng;+ mme e kete Dafide, bana* ba gagwe, ba lelapa la gagwe le setulo sa gagwe sa bogosi ba ka nna le kagiso e e tswang kwa go Jehofa ka bosakhutleng.” 34 Foo Benaia morwa Jehoiada o ne a tsamaya mme a kgemetha Joabe a bo a mmolaya, mme o ne a fitlhwa gaufi le ntlo ya gagwe mo nageng. 35 Go tswa foo, kgosi e ne ya tlhoma Benaia+ morwa Jehoiada gore a okamele masole mo boemong jwa gagwe; mme kgosi e ne ya tlhoma moperesiti Sadoke+ mo boemong jwa ga Abiathare.

36 Morago ga moo, kgosi e ne ya laela gore Shimei+ a bidiwe mme ya mo raya ya re: “Ikagele ntlo mo Jerusalema, mme o nne gone; o se ka wa tswa gone wa ya kwa lefelong lepe le lengwe. 37 Mo letsatsing le o tswang ka lone mme o kgabaganya Mokgatšha wa Kiderone,+ o itse gore o tlile go swa. Madi a gago a tla nna mo tlhogong ya gago.” 38 Shimei o ne a araba kgosi a re: “Se o se buileng se siame. Motlhanka wa gago o tla dira fela jaaka morena wa me kgosi a buile.” Ka jalo, Shimei o ne a nna mo Jerusalema malatsi a le mantsi.

39 Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa dingwaga di le tharo, batlhanka ba babedi ba ga Shimei ba ne ba tshabela kwa go Akishe+ morwa Maaka kgosi ya Gathe. Fa Shimei a ne a bolelelwa jaana: “Batlhanka ba gago ba kwa Gathe,” 40 ka yone nako eo, Shimei o ne a belesa tonki ya gagwe mme a ya go bona Akishe kwa Gathe gore a batle batlhanka ba gagwe. Fa Shimei a ne a boa kwa Gathe a na le batlhanka ba gagwe, 41 Solomone o ne a bolelelwa jaana: “Shimei o dule mo Jerusalema a ya kwa Gathe a bo a boa.” 42 Foo kgosi e ne ya laela gore Shimei a bidiwe mme ya mo raya ya re: “A ga ke a ka ka go ikanisa ka Jehofa ka bo ka go tlhagisa jaana: ‘Mo letsatsing le o tswang ka lone fano o ya kwa lefelong le lengwe, o itse gore o tlile go swa’? Mme a ga o a ka wa nthaya wa re, ‘Se o se buang se siame; ke tla se ikobela’?+ 43 Jaanong goreng o sa diragatsa maikano a ga Jehofa le taelo e ke neng ka e go naya?” 44 Foo kgosi e ne ya raya Shimei ya re: “O itse sentle mo pelong ya gago dilo tsotlhe tse di botlhoko tse o neng wa di dira rre e bong Dafide,+ mme Jehofa o tla busetsa botlhoko joo mo tlhogong ya gago.+ 45 Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla segofatsa Kgosi Solomone,+ e bile o tla tiisa setulo sa bogosi sa ga Dafide gore se nne ka bosakhutleng.” 46 Fa kgosi e sena go rialo e ne ya naya Benaia morwa Jehoiada ditaelo, yo o neng a tsamaya a ya go kgemetha Shimei, mme Shimei o ne a swa.+

Ka jalo, bogosi bo ne jwa tiisiwa thata mo go Solomone.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela