LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Jehoshafate o dira tumalano le Ahabe (1-11)

      • Mikaia o porofeta gore ba tlile go fenngwa (12-27)

      • Ahabe o bolawa kwa Ramothe-gileade (28-34)

2 Ditiragalo 18:1

Ditshupiso

  • +2Dt 17:5
  • +1Dk 16:28, 33; 21:25

2 Ditiragalo 18:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgothaletsa; tlhotlheletsa.”

Ditshupiso

  • +1Dk 22:2-4; 2Dt 19:2
  • +Dut 4:41-43; 1Dt 6:77, 80

2 Ditiragalo 18:4

Ditshupiso

  • +2Sa 2:1; 1Dk 22:5, 6

2 Ditiragalo 18:6

Ditshupiso

  • +2Dk 3:11
  • +1Dk 22:7, 8

2 Ditiragalo 18:7

Ditshupiso

  • +1Dk 18:4; 19:9, 10
  • +Jer 38:4

2 Ditiragalo 18:8

Ditshupiso

  • +1Dk 22:9-12

2 Ditiragalo 18:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgorometsa.”

2 Ditiragalo 18:11

Ditshupiso

  • +Mik 3:5

2 Ditiragalo 18:12

Ditshupiso

  • +Isa 30:9, 10
  • +1Dk 22:13-17

2 Ditiragalo 18:13

Ditshupiso

  • +Jer 23:28; Dit 20:27

2 Ditiragalo 18:16

Ditshupiso

  • +Lef 26:14, 17; Dip 27:16, 17

2 Ditiragalo 18:17

Ditshupiso

  • +1Dk 22:18

2 Ditiragalo 18:18

Ditshupiso

  • +Isa 6:1; Esk 1:26; Tsh 20:11
  • +Job 1:6; Dan 7:9, 10
  • +1Dk 22:19-23

2 Ditiragalo 18:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “moya.”

Ditshupiso

  • +Pes. 104:4

2 Ditiragalo 18:22

Ditshupiso

  • +Isa 19:14; Esk 14:9

2 Ditiragalo 18:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke ka tsela efe moya wa ga Jehofa o duleng mo go nna gore o bue le wena?”

Ditshupiso

  • +2Dt 18:10
  • +2Dt 18:7
  • +Jer 20:2; Mar 14:65
  • +1Dk 22:24-28

2 Ditiragalo 18:26

Ditshupiso

  • +2Dt 16:10; Dit 5:18

2 Ditiragalo 18:27

Ditshupiso

  • +Dip 16:29

2 Ditiragalo 18:28

Ditshupiso

  • +Jos 20:8; 1Dk 22:29-33; 2Dt 18:2

2 Ditiragalo 18:31

Ditshupiso

  • +Ek 14:10; 2Dt 13:14

2 Ditiragalo 18:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nkentshe.”

  • *

    Seheb., “mo kampeng.”

Ditshupiso

  • +1Dk 22:34, 35

2 Ditiragalo 18:34

Ditshupiso

  • +2Dt 18:22

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 18:12Dt 17:5
2 Ditir. 18:11Dk 16:28, 33; 21:25
2 Ditir. 18:21Dk 22:2-4; 2Dt 19:2
2 Ditir. 18:2Dut 4:41-43; 1Dt 6:77, 80
2 Ditir. 18:42Sa 2:1; 1Dk 22:5, 6
2 Ditir. 18:62Dk 3:11
2 Ditir. 18:61Dk 22:7, 8
2 Ditir. 18:71Dk 18:4; 19:9, 10
2 Ditir. 18:7Jer 38:4
2 Ditir. 18:81Dk 22:9-12
2 Ditir. 18:11Mik 3:5
2 Ditir. 18:12Isa 30:9, 10
2 Ditir. 18:121Dk 22:13-17
2 Ditir. 18:13Jer 23:28; Dit 20:27
2 Ditir. 18:16Lef 26:14, 17; Dip 27:16, 17
2 Ditir. 18:171Dk 22:18
2 Ditir. 18:18Isa 6:1; Esk 1:26; Tsh 20:11
2 Ditir. 18:18Job 1:6; Dan 7:9, 10
2 Ditir. 18:181Dk 22:19-23
2 Ditir. 18:20Pes. 104:4
2 Ditir. 18:22Isa 19:14; Esk 14:9
2 Ditir. 18:232Dt 18:10
2 Ditir. 18:232Dt 18:7
2 Ditir. 18:23Jer 20:2; Mar 14:65
2 Ditir. 18:231Dk 22:24-28
2 Ditir. 18:262Dt 16:10; Dit 5:18
2 Ditir. 18:27Dip 16:29
2 Ditir. 18:28Jos 20:8; 1Dk 22:29-33; 2Dt 18:2
2 Ditir. 18:31Ek 14:10; 2Dt 13:14
2 Ditir. 18:331Dk 22:34, 35
2 Ditir. 18:342Dt 18:22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 18:1-34

Ditiragalo wa Bobedi

18 Jehoshafate o ne a na le dikhumo tse dintsi le kgalalelo e kgolo,+ mme o ne a dira kgolagano le Ahabe+ ya gore ba tla nyalelana. 2 Ka jalo, dingwaga moragonyana o ne a ya kwa go Ahabe kwa Samarea,+ mme Ahabe o ne a ntsha setlhabelo sa dinku le dikgomo di le dintsi, a se ntshetsa ene le batho ba ba neng ba na le ene. Mme o ne a mo kopa* gore a tsamaye le ene ba ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade.+ 3 Foo Kgosi Ahabe wa Iseraele o ne a raya Kgosi Jehoshafate wa Juda a re: “A o tla tsamaya le nna go ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade?” Jehoshafate o ne a araba kgosi ya Iseraele a re: “Nna le wena re seoposengwe. Batho ba me le batho ba gago ba seoposengwe, mme re tla go ema nôkeng mo ntweng eno.”

4 Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ne a raya kgosi ya Iseraele a re: “Tsweetswee, kopa Jehofa pele gore a go kaele mo kgannyeng eno.”+ 5 Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya phutha baporofeti, banna ba le 400, mme e ne ya ba botsa jaana: “A re ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade kgotsa re se ka ra tsamaya?” Ba ne ba re: “Tsamayang, mme Modimo wa boammaaruri o tla dira gore kgosi e fenye motse oo.”

6 Foo Jehoshafate o ne a re: “A ga go na moporofeti wa ga Jehofa mono?+ Mma le ene re mo kope gore a re boletse.”+ 7 Mme kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “Go sa ntse go na le monna yo mongwe+ yo re ka mo kopang gore a re boletse mo go Jehofa; mme gone, ke mo tlhoile ka gonne ga a ke a porofeta dilo tse di molemo ka nna, ka metlha o porofeta dilo tse di bosula.+ Ke Mikaia morwa Imela.” Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ne a re: “Ga o a tshwanela go bua jalo.”

8 Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya bitsa modiredi wa ntlo ya kgosi mme ya re: “Itlhaganele o ye go tla le Mikaia morwa Imela.”+ 9 Jaanong kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda, mongwe le mongwe wa bone o ne a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi, a apere diaparo tsa segosi; ba ne ba ntse kwa seboaneng fa kgorong ya Samarea, mme baporofeti botlhe ba ne ba porofeta fa pele ga bone. 10 Foo Sedekia morwa Kenana o ne a itirela dinaka tsa tshipi a bo a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘O tla tlhaba* Basiria ka dinaka tseno go fitlha o ba fedisa.’” 11 Baporofeti ba bangwe botlhe le bone ba ne ba porofeta ka tsela e e tshwanang, ba re: “Tsamaya o ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade mme o tla atlega;+ Jehofa o tla dira gore kgosi e fenye motse oo.”

12 Ka jalo, morongwa yo o neng a ya go bitsa Mikaia o ne a fitlha a mo raya a re: “Mafoko otlhe a baporofeti a itumedisa kgosi. Tsweetswee, a lefoko la gago le nne jaaka a bone,+ mme o bue se se itumedisang.”+ 13 Le fa go ntse jalo, Mikaia o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, sepe fela se Modimo wa me a se mpolelelang, ke sone se ke tla se buang.”+ 14 Mme fa a tsena kwa kgosing, kgosi e ne ya mmotsa jaana: “Mikaia, a re ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade kgotsa ke se ka ka tsamaya?” Gone fela foo, o ne a mo araba a re: “Tsamaya mme o tla atlega; ba tla tsenngwa mo diatleng tsa lona.” 15 Foo kgosi e ne ya mo raya ya re: “Ke dire gore o ikane makgetlo a le kae gore o tla bua le nna boammaaruri fela ka leina la ga Jehofa?” 16 Ka jalo, o ne a re: “Ke bona Baiseraele botlhe ba gasame mo dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa.+ Jehofa o ne a re: ‘Bano ga ba na mong wa bone. Mma mongwe le mongwe wa bone a boele kwa ntlong ya gagwe ka kagiso.’”

17 Go tswa foo, kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “A ga ke a go raya ka re, ‘Ga a kitla a porofeta dilo tse di molemo ka nna, fa e se tse di bosula fela’?”+

18 Foo Mikaia o ne a re: “Ka jalo, utlwang lefoko la ga Jehofa: Ke ne ka bona Jehofa a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi+ mme masomosomo otlhe a magodimo+ a eme ka fa mojeng le ka fa molemeng wa gagwe.+ 19 Mme Jehofa o ne a re, ‘Ke mang yo o tla tsietsang Kgosi Ahabe wa Iseraele gore a ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade mme a swele teng?’ Mme yo mongwe o ne a bua seno fa yo mongwe ene a ne a bua sengwe se sele. 20 Go tswa foo, moengele*+ o ne a atamela mme a ema fa pele ga ga Jehofa a re, ‘Ke tla mo tsietsa.’ Jehofa o ne a mmotsa a re, ‘O tla dira seo jang?’ 21 O ne a araba a re, ‘Ke tla ya kwa baporofeting ba gagwe ke bo ke dira gore ba bue maaka.’ Ka jalo, Modimo o ne a re, ‘O tla mo tsietsa mme mo godimo ga moo, o tla atlega. Tsamaya mme o dire jalo.’ 22 Mme jaanong Jehofa o dirile gore baporofeti ba gago ba go tsietse,+ le fa go ntse jalo, Jehofa o buile gore o tla tlelwa ke masetlapelo.”

23 Jaanong Sedekia+ morwa Kenana o ne a atamela mme a itaya Mikaia+ mo lerameng+ a bo a re: “A o batla go nthaya o re moya wa ga Jehofa o dule mo go nna gore o bue le wena?”*+ 24 Mikaia o ne a mo araba a re: “O tla lemoga gore go ntse fela jalo mo letsatsing la fa o tla bo o tsena mo phaposing e e kwa tengteng o iphitlha.” 25 Foo kgosi ya Iseraele e ne ya re: “Tsayang Mikaia mme lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joashe morwa kgosi. 26 Lo ba reye lo re, ‘Seno ke se kgosi e se buang: “Tsenyang motho yono mo kgolegelong+ mme lo mo fepe ka senkgwe se sennye le metsi a mannye go fitlha ke boa ka kagiso.”’” 27 Le fa go ntse jalo, Mikaia o ne a re: “Fa o ka boa ka kagiso, Jehofa o tla bo a sa bua le nna.”+ Go tswa foo, o ne a oketsa a re: “Lona lotlhe, lo eleng seno tlhoko.”

28 Ka jalo, kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda ba ne ba ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade.+ 29 Jaanong kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “Ke tla dira gore ke se ka ka lemogiwa ke bo ke tsena mo tlhabanong, le fa go ntse jalo, wena o apare diaparo tsa gago tsa segosi.” Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya apara diaparo tse dingwe gore e se ka ya lemogiwa, mme ba ne ba tsena mo tlhabanong. 30 Jaanong kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba yone ba dikara jaana: “Lo se ka lwa tlhabana le ope, yo monnye kgotsa yo mogolo, mme lo tlhabane le kgosi ya Iseraele fela.” 31 E rile fela fa balaodi ba dikara ba bona Jehoshafate, ba ne ba ipolelela jaana: “Yono ke kgosi ya Iseraele.” Ka jalo, ba ne ba fapogela kwa go ene gore ba tlhabane le ene; mme Jehoshafate o ne a goa a kopa thuso,+ mme Jehofa o ne a mo thusa, mme ka yone nako eo, Modimo o ne a ba katosetsa kgakala le ene. 32 Fa balaodi ba dikara ba lemoga gore e ne e se kgosi ya Iseraele, ka yone nako eo ba ne ba boa ba tlogela go mo lelekisa.

33 Mme monna mongwe o ne a hula bora jwa gagwe mme a sa ikaelela o ne a tlhaba kgosi ya Iseraele fa gare ga makopanelo a seaparo sa gagwe sa phemelo. Ka jalo, kgosi e ne ya raya mokgweetsi wa kara ya gagwe ya re: “Retologa mme o nketshe* mo tlhabanong,* ka gonne ke gobetse thata.”+ 34 Tlhabano e ne ya gakala mo letsatsing leo, mme kgosi ya Iseraele e ne ya tshwanelwa ke go nna e tshegeditswe mo kareng, e lebile ntlheng ya Basiria go fitlha maitseboa; mme fa letsatsi le phirima e ne ya swa.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela