LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Abijame, kgosi ya Juda (1-8)

      • Asa, kgosi ya Juda (9-24)

      • Nadabe, kgosi ya Iseraele (25-32)

      • Baasha, kgosi ya Iseraele (33, 34)

1 Dikgosi 15:1

Ditshupiso

  • +1Dk 12:20
  • +2Dt 13:1, 2

1 Dikgosi 15:2

Ditshupiso

  • +2Dt 11:20-22

1 Dikgosi 15:4

Ditshupiso

  • +2Sa 7:8, 12; Pes. 89:33-37; Isa 37:35; Jer 33:20, 21
  • +1Dk 11:36; 2Dt 21:7; Pes. 132:13, 17

1 Dikgosi 15:5

Ditshupiso

  • +2Sa 11:4, 15; Pes. 51:Maf

1 Dikgosi 15:6

Ditshupiso

  • +1Dk 14:30; 2Dt 12:15

1 Dikgosi 15:7

Ditshupiso

  • +2Dt 13:22
  • +2Dt 13:3

1 Dikgosi 15:8

Ditshupiso

  • +1Dt 3:10; Mat 1:7
  • +2Dt 14:1

1 Dikgosi 15:10

Ditshupiso

  • +2Dt 11:21, 22

1 Dikgosi 15:11

Ditshupiso

  • +2Dt 14:2-5, 11; 15:17

1 Dikgosi 15:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +Dut 23:17, 18; 1Dk 14:24; 22:45, 46
  • +1Dk 11:7; 14:22, 23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2012, ts. 8

1 Dikgosi 15:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dt 11:18, 20
  • +Dut 7:5; 2Dk 18:1, 4; 2Dt 34:1, 4
  • +2Sa 15:23; 2Dt 15:16-18; Joh 18:1

1 Dikgosi 15:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “malatsi.”

Ditshupiso

  • +Dip 33:52; Dut 12:2; 1Dk 22:41, 43

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/2017, ts. 19

1 Dikgosi 15:15

Ditshupiso

  • +1Dt 26:26, 27

1 Dikgosi 15:16

Ditshupiso

  • +1Dk 16:3, 12

1 Dikgosi 15:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go nonotsha dipota tsa; go tsosolosa.”

  • *

    Kgotsa “go tswa kgotsa go tsena mo nageng ya ga.”

Ditshupiso

  • +Jos 18:21, 25
  • +2Dt 16:1-6

1 Dikgosi 15:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Dt 16:7

1 Dikgosi 15:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgolagano.”

  • *

    Kgotsa “kgolagano.”

1 Dikgosi 15:20

Ditshupiso

  • +2Dk 15:29
  • +Baa 18:29; 1Dk 12:28, 29

1 Dikgosi 15:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go nonotsha dipota tsa; go tsosolosa.”

Ditshupiso

  • +1Dk 14:17; Sfl 6:4

1 Dikgosi 15:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go nonotsha dipota tsa; go tsosolosa.”

Ditshupiso

  • +Jos 21:8, 17
  • +Jos 18:21, 26; Baa 20:1; 1Sa 7:5; Jer 40:6

1 Dikgosi 15:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a nonotsha dipota tsa yone; a e tsosolosa.”

Ditshupiso

  • +2Dt 16:11-14

1 Dikgosi 15:24

Ditshupiso

  • +1Dk 22:42; 2Dt 17:3, 4; 18:1; 19:4; Mat 1:8

1 Dikgosi 15:25

Ditshupiso

  • +1Dk 14:20

1 Dikgosi 15:26

Ditshupiso

  • +1Dk 14:7, 9
  • +1Dk 12:28-30; 13:33

1 Dikgosi 15:27

Ditshupiso

  • +Jos 19:44, 48; 21:20, 23; 1Dk 16:15

1 Dikgosi 15:29

Ditshupiso

  • +1Dk 14:9, 10

1 Dikgosi 15:32

Ditshupiso

  • +2Dt 12:15

1 Dikgosi 15:33

Ditshupiso

  • +1Dk 16:8

1 Dikgosi 15:34

Ditshupiso

  • +1Dk 16:7
  • +1Dk 12:28-30; 13:33

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 15:11Dk 12:20
1 Dikg. 15:12Dt 13:1, 2
1 Dikg. 15:22Dt 11:20-22
1 Dikg. 15:42Sa 7:8, 12; Pes. 89:33-37; Isa 37:35; Jer 33:20, 21
1 Dikg. 15:41Dk 11:36; 2Dt 21:7; Pes. 132:13, 17
1 Dikg. 15:52Sa 11:4, 15; Pes. 51:Maf
1 Dikg. 15:61Dk 14:30; 2Dt 12:15
1 Dikg. 15:72Dt 13:22
1 Dikg. 15:72Dt 13:3
1 Dikg. 15:81Dt 3:10; Mat 1:7
1 Dikg. 15:82Dt 14:1
1 Dikg. 15:102Dt 11:21, 22
1 Dikg. 15:112Dt 14:2-5, 11; 15:17
1 Dikg. 15:12Dut 23:17, 18; 1Dk 14:24; 22:45, 46
1 Dikg. 15:121Dk 11:7; 14:22, 23
1 Dikg. 15:132Dt 11:18, 20
1 Dikg. 15:13Dut 7:5; 2Dk 18:1, 4; 2Dt 34:1, 4
1 Dikg. 15:132Sa 15:23; 2Dt 15:16-18; Joh 18:1
1 Dikg. 15:14Dip 33:52; Dut 12:2; 1Dk 22:41, 43
1 Dikg. 15:151Dt 26:26, 27
1 Dikg. 15:161Dk 16:3, 12
1 Dikg. 15:17Jos 18:21, 25
1 Dikg. 15:172Dt 16:1-6
1 Dikg. 15:182Dt 16:7
1 Dikg. 15:202Dk 15:29
1 Dikg. 15:20Baa 18:29; 1Dk 12:28, 29
1 Dikg. 15:211Dk 14:17; Sfl 6:4
1 Dikg. 15:22Jos 21:8, 17
1 Dikg. 15:22Jos 18:21, 26; Baa 20:1; 1Sa 7:5; Jer 40:6
1 Dikg. 15:232Dt 16:11-14
1 Dikg. 15:241Dk 22:42; 2Dt 17:3, 4; 18:1; 19:4; Mat 1:8
1 Dikg. 15:251Dk 14:20
1 Dikg. 15:261Dk 14:7, 9
1 Dikg. 15:261Dk 12:28-30; 13:33
1 Dikg. 15:27Jos 19:44, 48; 21:20, 23; 1Dk 16:15
1 Dikg. 15:291Dk 14:9, 10
1 Dikg. 15:322Dt 12:15
1 Dikg. 15:331Dk 16:8
1 Dikg. 15:341Dk 16:7
1 Dikg. 15:341Dk 12:28-30; 13:33
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 15:1-34

Dikgosi wa Ntlha

15 Mo ngwageng wa bo18 wa ga Kgosi Jeroboame+ morwa Nebate, Abijame o ne a nna kgosi mo Juda.+ 2 O ne a busa dingwaga di le tharo mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Maaka,+ setlogolwana sa ga Abishalome. 3 O ne a nna a dira maleo a a tshwanang le a rraagwe a a dirileng pele ga gagwe, mme o ne a sa ineela ka botlalo mo go Jehofa, Modimo wa gagwe jaaka Dafide rraagwemogolo. 4 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya ga Dafide,+ Jehofa, Modimo wa gagwe o ne a mo naya lobone mo Jerusalema+ ka go tlhoma morwawe gore a nne kgosi morago ga gagwe le ka go boloka Jerusalema e le gone. 5 Gonne Dafide o ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa e bile o ne a se ka a fapoga mo go sepe se Modimo a neng a se mo laetse malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, kwantle fela ga kgang ya ga Uria wa Mohite.+ 6 Mme go ne go na le ntwa fa gare ga ga Rehoboame le Jeroboame malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.+

7 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Abijame, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?+ Gape go ne ga nna le ntwa fa gare ga ga Abijame le Jeroboame.+ 8 Go tswa foo, Abijame o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide; mme morwawe e bong Asa+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

9 Mo ngwageng wa bo20 wa ga Kgosi Jeroboame wa Iseraele, Asa o ne a simolola go busa mo Juda. 10 O ne a busa mo Jerusalema dingwaga di le 41. Leina la ga mmaagwemogolo e ne e le Maaka,+ setlogolwana sa ga Abishalome. 11 Asa o ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa,+ jaaka Dafide rraagwemogolo. 12 O ne a leleka bagwebakammele ba banna ba mo tempeleng mo lefatsheng+ a bo a tlosa medingwana yotlhe e e ferosang sebete* e borraagwemogolo ba neng ba e dirile.+ 13 O ne a bo a tlosa mmaagwemogolo e bong Maaka+ mo maemong a gagwe a go nna mohumagadi, ka gonne o ne a dirile modingwana o o makgapha gore o dirisiwe mo kobamelong ya kota e e boitshepo.* Asa o ne a rema modingwana oo o o makgapha+ a bo a o fisetsa kwa Mokgatšheng wa Kiderone.+ 14 Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a ne a se ka a tlosiwa.+ Mme gone, Asa o ne a ineetse ka botlalo mo go Jehofa botshelo* jotlhe jwa gagwe. 15 O ne a tsaya dilo tse ene le rraagwe ba neng ba di dirile boitshepo a di tlisa mo ntlong ya ga Jehofa: selefera, gauta le dilwana tse dingwe.+

16 Go ne ga tswelela go na le ntwa fa gare ga ga Asa le Baasha+ kgosi ya Iseraele. 17 Ka jalo, Kgosi Baasha wa Iseraele o ne a tlhasela Juda mme o ne a simolola go aga* Rama+ gore a thibele motho ope go tswa kgotsa go tsena kwa go* Kgosi Asa wa Juda.+ 18 Foo Asa o ne a tsaya selefera le gauta yotlhe tse di neng di setse mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya ga Jehofa le mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya kgosi* a bo a di naya batlhanka ba gagwe. Go tswa foo, Kgosi Asa o ne a ba roma kwa go Bene-hadade morwa Taberimone morwa Hesione, kgosi ya Siria,+ yo o neng a nna kwa Damaseko, a re: 19 “Go na le tumalano* fa gare ga me le wena le fa gare ga ga rre le rrago. Ke go romelela mpho ya selefera le gauta. Tlaa, fedisa tumalano* ya gago le Kgosi Baasha wa Iseraele, gore a tle a ntlogele.” 20 Bene-hadade o ne a reetsa Kgosi Asa mme a romela balaodi ba masole a gagwe gore ba ye go tlhasela metse ya Iseraele, mme ba ne ba kgemetha Ijone,+ Dana,+ Abele-bethe-maaka, Kinerethe yotlhe le lefatshe lotlhe la Nafetali. 21 E rile Baasha a utlwa ka gone, ka yone nako eo o ne a tlogela go aga* Rama mme a tswelela a nna mo Tiresa.+ 22 Go tswa foo, Kgosi Asa o ne a bitsa Juda yotlhe, go ne go se na ope yo o tlogetsweng, mme ba ne ba tsaya maje le dikota tsa Rama tse Baasha a neng a ntse a aga ka tsone, mme Kgosi Asa o ne a di dirisa go aga* Geba+ mo Benjamine le Misepa.+

23 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Asa, kafa a neng a le maatla ka gone le sotlhe se a se dirileng le metse e a neng a e aga,* a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? Mme fa a setse a tsofetse o ne a nna le bolwetse jwa dinao.+ 24 Go tswa foo, Asa o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme a fitlhwa le bone mo Motseng wa ga Dafide rraagwemogolo; mme morwawe e bong Jehoshafate+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

25 Nadabe+ morwa Jeroboame o ne a nna kgosi mo Iseraele mo ngwageng wa bobedi wa ga Kgosi Asa wa Juda, mme o ne a busa mo Iseraele dingwaga di le pedi. 26 O ne a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa mme o ne a tsamaya mo tseleng ya ga rraagwe+ le mo boleong jwa gagwe jo a neng a dira gore Iseraele e bo dire.+ 27 Baasha morwa Ahija wa lotso lwa ga Isakare o ne a logela Nadabe leano la boferefere, mme Baasha o ne a mmolaela kwa Gibethone,+ e e neng e le ya Bafilisitia, fa Nadabe le Baiseraele botlhe ba ne ba kampile go dikologa Gibethone. 28 Ka jalo, Baasha o ne a mmolaya mo ngwageng wa boraro wa ga Kgosi Asa wa Juda mme o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 29 Mme fela fa a sena go nna kgosi, o ne a bolaya botlhe ba lelapa la ga Jeroboame. Ga a ka a tlogela ope mo lelapeng la ga Jeroboame a tshela; o ne a laela gore ba nyelediwe go ya ka se Jehofa a neng a se buile ka motlhanka wa gagwe Ahija wa Moshilo.+ 30 O ne a dira seno ka ntlha ya maleo a Jeroboame a neng a a dirile le a a neng a dira gore Iseraele e a dire le ka ntlha ya go bo a ile a kgopisa Jehofa, Modimo wa Iseraele thata. 31 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Nadabe, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 32 Mme go ne ga tswelela go na le ntwa fa gare ga ga Asa le Kgosi Baasha wa Iseraele.+

33 Mo ngwageng wa boraro wa ga Kgosi Asa wa Juda, Baasha morwa Ahija o ne a nna kgosi mo Tiresa a busa Iseraele yotlhe mme o ne a busa dingwaga di le 24.+ 34 Le fa go ntse jalo, o ne a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ mme o ne a tsamaya mo tseleng ya ga Jeroboame le mo boleong jwa gagwe jo a neng a dira gore Iseraele e bo dire.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela