Dipesalema
136 Ntshetsang Jehofa ditebogo, ka gonne o molemo;+
Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.+
2 Ntshetsang Modimo wa medimo ditebogo,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
3 Ntshetsang Morena wa barena ditebogo,
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
4 Ke ene fela a le esi yo o dirang dilo tse di gakgamatsang,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.+
6 O ne a tsharololela lefatshe mo godimo ga metsi,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
7 O ne a dira masedi a magolo,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,
8 Letsatsi gore le bonese* motshegare,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,
9 Ngwedi le dinaledi gore di bonese bosigo,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
10 O ne a bolaya maitibolo a Baegepeto,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
11 O ne a ntsha Baiseraele kwa Egepeto,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,
12 Ka seatla se se nonofileng+ le ka lebogo le le otlolotsweng,
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
13 O ne a kgaoganya Lewatle le Lehibidu ka bogare,*+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
14 O ne a dira gore Baiseraele ba fete mo gare ga lone,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
15 O ne a tlhotlhorela Faro le masole a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
16 O ne a etelela batho ba gagwe pele go ralala naga,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
17 O ne a kgemetha dikgosi tse dikgolo,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
18 O ne a bolaya dikgosi tse di maatla,
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,
19 Sihone+ kgosi ya Baamore,
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,
20 Le Oge+ kgosi ya kwa Bashana,
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
21 O ne a aba lefatshe la bone gore e nne boswa,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,
22 Gore e nne boswa jwa ga Iseraele motlhanka wa gagwe,
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
23 O ne a re gakologelwa fa re ne re kgobegile marapo,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.+
24 O ne a nna a re golola mo babeng ba rona,+
Gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
26 Ntshetsang Modimo wa magodimo ditebogo,