Jobe
7 “A botshelo jwa motho mo lefatsheng ga bo tshwane le tiro e e patelediwang,
Mme a malatsi a gagwe ga a tshwane le a modiri yo o thapilweng?+
2 O tlhologeletswe moriti jaaka motlhanka,
E bile o letetse tuelo ya gagwe jaaka modiri yo o thapilweng.+
3 Ka jalo ke abetswe dikgwedi tse di se nang mosola,
E bile ke baletswe masigo a a nang le matshwenyego.+
4 Fa ke robala ke ipotsa gore, ‘Ke tla tsoga leng?’+
Mme fa bosigo bo ntse bo tsweletse, ga ke kgone go robala go fitlha letsatsi le tlhaba.*
7 Gakologelwa gore botshelo jwa me ke phefo,+
Le gore ga nkitla ke tlhola ke itumela gape.
8 Leitlho le le mponang gone jaanong ga le kitla le tlhola le mpona;
Matlho a gago a tla mpatla, mme ke tla bo ke seyo.+
11 Ka jalo, nka se ithibe molomo.
Ke tla bua ka ntlha ya kutlobotlhoko e ke e utlwang mo pelong* ya me;
Ke tla ngongorega ke le mo matshwenyegong a a botlhoko!+
12 A ke lewatle kgotsa setshedi se setona sa lewatle,
Gore o mpeele modisa?
13 Fa ke re, ‘Bolao jwa me bo tla nkgomotsa;
Bo tla thusa go okobatsa khutsafalo ya me,’
14 Foo o ntshosa ka ditoro
E bile o mpoifisa ka diponatshegelo,
15 Mo e leng gore ke tlhopha gore ke hupelwe,
Ruri go botoka gore ke swe go na le gore mmele wa me* o nne jaana.+
16 Ke tlhoile botshelo jwa me;+ ga ke batle go tswelela ke tshela.
Ntlogele, ka gonne malatsi a me a tshwana le mohemo.+
17 Motho ke eng go bo o tshwanetse go amega ka ene
18 Goreng o mo tlhatlhoba moso mongwe le mongwe
E bile o mo leka nako le nako?+
19 A ga o kitla o tlosa matlho a gago mo go nna
Mme o ntlogela gore ke kgone go metsa mathe?+
20 Fa e le gore ke leofile, nka go utlwisa botlhoko jang, wena Molebeledi wa batho?+
Ke ka ntlha yang fa o nkwaile?
A ke fetogile morwalo mo go wena?
21 Goreng o sa itshwarele molato wa me
E bile o sa phimole phoso ya me?
Gonne go ise go ye kae ke tla rapama mo loroleng,+
Mme o tla mpatla, le fa go ntse jalo ke tla bo ke seyo.”