Dipesalema
Go mokaedi. Pina ya ga Dafide.
20 E kete Jehofa a ka go araba mo letsatsing la matshwenyego.
E kete leina la Modimo wa ga Jakobe le ka go sireletsa.+
3 E kete a ka gakologelwa ditlhabelo tsa gago tsotlhe tsa mpho;
E kete a ka itumelela go amogela* setlhabelo sa gago se se fisiwang. (Selah)
5 Re tla goa ka boitumelo ka ntlha ya ditiro tsa gago tsa poloko;+
Re tla tsholetsa difolaga tsa rona re baka leina la Modimo wa rona.+
E kete Jehofa a ka diragatsa dikopo tsotlhe tsa gago.
6 Jaanong ke a itse gore Jehofa o boloka motlodiwa wa gagwe.+
O mo araba a le kwa magodimong a gagwe a a boitshepo
Ka go mmoloka a dirisa seatla sa gagwe sa moja se se maatla.+
7 Bangwe ba ikanya dikara mme ba bangwe ba ikanya dipitse,+
Mme rona re bitsa leina la ga Jehofa, Modimo wa rona.+
8 Ba phutlhame e bile ba ole,
Mme rona re tsogile e bile re tsosolositswe.+
9 Ao tlhe Jehofa, boloka kgosi.+