LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Shishake o tlhasela Jerusalema (1-12)

      • Bogosi jwa ga Rehoboame bo a khutla (13-16)

2 Ditiragalo 12:1

Ditshupiso

  • +2Dt 11:17
  • +Dut 32:15; 2Dt 26:11, 16

2 Ditiragalo 12:2

Ditshupiso

  • +1Dk 11:40; 14:25

2 Ditiragalo 12:3

Ditshupiso

  • +Nah 3:9

2 Ditiragalo 12:5

Ditshupiso

  • +1Dk 12:22-24
  • +Dut 28:15; 2Dt 15:2

2 Ditiragalo 12:6

Ditshupiso

  • +2Dt 33:10, 12

2 Ditiragalo 12:7

Ditshupiso

  • +1Dk 21:29; 2Dt 34:26, 27

2 Ditiragalo 12:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “magosi.”

2 Ditiragalo 12:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:51
  • +1Dk 10:16, 17; 14:25-28

2 Ditiragalo 12:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “batabogi.”

2 Ditiragalo 12:12

Ditshupiso

  • +2Dt 33:10, 12
  • +Dik 3:22
  • +Ge 18:23-25; 1Dk 14:1, 13; 2Dt 19:2, 3

2 Ditiragalo 12:13

Ditshupiso

  • +Dut 23:3; 1Dk 11:1; 14:21

2 Ditiragalo 12:14

Ditshupiso

  • +1Sa 7:3; 1Dk 18:21; Mar 12:30

2 Ditiragalo 12:15

Ditshupiso

  • +1Dk 12:22-24
  • +2Dt 9:29; 13:22
  • +1Dk 14:30, 31

2 Ditiragalo 12:16

Ditshupiso

  • +2Sa 5:9
  • +Mat 1:7

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 12:12Dt 11:17
2 Ditir. 12:1Dut 32:15; 2Dt 26:11, 16
2 Ditir. 12:21Dk 11:40; 14:25
2 Ditir. 12:3Nah 3:9
2 Ditir. 12:51Dk 12:22-24
2 Ditir. 12:5Dut 28:15; 2Dt 15:2
2 Ditir. 12:62Dt 33:10, 12
2 Ditir. 12:71Dk 21:29; 2Dt 34:26, 27
2 Ditir. 12:91Dk 7:51
2 Ditir. 12:91Dk 10:16, 17; 14:25-28
2 Ditir. 12:122Dt 33:10, 12
2 Ditir. 12:12Dik 3:22
2 Ditir. 12:12Ge 18:23-25; 1Dk 14:1, 13; 2Dt 19:2, 3
2 Ditir. 12:13Dut 23:3; 1Dk 11:1; 14:21
2 Ditir. 12:141Sa 7:3; 1Dk 18:21; Mar 12:30
2 Ditir. 12:151Dk 12:22-24
2 Ditir. 12:152Dt 9:29; 13:22
2 Ditir. 12:151Dk 14:30, 31
2 Ditir. 12:162Sa 5:9
2 Ditir. 12:16Mat 1:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 12:1-16

Ditiragalo wa Bobedi

12 Fela fa bogosi jwa ga Rehoboame bo sena go tia thata e bile a setse a nonofile,+ o ne a tlogela Molao wa ga Jehofa,+ mme Baiseraele botlhe le bone ba ne ba dira jalo. 2 Mo ngwageng wa botlhano wa ga Kgosi Rehoboame, Kgosi Shishake+ wa Egepeto o ne a tla go tlhasela Jerusalema, ka gonne Baiseraele ba ne ba ile ba se ka ba ikanyega mo go Jehofa. 3 O ne a na le dikara di le 1 200, masole a a tsamayang ka dipitse a le 60 000 le mephato e mentsi ya masole a a neng a na le ene go tswa kwa Egepeto: e le Balibia, Basukime le Baethiopia.+ 4 O ne a gapa metse ya Juda e e sireletsegileng mme la bofelo a goroga kwa Jerusalema.

5 Moporofeti Shemaia+ o ne a tla kwa go Rehoboame le dikgosana tsa Juda tse di neng di phuthegetse kwa Jerusalema ka ntlha ya ga Shishake, mme o ne a ba raya a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Lo ntlogetse, ka jalo le nna ke lo tlogetse+ ka lo tsenya mo seatleng sa ga Shishake.’” 6 Foo dikgosana tsa Iseraele mmogo le kgosi ba ne ba ikokobetsa+ mme ba re: “Jehofa o tshiamo.” 7 E rile Jehofa a bona gore ba ikokobeditse, Jehofa o ne a raya Shemaia a re: “Ba ikokobeditse. Ga nkitla ke ba senya,+ mme mo lobakanyaneng fela ke tla ba golola. Ga nkitla ke tshololela bogale jwa me mo godimo ga Jerusalema ke dirisa Shishake. 8 Mme gone, ba tla nna batlhanka ba gagwe, gore ba tle ba itse pharologanyo fa gare ga go ntirela le go direla dikgosi* tsa mafatshe a mangwe.”

9 Ka jalo, Kgosi Shishake wa Egepeto o ne a tla go tlhasela Jerusalema. O ne a tsaya matlotlo a ntlo ya ga Jehofa+ le matlotlo a ntlo ya kgosi.* O ne a tsaya sengwe le sengwe, go akaretsa le dithebe tsa gauta tse Solomone a neng a di dirile.+ 10 Ka jalo, Kgosi Rehoboame o ne a dira dithebe tsa kopore mo boemong jwa tsone, mme o ne a di baya mo taolong ya balaodi ba bafemedi,* ba ba neng ba disa kgoro ya ntlo ya kgosi. 11 Nako nngwe le nngwe fa kgosi e ne e ya kwa ntlong ya ga Jehofa, bafemedi ba ne ba tsena ba bo ba di tshola, go tswa foo ba ne ba di busetsa kwa ntlwaneng ya bafemedi. 12 E re ka kgosi e ile ya ikokobetsa, Jehofa o ne a faposa bogale jwa gagwe mo go ene,+ mme o ne a se ka a ba senya gotlhelele.+ Mo godimo ga moo, go ne go na le dilo dingwe tse di molemo tse di neng tsa fitlhelwa mo Juda.+

13 Kgosi Rehoboame o ne a nonotsha maemo a gagwe mo Jerusalema mme o ne a tswelela a busa; Rehoboame o ne a na le dingwaga di le 41 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 17 mo Jerusalema, motse o Jehofa a neng a o tlhophile mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele gore e nne lefelo le a neng a tla baya leina la gagwe mo go lone. Leina la ga mmaagwe kgosi e ne e le Naama wa Moamone.+ 14 Mme Rehoboame o ne a dira se se bosula, ka gonne o ne a sa ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore a batle Jehofa.+

15 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Rehoboame, sotlhe se a se dirileng, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, a ga e a kwalwa mo mafokong a ga moporofeti Shemaia+ le a ga Ido+ mmoni wa diponatshegelo mo pegong ya tatelano ya masika? Mme go ne ga tswelela go na le ntwa fa gare ga ga Rehoboame le Jeroboame.+ 16 Morago ga moo, Rehoboame o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa mo Motseng wa ga Dafide;+ mme morwawe e bong Abija+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela