LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Bogosi jwa ga Rehoboame (1-12)

      • Balefi ba fudugela kwa Juda (13-17)

      • Lelapa la ga Rehoboame (18-23)

2 Ditiragalo 11:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tlhophilweng.”

Ditshupiso

  • +Ge 49:27; 2Dt 14:8
  • +1Dk 12:21-24

2 Ditiragalo 11:2

Ditshupiso

  • +2Dt 12:15

2 Ditiragalo 11:4

Ditshupiso

  • +1Dk 11:31; 2Dt 10:15

2 Ditiragalo 11:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a nonotsha.”

Ditshupiso

  • +Ge 35:19; Mat 2:1
  • +Amo 1:1

2 Ditiragalo 11:7

Ditshupiso

  • +2Dt 28:18
  • +1Sa 22:1

2 Ditiragalo 11:8

Ditshupiso

  • +1Dt 18:1
  • +1Sa 23:14

2 Ditiragalo 11:9

Ditshupiso

  • +2Dt 32:9
  • +Jos 10:10; Jer 34:7

2 Ditiragalo 11:10

Ditshupiso

  • +Jos 19:42, 48
  • +Jos 14:14, 15; 2Sa 2:1

2 Ditiragalo 11:14

Ditshupiso

  • +Dip 35:2, 3
  • +1Dk 12:31, 32

2 Ditiragalo 11:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba direle dipodi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 13:33
  • +Lef 17:7
  • +1Dk 12:26, 28

2 Ditiragalo 11:16

Ditshupiso

  • +Dut 12:11; 1Dt 22:1; 2Dt 15:8, 9; 30:10, 11

2 Ditiragalo 11:18

Ditshupiso

  • +1Sa 16:6; 17:13

2 Ditiragalo 11:20

Ditshupiso

  • +2Sa 13:1; 18:33
  • +1Dk 15:1; 2Dt 12:16; Mat 1:7

2 Ditiragalo 11:21

Ditshupiso

  • +Dut 17:17

2 Ditiragalo 11:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phatlalatsa; gasamisa.”

Ditshupiso

  • +2Dt 11:5, 11

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 11:1Ge 49:27; 2Dt 14:8
2 Ditir. 11:11Dk 12:21-24
2 Ditir. 11:22Dt 12:15
2 Ditir. 11:41Dk 11:31; 2Dt 10:15
2 Ditir. 11:6Ge 35:19; Mat 2:1
2 Ditir. 11:6Amo 1:1
2 Ditir. 11:72Dt 28:18
2 Ditir. 11:71Sa 22:1
2 Ditir. 11:81Dt 18:1
2 Ditir. 11:81Sa 23:14
2 Ditir. 11:92Dt 32:9
2 Ditir. 11:9Jos 10:10; Jer 34:7
2 Ditir. 11:10Jos 19:42, 48
2 Ditir. 11:10Jos 14:14, 15; 2Sa 2:1
2 Ditir. 11:14Dip 35:2, 3
2 Ditir. 11:141Dk 12:31, 32
2 Ditir. 11:151Dk 13:33
2 Ditir. 11:15Lef 17:7
2 Ditir. 11:151Dk 12:26, 28
2 Ditir. 11:16Dut 12:11; 1Dt 22:1; 2Dt 15:8, 9; 30:10, 11
2 Ditir. 11:181Sa 16:6; 17:13
2 Ditir. 11:202Sa 13:1; 18:33
2 Ditir. 11:201Dk 15:1; 2Dt 12:16; Mat 1:7
2 Ditir. 11:21Dut 17:17
2 Ditir. 11:232Dt 11:5, 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 11:1-23

Ditiragalo wa Bobedi

11 E rile Rehoboame a goroga mo Jerusalema, ka yone nako eo o ne a phutha batho botlhe ba Juda le ba Benjamine,+ batlhabani ba ba katisitsweng* ba le 180 000, gore ba ye go tlhabana le Iseraele e le gore ba tle ba busetse bogosi mo go ene.+ 2 Foo Jehofa o ne a raya Shemaia+ monna wa Modimo wa boammaaruri a re: 3 “Raya Rehoboame morwa Solomone kgosi ya Juda le Baiseraele botlhe ba ba kwa Juda le Benjamine o re, 4 ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Ga lo a tshwanela go ya go tlhabana le bomorwarraalona. A mongwe le mongwe wa lona a boele kwa ntlong ya gagwe, ka gonne ke dirile gore seno se direge.”’”+ Ka jalo, ba ne ba ikobela lefoko la ga Jehofa mme ba boa, mme ga ba a ka ba ya go tlhabana le Jeroboame.

5 Rehoboame o ne a nna mo Jerusalema mme a aga metse e e sireletsegileng mo Juda. 6 Ka jalo, o ne a aga sesha* Bethelehema,+ Etame, Tekoa,+ 7 Bethe-sure, Soko,+ Adulama,+ 8 Gathe,+ Mareshahe, Siife,+ 9 Adoraime, Lakishe,+ Aseka,+ 10 Sora, Aijalona+ le Heberone,+ e leng metse e e sireletsegileng e e neng e le kwa Juda le kwa Benjamine. 11 Mo godimo ga moo, o ne a nonotsha mafelo ao a a sireletsegileng a bo a tlhoma balaodi mo go one mme o ne a ba tlamela ka dijo le leokwane le beine, 12 mme metse e mengwe yotlhe o ne a e naya dithebe tse dikgolo le marumo; o ne a e nonotsha thata. Mme o ne a tswelela a busa Juda le Benjamine.

13 Mme baperesiti le Balefi ba ba neng ba le mo Iseraele yotlhe ba ne ba ema mo letlhakoreng la gagwe, ba tswa mo dikarolong tsotlhe tsa bone. 14 Balefi ba ne ba tlogela mafulo a bone le thuo ya bone+ mme ba tla mo Juda le Jerusalema, ka gonne Jeroboame le bomorwawe ba ne ba ba tlositse gore ba se ka ba direla e le baperesiti ba ga Jehofa.+ 15 Go tswa foo, Jeroboame o ne a itlhomela baperesiti kwa mafelong a a kwa godimo a a boitshepo+ gore ba direle madimona a a tshwanang le dipodi*+ le a a tshwanang le dinamane.+ 16 Mme batho ba bangwe ba ba tswang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba ba neng ba ikemiseditse mo pelong go batla Jehofa, Modimo wa Iseraele, ba ne ba ba sala morago ba ya kwa Jerusalema ba ya go ntshetsa Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo setlhabelo.+ 17 Ba ne ba nonotsha bogosi jwa Juda ba bo ba ema Rehoboame morwa Solomone nôkeng dingwaga di le tharo, ka gonne ba ne ba tsamaya mo ditseleng tsa ga Dafide le Solomone dingwaga di le tharo.

18 Foo Rehoboame o ne a nyala Mahalathe morwadia Jerimothe morwa Dafide. Mmaagwe Mahalathe e ne e le Abihaile morwadia Eliabe morwa Jese.+ 19 Fa nako e ntse e tsamaya, Mahalathe o ne a mo tsholela bana bano ba basimane: Jeushe, Shemaria le Sahame. 20 Morago ga ga Mahalathe, o ne a nyala Maaka setlogolwana sa ga Abesalome.+ Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a mo tsholela Abija,+ Atai, Sisa le Shelomithe. 21 Rehoboame o ne a rata Maaka setlogolwana sa ga Abesalome thata go gaisa basadi ba bangwe botlhe ba gagwe le bagadingwana ba gagwe,+ gonne o ne a nyetse basadi ba le 18 e bile a na le bagadingwana ba le 60, mme o ne a nna le bana ba basimane ba le 28 le bana ba basetsana ba le 60. 22 Ka jalo, Rehoboame o ne a tlhoma Abija morwa Maaka gore a nne tlhogo le moeteledipele wa bomorwarraagwe, ka gonne o ne a batla go mo dira kgosi. 23 Le fa go ntse jalo, o ne a dira ka botlhale mme a tsamaisa* bangwe ba bomorwawe gore ba ye kwa dikgaolong tsotlhe tsa Juda le tsa Benjamine, kwa metseng yotlhe e e sireletsegileng,+ mme o ne a ba naya dilo tse ba di tlhokang di le dintsi a bo a ba batlela basadi ba le bantsi.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela