LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Dafide o rata Mefiboshethe ka lorato lo lo sa kgaotseng (1-13)

2 Samuele 9:1

Ditshupiso

  • +1Sa 18:1, 3; 20:15, 42

2 Samuele 9:2

Ditshupiso

  • +2Sa 16:1; 19:17

2 Samuele 9:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o tlhotsa mo.”

Ditshupiso

  • +2Sa 4:4; 9:13; 19:26

2 Samuele 9:4

Ditshupiso

  • +2Sa 17:27-29

2 Samuele 9:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ja senkgwe.”

Ditshupiso

  • +Dia 11:17
  • +2Sa 19:28; Dia 11:25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2002, ts. 19

2 Samuele 9:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o retoloseditse sefatlhego sa gago mo.”

Ditshupiso

  • +1Sa 24:14

2 Samuele 9:9

Ditshupiso

  • +2Sa 9:1; 16:4; 19:29

2 Samuele 9:10

Ditshupiso

  • +2Sa 19:28
  • +2Sa 19:17

2 Samuele 9:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “ya me.”

2 Samuele 9:12

Ditshupiso

  • +1Dt 8:34; 9:40

2 Samuele 9:13

Ditshupiso

  • +2Sa 9:7; 19:28
  • +2Sa 4:4

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 9:11Sa 18:1, 3; 20:15, 42
2 Sam. 9:22Sa 16:1; 19:17
2 Sam. 9:32Sa 4:4; 9:13; 19:26
2 Sam. 9:42Sa 17:27-29
2 Sam. 9:7Dia 11:17
2 Sam. 9:72Sa 19:28; Dia 11:25
2 Sam. 9:81Sa 24:14
2 Sam. 9:92Sa 9:1; 16:4; 19:29
2 Sam. 9:102Sa 19:28
2 Sam. 9:102Sa 19:17
2 Sam. 9:121Dt 8:34; 9:40
2 Sam. 9:132Sa 9:7; 19:28
2 Sam. 9:132Sa 4:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 9:1-13

Samuele wa Bobedi

9 Go tswa foo, Dafide o ne a re: “A go sa ntse go na le mongwe yo o setseng wa losika lwa ga Saulo yo nka mmontshang lorato lo lo sa kgaotseng ka ntlha ya ga Jonathane?”+ 2 Jaanong go ne go na le motlhanka wa lelapa la ga Saulo yo o bidiwang Siba.+ Ka jalo, ba ne ba mmiletsa kwa go Dafide, mme kgosi e ne ya mmotsa jaana: “A ke wena Siba?” Ene o ne a araba a re: “Ke nna motlhanka wa gago.” 3 Kgosi e ne ya tswelela ya re: “A go na le mongwe yo o setseng wa lelapa la ga Saulo yo nka mmontshang lorato lwa Modimo lo lo sa kgaotseng?” Siba o ne a araba kgosi a re: “Go sa ntse go na le morwa Jonathane; o golafetse* dinao tsoopedi.”+ 4 Kgosi e ne ya mmotsa jaana: “O kae?” Siba o ne a araba kgosi a re: “O kwa lelapeng la ga Makire+ morwa Amiele kwa Lo-debare.”

5 Ka yone nako eo, Kgosi Dafide o ne a roma mongwe mme a ya go mo tsaya kwa lelapeng la ga Makire morwa Amiele kwa Lo-debare. 6 Fa Mefiboshethe morwa Jonathane morwa Saulo a tsena kwa go Dafide, ka yone nako eo o ne a khubama a bo a ikoba. Foo Dafide o ne a re: “Mefiboshethe!” mme ene o ne a araba a re: “Ke fano Morena wa me.” 7 Dafide o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa, ka gonne ruri ke tla go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng+ ka ntlha ya ga rrago e bong Jonathane mme ke tla go busetsa naga yotlhe ya ga Saulo rragomogolo, mme o tla ja* mo tafoleng ya me ka metlha.”+

8 Foo o ne a obama mme a re: “Ke mang go bo o nkgakologetswe,* nna motlhanka wa gago yo o tshwanang le ntša e e suleng?”+ 9 Mme kgosi e ne ya laela gore go bidiwe Siba, motlhokomedi wa ga Saulo, mme e ne ya mo raya ya re: “Sengwe le sengwe se e neng e le sa ga Saulo le sa botlhe ba lelapa la gagwe ke se naya setlogolwana sa ga mong wa gago.+ 10 O tla mo lemela masimo, wena le bomorwao le batlhanka ba gago mme o tla kgobokanya thobo ya one gore ba lelapa la setlogolwana sa mong wa gago ba nne le dijo tse ba ka di jang. Mme Mefiboshethe ene, setlogolwana sa mong wa gago, o tla ja mo tafoleng ya me ka metlha.”+

Siba o ne a na le barwa ba le 15 le batlhanka ba le 20.+ 11 Foo Siba o ne a raya kgosi a re: “Nna motlhanka wa gago, ke tla dira sotlhe se o ntaelang gore ke se dire morena wa me kgosi.” Ka jalo, Mefiboshethe o ne a ja mo tafoleng ya ga Dafide* jaaka mongwe wa bomorwa kgosi. 12 Jaanong Mefiboshethe le ene o ne a na le morwa yo mmotlana yo o bidiwang Miga;+ mme botlhe ba ba neng ba nna mo lelapeng la ga Siba ba ne ba nna batlhanka ba ga Mefiboshethe. 13 Mme Mefiboshethe o ne a nna kwa Jerusalema, ka gonne ka metlha o ne a ja mo tafoleng ya kgosi;+ o ne a golafetse dinao tsoopedi.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela