LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 64
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Go sirelediwa mo ditlhaselong tse di bofitlha

        • “Modimo o tla ba hula” (7)

Pesalema 64:1

Ditshupiso

  • +Pes. 55:1

Pesalema 64:2

Ditshupiso

  • +Pes. 56:6; 109:2

Pesalema 64:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ba tlhotlheletsana go dira bosula.”

Ditshupiso

  • +Pes. 10:4, 11; 59:7

Pesalema 64:6

Ditshupiso

  • +Pes. 140:5

Pesalema 64:7

Ditshupiso

  • +Pes. 7:11, 12

Pesalema 64:8

Ditshupiso

  • +Dia 12:13; 18:7

Pesalema 64:9

Ditshupiso

  • +Pes. 107:40, 43

Pesalema 64:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ipelafatsa.”

Ditshupiso

  • +Pes. 58:10; 68:2, 3

Ditemana Tse dingwe

Pes. 64:1Pes. 55:1
Pes. 64:2Pes. 56:6; 109:2
Pes. 64:5Pes. 10:4, 11; 59:7
Pes. 64:6Pes. 140:5
Pes. 64:7Pes. 7:11, 12
Pes. 64:8Dia 12:13; 18:7
Pes. 64:9Pes. 107:40, 43
Pes. 64:10Pes. 58:10; 68:2, 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 64:1-10

Dipesalema

Go mokaedi. Pina ya ga Dafide.

64 Ao tlhe Modimo, ntheetse fa ke go kopa.+

Sireletsa botshelo jwa me gore ke se ka ka boifisiwa ke mmaba.

 2 Ntshireletse mo maanong a sephiri a batho ba ba bosula,+

Mo boidiiding jwa badirabosula.

 3 Ba lootsa maleme a bone fela jaaka tšhaka;

Ba lebaganya mafoko a bone a a setlhogo jaaka metswi,

 4 Gore ba hule motho yo o se nang molato ba le mo mafelong a ba iphitlhang mo go one;

Ba mo hula ka tshoganyetso, ba sa boife sepe.

 5 Ba ngangatlela maikaelelo a bone a a bosula;*

Ba buisana kafa ba ka fitlhang dirai tsa bone ka gone.

Ba re: “Ke mang yo o tla di bonang?”+

 6 Ba batla ditsela tse disha tsa go dira bosula;

Ba loga leano la bone la bolotsana mo sephiring;+

Se mongwe le mongwe wa bone a se akanyang mo pelong ya gagwe se boteng.

 7 Mme Modimo o tla ba hula;+

Ka tshoganyetso fela ba tla bo ba gobaditswe ke motswi.

 8 Loleme lwa bone lo tla dira gore ba we;+

Botlhe ba ba lebileng ba tla tshikinya ditlhogo.

 9 Foo batho botlhe ba tla boifa,

Mme ba tla itsise se Modimo a se dirileng,

E bile ba tla lemoga ditiro tsa gagwe.+

10 Motho yo o siameng o tla itumela mo go Jehofa e bile o tla tshabela mo go ene;+

Botlhe ba ba dipelo di siameng ba tla itumela.*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela