LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Jerusalema o tshwana le pitsa e e rusitseng (1-14)

      • Loso lwa mosadi wa ga Esekiele ke sesupo (15-27)

Esekiele 24:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 135

Esekiele 24:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “leina la letsatsi leno.”

Ditshupiso

  • +2Dk 25:1; Jer 39:1; 52:4

Esekiele 24:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “polelo.”

  • *

    Kgotsa “pitsa e e apeelang e e molomo o mogolo.”

Ditshupiso

  • +Esk 11:3

Esekiele 24:4

Ditshupiso

  • +Esk 11:7

Esekiele 24:5

Ditshupiso

  • +Jer 39:6

Esekiele 24:6

Ditshupiso

  • +2Dk 21:16; Mik 7:2; Mat 23:35
  • +Esk 11:7, 9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2007, ts. 14

Esekiele 24:7

Ditshupiso

  • +Jer 2:34
  • +Lef 17:13; Dut 12:16

Esekiele 24:8

Ditshupiso

  • +2Dk 24:3, 4

Esekiele 24:9

Ditshupiso

  • +Mat 23:37

Esekiele 24:11

Ditshupiso

  • +Jer 21:10; 32:29; Esk 22:15

Esekiele 24:12

Ditshupiso

  • +Jer 5:3; 6:29

Esekiele 24:13

Ditshupiso

  • +2Dt 36:14; Esk 22:9
  • +Esk 5:12, 13; 8:18

Esekiele 24:14

Ditshupiso

  • +Jer 13:14; Esk 5:11

Esekiele 24:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go itaya sehuba sa gago.”

Ditshupiso

  • +Esk 24:18, 21

Esekiele 24:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bompaatšhane.”

  • *

    Seheb., “senkgwe sa batho.”

Ditshupiso

  • +Jer 16:5
  • +Lef 10:6
  • +2Sa 15:30
  • +Mik 3:7
  • +Jer 16:7

Esekiele 24:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “le se lo se tlhomogelang pelo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 74:7; 79:1; Jer 7:14; Dik 1:10; 2:7; Esk 9:7
  • +2Dt 36:17; Jer 6:11

Esekiele 24:22

Ditshupiso

  • +Esk 24:17

Esekiele 24:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bompaatšhane.”

Ditshupiso

  • +Lef 26:39; Esk 33:10

Esekiele 24:24

Ditshupiso

  • +Isa 8:18; 20:3; Esk 4:3

Esekiele 24:25

Ditshupiso

  • +Dut 28:32; Jer 11:22

Esekiele 24:26

Ditshupiso

  • +Esk 33:21

Esekiele 24:27

Ditshupiso

  • +Esk 3:26; 33:22

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2007, ts. 13-14

    12/1/2003, ts. 29

Ditemana Tse dingwe

Esek. 24:22Dk 25:1; Jer 39:1; 52:4
Esek. 24:3Esk 11:3
Esek. 24:4Esk 11:7
Esek. 24:5Jer 39:6
Esek. 24:62Dk 21:16; Mik 7:2; Mat 23:35
Esek. 24:6Esk 11:7, 9
Esek. 24:7Jer 2:34
Esek. 24:7Lef 17:13; Dut 12:16
Esek. 24:82Dk 24:3, 4
Esek. 24:9Mat 23:37
Esek. 24:11Jer 21:10; 32:29; Esk 22:15
Esek. 24:12Jer 5:3; 6:29
Esek. 24:132Dt 36:14; Esk 22:9
Esek. 24:13Esk 5:12, 13; 8:18
Esek. 24:14Jer 13:14; Esk 5:11
Esek. 24:16Esk 24:18, 21
Esek. 24:17Jer 16:5
Esek. 24:17Lef 10:6
Esek. 24:172Sa 15:30
Esek. 24:17Mik 3:7
Esek. 24:17Jer 16:7
Esek. 24:21Pes. 74:7; 79:1; Jer 7:14; Dik 1:10; 2:7; Esk 9:7
Esek. 24:212Dt 36:17; Jer 6:11
Esek. 24:22Esk 24:17
Esek. 24:23Lef 26:39; Esk 33:10
Esek. 24:24Isa 8:18; 20:3; Esk 4:3
Esek. 24:25Dut 28:32; Jer 11:22
Esek. 24:26Esk 33:21
Esek. 24:27Esk 3:26; 33:22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 24:1-27

Esekiele

24 Jehofa o ne a bua le nna gape mo ngwageng wa borobongwe, mo kgweding ya bolesome, mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo, a re: 2 “Morwa motho, kwala letlha la letsatsi leno.* Kgosi ya Babelona e simolotse go tlhasela Jerusalema mo go lone letsatsi leno.+ 3 Mme o bue seane* ka batlhanogi bano, o bue ka bone o re:

“‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

“Tlhatlegang pitsa e e apeelang;* e tlhatlegeng mo molelong lo bo lo tshela metsi mo go yone.+

 4 Tsenyang dikarolo tsa nama mo go yone,+ karolo nngwe le nngwe e e siameng,

Serope le legetla; lo e tlatse ka marapo a a a gaisang otlhe.

 5 Tsayang nku e e di gaisang tsotlhe mo letsomaneng,+ lo bo lo tlhatlaganya dikgong ka fa tlase ga pitsa.

Bedisang dikarolo tsa nama lo bo lo apaya marapo ka yone.”’

6 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

‘Go tla bo go le maswe mo motseng o o bolayang batho,+ e leng pitsa e e apeelang, e ruse ya yone e sa tlosiwang mo go yone!

Ntshang dikarolo tsa nama mo go yone ka bongwe ka bongwe;+ lo se ka lwa di latlhelela bola.

 7 Gonne madi a a tsholotsweng ke motse ono a mo go one;+ o a tshololetse mo lefikeng le le se nang mmu.

Ga o a ka wa a tshololela fa fatshe, gore o a katele ka mmu.+

 8 Ke beile madi a o a tsholotseng mo lefikeng le le phatsimang le le se nang mmu

Gore a se ka a katelwa,

E le gore ke tsose bogale jwa me mme ke ipusolosetse.’+

9 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

‘Go tla bo go le maswe mo motseng o o bolayang batho!+

Ke tla dira mokoa o mogolo wa dikgong.

10 Tlhatlaganyang dikgong lo bo lo gotsa molelo,

Apayang nama gore e bo e butswe thata, tshololang moro, lo bo lo letla gore marapo a she.

11 Bayang pitsa e e se nang sepe mo magaleng gore e nne mogote

Gore kopore ya yone e gotele thata.

Leswe la yone le tla nyerologa mo go yone,+ e bile ruse ya yone e tla sha.

12 Go ngomola pelo e bile go a lapisa,

Gonne ruse ya yone e ntsi ga e kitla e tswa.+

E latlhele mo molelong e ntse e na le ruse!’

13 “‘Boitshwaro jwa gago jo bo maswe thata bo ne jwa dira gore o se ka wa nna phepa.+ Ke ne ka leka go go dira phepa, mme o ne wa gana. Ga o kitla o nna phepa go fitlha tšhakgalo ya me mo go wena e kokobela.+ 14 Nna Jehofa, ke buile. Go tla diragala jalo. Ke tla dira jalo ke sa boele morago, ke sa tlhomoge pelo e bile ke sa ikwatlhaye.+ Ba tla go atlhola go ya ka ditsela tsa gago le ditiro tsa gago,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

15 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 16 “Morwa motho, ka tshoganyetso fela ke tloga ke go tseela motho yo o mo ratang.+ Ga o a tshwanela go hutsafala;* e bile ga o a tshwanela go lela kgotsa go tsholola dikeledi. 17 Lela ka tidimalo, mme o se ka wa dira dingwao tsa go hutsafalela baswi.+ Ipofe ka tuku e e kgethegileng ya gago,+ mme o rwale ditlhako* tsa gago.+ O se ka wa khurumetsa ditedu tsa gago tse di fa godimo ga molomo,+ e bile o se ka wa ja senkgwe se o se tliseditsweng ke batho ba bangwe.”*+

18 Ke ne ka bua le batho mo mosong, mme mosadi wa me o ne a swa maitseboa. Ka jalo, mo mosong ke ne ka dira fela jaaka ke ne ke laetswe. 19 Batho ba ne ba nthaya ba re: “A ga o kitla o re bolelela gore dilo tseno tse o di dirang di re ama jang?” 20 Ke ne ka ba araba ka re: “Jehofa o ntheile a re, 21 ‘Raya batho ba Iseraele o re: “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Ke tloga ke dira gore lefelo la me le le boitshepo le se ka la tlhola le nna boitshepo,+ e leng selo se lo ipelafatsang ka sone, selo se lo se ratang le se lo se eletsang thata.* Bomorwaalona le bomorwadialona ba lo ba tlogetseng kwa morago ba tla bolawa ka tšhaka.+ 22 Foo lo tla tshwanelwa ke go dira fela jaaka ke dirile. Ga lo kitla lo khurumetsa ditedu tsa lona tse di fa godimo ga molomo, e bile ga lo kitla lo ja senkgwe se lo se tliseditsweng ke batho ba bangwe.+ 23 Lo tla bo lo rwele dituku tsa lona e bile lo rwele ditlhako* tsa lona. Ga lo kitla lo hutsafala kgotsa lo lela lo bonwa ke batho. Go na le moo, lo tla bola ka ntlha ya melato ya lona,+ mme lo tla lebana lo bo lo lela mo sephiring. 24 Esekiele o fetogile sesupo mo go lona.+ Lo tla dira fela jaaka a dirile. Fa seo se direga, lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Morena Molaodimogolo Jehofa.’”’”

25 “Mme wena morwa motho, mo letsatsing la fa ke ba tseela kago ya bone ya phemelo, e leng selo se sentle se se ba itumedisang, selo se ba se ratang, se ba se eletsang thata, mmogo le bomorwaabone le bomorwadiabone,+ 26 mongwe yo o falotseng o tla go begela seo.+ 27 Mo letsatsing leo, wena o tla bula molomo wa gago o bo o bua le motho yoo yo o falotseng, mme ga o kitla o tlhola o nna semumu.+ O tla nna sesupo mo go bone, mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela