LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 142
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Thapelo ya go gololwa mo babogising

        • “Ga go na kwa nka tshabelang gone” (4)

        • “O sotlhe se ke nang le sone” (5)

Pesalema 142:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Sa 22:1; 24:3; Bah 11:32, 38

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2011, ts. 10

Pesalema 142:1

Ditshupiso

  • +Pes. 28:2; 141:1

Pesalema 142:2

Ditshupiso

  • +Pes. 18:6; Jon 2:7; Mat 26:38, 39; Mar 15:34; Bah 5:7

Pesalema 142:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nonofo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 139:3

Pesalema 142:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntsayang tsia.”

Ditshupiso

  • +Pes. 31:11; 69:20
  • +1Sa 23:11

Pesalema 142:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “O kabelo ya me.”

Ditshupiso

  • +Dia 18:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2011, ts. 10-⁠11

Pesalema 142:6

Ditshupiso

  • +1Sa 20:33; 23:26; 25:29

Pesalema 142:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Nkentshe.”

Ditemana Tse dingwe

Pes. 142:Maf1Sa 22:1; 24:3; Bah 11:32, 38
Pes. 142:1Pes. 28:2; 141:1
Pes. 142:2Pes. 18:6; Jon 2:7; Mat 26:38, 39; Mar 15:34; Bah 5:7
Pes. 142:3Pes. 139:3
Pes. 142:4Pes. 31:11; 69:20
Pes. 142:41Sa 23:11
Pes. 142:5Dia 18:10
Pes. 142:61Sa 20:33; 23:26; 25:29
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 142:1-7

Dipesalema

Masekile.* Pesalema ya ga Dafide, fa a ne a le mo logageng.+ Thapelo.

142 Ke goela kwa go Jehofa ka lentswe la me ke kopa thuso;+

Ke rapela Jehofa ka lentswe la me gore a nkutlwele botlhoko.

 2 Ke tshololela maikutlo a me fa pele ga gagwe;

Ke mmolelela matshwenyego a me.+

 3 Fa moya* wa me o koafala mo teng ga me, ke goela kwa go ene.

Tota le ka nako eo, o disa tsela ya me.+

Ba mphitlhela serai

Mo tselaneng e ke tsamayang mo go yone.

 4 Leba ka fa seatleng sa me sa moja mme o bone

Gore ga go na ope yo o nkgathalelang.*+

Ga go na kwa nka tshabelang gone;+

Ga go na ope yo o tshwenyegang ka nna.

 5 Ao tlhe Jehofa, ke goela kwa go wena ke kopa thuso.

Ka re: “O botshabelo jwa me,+

O sotlhe se ke nang le sone* mo botshelong.”

 6 Tlhwaela tsebe selelo sa me sa go kopa thuso,

Gonne ke koafetse thata.

Nkgolole mo babogising ba me,+

Gonne ba nonofile go mpheta.

 7 Nketshe* mo khuting ya kgolegelo

Gore ke bake leina la gago.

E kete basiami ba ka phuthega go ntikologa

Ka gonne o dirisana le nna sentle.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela