LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Elija o a sia ka gonne a tshaba Jesebele (1-8)

      • Jehofa o iponatsa mo go Elija kwa Horebe (9-14)

      • Elija o laelwa gore a tlotse Hasaele, Jehu, Elisha (15-18)

      • Elisha o tlhomiwa gore a tlhatlhame Elija (19-21)

1 Dikgosi 19:1

Ditshupiso

  • +1Dk 16:29; 21:25
  • +1Dk 16:31
  • +1Dk 18:40

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 101

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 18-⁠19

1 Dikgosi 19:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 101

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 19

1 Dikgosi 19:3

Ditshupiso

  • +Ek 2:15; 1Sa 27:1
  • +Ge 21:31
  • +Jos 15:21, 28

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 101-102

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 19-⁠20

1 Dikgosi 19:4

Ditshupiso

  • +Dip 11:15; Job 3:21; Jon 4:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2014, ts. 15

    7/1/2011, ts. 19-⁠20

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 102-103

1 Dikgosi 19:5

Ditshupiso

  • +Dan 10:8-10; Dit 12:7
  • +Pes. 34:7; Bah 1:7, 14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 103

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 20

1 Dikgosi 19:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 103

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 20

1 Dikgosi 19:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 103

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 20

1 Dikgosi 19:8

Ditshupiso

  • +Ek 3:1; 19:18; Mal 4:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 103-104

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 20-⁠21

1 Dikgosi 19:9

Ditshupiso

  • +Bah 11:32, 38

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 104

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 21

1 Dikgosi 19:10

Ditshupiso

  • +Ek 20:4, 5; Dip 25:11; Pes. 69:9
  • +Dut 29:24, 25; Baa 2:20; 1Dk 8:9; 2Dk 17:15
  • +1Dk 18:4
  • +1Dk 19:2; Bar 11:2, 3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 104

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 21

1 Dikgosi 19:11

Ditshupiso

  • +Ek 33:22
  • +Pes. 50:3; Isa 29:6
  • +1Sa 14:15; Job 9:6; Pes. 68:8; Nah 1:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 37-38, 42-⁠43

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 104-106

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 21-⁠22

1 Dikgosi 19:12

Ditshupiso

  • +Dut 4:11
  • +Ek 34:5, 6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 37-38, 42-⁠43

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 104-107

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 21-⁠22

1 Dikgosi 19:13

Ditshupiso

  • +Ek 3:6

1 Dikgosi 19:14

Ditshupiso

  • +Dut 31:20; Pes. 78:37; Isa 1:4; Jer 22:9
  • +Bar 11:2, 3

1 Dikgosi 19:15

Ditshupiso

  • +2Dk 8:7, 8; Amo 1:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 106-107

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 22

1 Dikgosi 19:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Modimo ke Poloko.”

Ditshupiso

  • +2Dk 9:1-3, 30-33
  • +2Dk 2:9, 15

1 Dikgosi 19:17

Ditshupiso

  • +2Dk 8:12; 10:32; 13:3
  • +2Dk 9:14, 24; 10:6, 7, 23, 25
  • +2Dk 2:23, 24

1 Dikgosi 19:18

Ditshupiso

  • +Bar 11:4
  • +Ek 20:5
  • +Hos 13:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 107

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 22

1 Dikgosi 19:19

Ditshupiso

  • +2Dk 2:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2014, ts. 12

1 Dikgosi 19:21

Ditshupiso

  • +Ek 24:13; 2Dk 2:3; 3:11

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 19:11Dk 16:29; 21:25
1 Dikg. 19:11Dk 16:31
1 Dikg. 19:11Dk 18:40
1 Dikg. 19:3Ek 2:15; 1Sa 27:1
1 Dikg. 19:3Ge 21:31
1 Dikg. 19:3Jos 15:21, 28
1 Dikg. 19:4Dip 11:15; Job 3:21; Jon 4:3
1 Dikg. 19:5Dan 10:8-10; Dit 12:7
1 Dikg. 19:5Pes. 34:7; Bah 1:7, 14
1 Dikg. 19:8Ek 3:1; 19:18; Mal 4:4
1 Dikg. 19:9Bah 11:32, 38
1 Dikg. 19:10Ek 20:4, 5; Dip 25:11; Pes. 69:9
1 Dikg. 19:10Dut 29:24, 25; Baa 2:20; 1Dk 8:9; 2Dk 17:15
1 Dikg. 19:101Dk 18:4
1 Dikg. 19:101Dk 19:2; Bar 11:2, 3
1 Dikg. 19:11Ek 33:22
1 Dikg. 19:11Pes. 50:3; Isa 29:6
1 Dikg. 19:111Sa 14:15; Job 9:6; Pes. 68:8; Nah 1:5
1 Dikg. 19:12Dut 4:11
1 Dikg. 19:12Ek 34:5, 6
1 Dikg. 19:13Ek 3:6
1 Dikg. 19:14Dut 31:20; Pes. 78:37; Isa 1:4; Jer 22:9
1 Dikg. 19:14Bar 11:2, 3
1 Dikg. 19:152Dk 8:7, 8; Amo 1:4
1 Dikg. 19:162Dk 9:1-3, 30-33
1 Dikg. 19:162Dk 2:9, 15
1 Dikg. 19:172Dk 8:12; 10:32; 13:3
1 Dikg. 19:172Dk 9:14, 24; 10:6, 7, 23, 25
1 Dikg. 19:172Dk 2:23, 24
1 Dikg. 19:18Bar 11:4
1 Dikg. 19:18Ek 20:5
1 Dikg. 19:18Hos 13:2
1 Dikg. 19:192Dk 2:8
1 Dikg. 19:21Ek 24:13; 2Dk 2:3; 3:11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 19:1-21

Dikgosi wa Ntlha

19 Foo Ahabe+ o ne a bolelela Jesebele+ sotlhe se Elija a neng a se dirile le kafa a neng a bolaile baporofeti botlhe ka gone ka tšhaka.+ 2 Ka yone nako eo, Jesebele o ne a roma morongwa kwa go Elija, a re: “E kete medimo e ka nkotlhaya mo go botlhoko, fa kamoso ka nako eno nka se ka ka dira gore o nne jaaka mongwe le mongwe wa bone!” 3 Fa Elija a utlwa seo, o ne a boifa, ka jalo o ne a tshaba gore a boloke botshelo jwa gagwe.+ O ne a tla mo Beere-sheba,+ e e mo kgaolong ya Juda,+ mme o ne a tlogela motlhokomedi wa gagwe koo. 4 O ne a tsamaya loeto lwa letsatsi le le lengwe a ya kwa nageng, mme a tla a nna ka fa tlase ga setlhare sa monnamotswe a bo a kopa gore a swe. O ne a re: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya botshelo jwa me,+ ka gonne ga ke botoka mo go borremogolo.”

5 Go tswa foo, o ne a rapama a bo a thulamela ka fa tlase ga setlhare sa monnamotswe. Mme ka tshoganyetso moengele o ne a mo kgoma+ a bo a mo raya a re: “Tsoga o je.”+ 6 Fa a leba, go ne go na le senkgwe se se kgolokwe mo majeng a a goteditsweng le nkgo ya metsi fa tlhogong ya gagwe. O ne a ja, a nwa a bo a rapama gape. 7 Moragonyana moengele wa ga Jehofa o ne a tla lekgetlo la bobedi mme a mo kgoma a bo a mo raya a re: “Tsoga o je, ka gonne o sa ntse o tlile go tsamaya sekgala se seleele.” 8 Ka jalo, o ne a tsoga, a ja a bo a nwa mme o ne a tsamaya ka maatla a dikotla tseo malatsi a le 40 le masigo a le 40 go fitlha a goroga kwa Horeba, e leng thaba ya Modimo wa boammaaruri.+

9 Fa a le koo o ne a tsena mo logageng+ mme a lala gone; mme Jehofa o ne a mo raya a re: “O dira eng fano, Elija?” 10 O ne a araba a re: “Ke ntse ke tlhagafetse thata mo kobamelong ya ga Jehofa, Modimo wa masomosomo;+ gonne batho ba Iseraele ba tlogetse kgolagano ya gago,+ ba sentse dibeso tsa gago e bile ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka,+ mme go setse nna fela ke le nosi. Jaanong ba batla go mpolaya.”+ 11 Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a re: “Tswela kwa ntle mme o eme mo thabeng fa pele ga ga Jehofa.” Mme Jehofa o ne a feta,+ mme phefo e kgolo e e maatla e ne e phatlola dithaba e bile e thubaganya mafika fa pele ga ga Jehofa,+ mme gone, Jehofa o ne a se mo phefong eo. Morago ga phefo, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe,+ mme Jehofa o ne a se mo thoromong eo ya lefatshe. 12 Morago ga thoromo ya lefatshe, go ne ga nna le molelo+ mme Jehofa o ne a se mo molelong oo. Morago ga molelo, go ne ga nna le lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.+ 13 Fela fa Elija a le utlwa, o ne a ikhurumetsa sefatlhego ka seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang+ a bo a tswela kwa ntle a ema fa molomong wa logaga. Go tswa foo, lentswe le ne la mmotsa jaana: “O dira eng fano, Elija?” 14 O ne a araba a re: “Ke ntse ke tlhagafetse thata mo kobamelong ya ga Jehofa, Modimo wa masomosomo; gonne batho ba Iseraele ba tlogetse kgolagano ya gago,+ ba sentse dibeso tsa gago e bile ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mme go setse nna fela ke le nosi. Jaanong ba batla go mpolaya.”+

15 Jehofa o ne a mo raya a re: “Boa mme o ye kwa nageng ya Damaseko. Fa o goroga, o tlotse Hasaele+ gore a nne kgosi ya Siria. 16 Mme o tlotse Jehu+ setlogolwana sa ga Nimeshi gore a nne kgosi ya Iseraele, mme o tlotse le Elisha* morwa Shafate yo o tswang kwa Abele-mehola gore a nne moporofeti mo boemong jwa gago.+ 17 Ope fela yo o falolang tšhaka ya ga Hasaele,+ Jehu o tla mmolaya;+ mme ope fela yo o falolang tšhaka ya ga Jehu, Elisha o tla mmolaya.+ 18 Mme ke sa ntse ke na le ba le 7 000 ba ba setseng mo Iseraele,+ botlhe ba mangole a bone a sa khubamelang Baale+ le ba melomo ya bone e sa mo sunang.”+

19 Ka jalo, o ne a tswa koo a tsamaya mme a fitlhela Elisha morwa Shafate a lema ka dipane di le 12 tsa dipoo mme sepane sengwe le sengwe se golegile dipoo di le pedi fa pele ga gagwe, mme ene o ne a le mo sepaneng sa bo12. Ka jalo, Elija o ne a ya kwa go ene a bo a latlhela seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang+ mo go ene. 20 Foo o ne a tlogela dipoo mme a sianela kwa go Elija a bo a mo raya a re: “Tsweetswee, mma ke ye go suna rre le mmê. Go tswa foo, ke tla go sala morago.” Elija o ne a mo araba a re: “Tsamaya mme o boe, ke dirile eng go go thibela?” 21 Ka jalo, o ne a boela morago mme a tsaya dipoo tse pedi a bo a di ntsha setlhabelo, mme o ne a tsaya didirisiwa tsa go lema a dira dikgong ka tsone gore a apeye nama ya dipoo tseo a bo a e naya batho, mme ba ne ba ja. Morago ga moo, o ne a ema a bo a sala Elija morago mme o ne a simolola go mo direla.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela