LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Dafide o nna kgosi ya Iseraele (1-5)

      • Jerusalema e a gapiwa (6-16)

        • Siona, Motse wa ga Dafide (7)

      • Dafide o fenya Bafilisitia (17-25)

2 Samuele 5:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “masika a gago.”

Ditshupiso

  • +2Sa 2:1, 11; 1Dt 12:23
  • +1Dt 11:1-3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2005, ts. 17

2 Samuele 5:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ke wena yo o neng o ntsha Iseraele le go e tsenya.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:13; 25:28
  • +Ge 49:10; 1Sa 16:1; 25:30; 2Sa 6:21; 7:8; 1Dt 28:4; Pes. 78:71

2 Samuele 5:3

Ditshupiso

  • +2Dk 11:17
  • +1Sa 16:13; 2Sa 2:4; Dit 13:22

2 Samuele 5:4

Ditshupiso

  • +1Dt 29:26, 27

2 Samuele 5:5

Ditshupiso

  • +Ge 14:18

2 Samuele 5:6

Ditshupiso

  • +Ek 23:23; Jos 15:63; Baa 1:8, 21
  • +1Dt 11:4-6

2 Samuele 5:7

Ditshupiso

  • +1Dk 2:10; Neh 12:37

2 Samuele 5:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “mme o ne a e bitsa.”

  • *

    Kgotsa “Milo.” Lereo la Sehebera le le kayang “tlatsa.”

Ditshupiso

  • +1Dk 9:15, 24; 11:27; 2Dt 32:5
  • +1Dt 11:7-9

2 Samuele 5:10

Ditshupiso

  • +1Sa 16:13; 2Sa 3:1
  • +1Sa 17:45

2 Samuele 5:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:1, 8
  • +2Dt 2:3
  • +2Sa 7:2; 1Dt 14:1, 2

2 Samuele 5:12

Ditshupiso

  • +2Sa 7:16; Pes. 41:11; 89:21
  • +Pes. 89:27
  • +1Dk 10:9; 2Dt 2:11

2 Samuele 5:13

Ditshupiso

  • +2Sa 15:16
  • +1Dt 3:5-9; 14:3-7

2 Samuele 5:14

Ditshupiso

  • +Luk 3:23, 31
  • +2Sa 12:24

2 Samuele 5:17

Ditshupiso

  • +2Sa 5:3
  • +Pes. 2:2
  • +1Sa 22:1, 5; 24:22; 2Sa 23:14; 1Dt 14:8

2 Samuele 5:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +Jos 15:8, 12; 1Dt 11:15; 14:9

2 Samuele 5:19

Ditshupiso

  • +Dip 27:21
  • +1Dt 14:10-12

2 Samuele 5:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Mong yo o Thubaganyang.”

Ditshupiso

  • +2Sa 22:41
  • +Isa 28:21

2 Samuele 5:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +Jos 15:8, 12; 1Dt 11:15; 14:13-17

2 Samuele 5:25

Ditshupiso

  • +Lef 26:7
  • +Jos 18:21, 24
  • +Jos 16:10

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 5:12Sa 2:1, 11; 1Dt 12:23
2 Sam. 5:11Dt 11:1-3
2 Sam. 5:21Sa 18:13; 25:28
2 Sam. 5:2Ge 49:10; 1Sa 16:1; 25:30; 2Sa 6:21; 7:8; 1Dt 28:4; Pes. 78:71
2 Sam. 5:32Dk 11:17
2 Sam. 5:31Sa 16:13; 2Sa 2:4; Dit 13:22
2 Sam. 5:41Dt 29:26, 27
2 Sam. 5:5Ge 14:18
2 Sam. 5:6Ek 23:23; Jos 15:63; Baa 1:8, 21
2 Sam. 5:61Dt 11:4-6
2 Sam. 5:71Dk 2:10; Neh 12:37
2 Sam. 5:91Dk 9:15, 24; 11:27; 2Dt 32:5
2 Sam. 5:91Dt 11:7-9
2 Sam. 5:101Sa 16:13; 2Sa 3:1
2 Sam. 5:101Sa 17:45
2 Sam. 5:111Dk 5:1, 8
2 Sam. 5:112Dt 2:3
2 Sam. 5:112Sa 7:2; 1Dt 14:1, 2
2 Sam. 5:122Sa 7:16; Pes. 41:11; 89:21
2 Sam. 5:12Pes. 89:27
2 Sam. 5:121Dk 10:9; 2Dt 2:11
2 Sam. 5:132Sa 15:16
2 Sam. 5:131Dt 3:5-9; 14:3-7
2 Sam. 5:14Luk 3:23, 31
2 Sam. 5:142Sa 12:24
2 Sam. 5:172Sa 5:3
2 Sam. 5:17Pes. 2:2
2 Sam. 5:171Sa 22:1, 5; 24:22; 2Sa 23:14; 1Dt 14:8
2 Sam. 5:18Jos 15:8, 12; 1Dt 11:15; 14:9
2 Sam. 5:19Dip 27:21
2 Sam. 5:191Dt 14:10-12
2 Sam. 5:202Sa 22:41
2 Sam. 5:20Isa 28:21
2 Sam. 5:22Jos 15:8, 12; 1Dt 11:15; 14:13-17
2 Sam. 5:25Lef 26:7
2 Sam. 5:25Jos 18:21, 24
2 Sam. 5:25Jos 16:10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 5:1-25

Samuele wa Bobedi

5 Fa nako e ntse e tsamaya, ditso tsotlhe tsa Iseraele di ne tsa tla kwa go Dafide kwa Heberone+ mme tsa re: “Re lerapo la gago le nama ya gago.*+ 2 Mo nakong e e fetileng fa Saulo e ne e le kgosi ya rona, ke wena yo o neng o etelela Iseraele pele mo matsholong a yone.*+ Mme Jehofa o ne a go raya a re: ‘O tla disa batho ba me ba Iseraele, e bile o tla nna moeteledipele wa Iseraele.’ ”+ 3 Ka jalo, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba tla kwa kgosing kwa Heberone, mme Kgosi Dafide o ne a dira kgolagano le bone+ kwa Heberone fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, ba ne ba tlotsa Dafide gore a nne kgosi ya Iseraele.+

4 Dafide o ne a na le dingwaga di le 30 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 40.+ 5 O ne a busa Juda a le kwa Heberone dingwaga di le 7 le dikgwedi di le 6, mme kwa Jerusalema+ o ne a busa Iseraele yotlhe le Juda dingwaga di le 33. 6 Mme kgosi le banna ba yone ba ne ba ya kwa Jerusalema gore ba ye go tlhasela Bajebuse+ ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo. Ba ne ba kgoba Dafide ba re: “Ga o kitla o tsena fano! Tota le difofu le digole di tla go lelekisa.” Ba ne ba akanya gore, ‘Dafide ga a kitla a tsena foo.’+ 7 Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a gapa motse o o sireletsegileng wa Siona, o moragonyana o neng wa bidiwa Motse wa ga Dafide.+ 8 Ka jalo, Dafide o ne a bua jaana mo letsatsing leo: “Ba ba tlhaselang Bajebuse ba tshwanetse go tsena ka mosele wa metsi gore ba ye go kgemetha ‘digole le difofu,’ tse Dafide a di tlhoileng!” Ke gone ka moo go tweng: “Sefofu le segole ga di kitla di tsena mo ntlong.” 9 Go tswa foo, Dafide o ne a nna mo motseng oo o o sireletsegileng, mme o ne wa bidiwa* Motse wa ga Dafide; mme Dafide o ne a simolola go aga gotlhe fela go tswa kwa Thoteng*+ go ela mo gare ga motse.+ 10 Ka jalo, Dafide o ne a nna a nonofa le go feta,+ mme Jehofa, Modimo wa masomosomo o ne a na le ene.+

11 Kgosi Hirame+ wa Ture o ne a romela barongwa kwa go Dafide, le dikota tsa mosedara,+ babetli ba logong le babetli ba maje a a dirisiwang go aga dipota, mme ba ne ba simolola go agela Dafide ntlo.*+ 12 Mme Dafide o ne a lemoga gore Jehofa o ne a mo nonotshitse thata gore a nne kgosi ya Iseraele+ le gore o ne a godisitse bogosi jwa gagwe+ ka ntlha ya batho ba Gagwe ba Iseraele.+

13 Dafide o ne a nyala bagadingwana+ le basadi ba bangwe gape mo Jerusalema fa a sena go tswa kwa Heberone, mme Dafide o ne a tsholelwa bana ba bangwe gape ba basimane le ba basetsana.+ 14 Ano ke maina a barwa ba a neng a ba tsholelwa kwa Jerusalema: Shammua, Shobabe, Nathane,+ Solomone,+ 15 Ibehare, Elishua, Nefege, Jafia, 16 Elishama, Eliada le Elifelete.

17 Fa Bafilisitia ba utlwa gore Dafide o ne a tloditswe gore a nne kgosi ya Iseraele,+ Bafilisitia botlhe ba ne ba tla go batla Dafide.+ E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a ya kwa lefelong le le sireletsegileng.+ 18 Foo Bafilisitia ba ne ba tla mme ba gasama mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 19 Dafide o ne a botsa Jehofa,+ a re: “A ke ye go tlhasela Bafilisitia? A o tla ba tsenya mo seatleng sa me?” Foo Jehofa o ne a raya Dafide a re: “Tsamaya, ka gonne ruri ke tla tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”+ 20 Ka jalo, Dafide o ne a ya kwa Baale-perasime, mme o ne a ba kgemetha gone koo. Foo o ne a re: “Jehofa o thubagantse baba ba me+ fa pele ga me, fela jaaka phatlha e e dirilweng ke metsi.” Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Baale-perasime.*+ 21 Bafilisitia ba ne ba tlogela medingwana ya bone gone foo, mme Dafide le banna ba gagwe ba ne ba e tsaya.

22 Moragonyana Bafilisitia ba ne ba tlhatloga gape mme ba gasama mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 23 Dafide o ne a botsa Jehofa, mme Ene o ne a re: “O se ka wa ya kwa go bone ka tlhamalalo. Go na le moo, dikologa o ye kwa morago ga bone, mme o ba tlhasele o tswa kwa pele ga ditlhatshana tsa bakha. 24 Mme fa o utlwa modumo wa go gwanta mo godimo ga ditlhatshana tsa bakha, foo o dire ka bonako, ka gonne Jehofa o tla bo a dule a le kwa pele ga gago gore a kgemethe masole a Bafilisitia.” 25 Ka jalo, Dafide o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme o ne a kgemetha Bafilisitia+ go simologa kwa Geba+ go ya go fitlha kwa Gesere.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela