LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 26
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Usia, kgosi ya Juda (1-5)

      • Dilo tse masole a ga Usia a di fitlheletseng (6-15)

      • Usia o a ikgogomosa a bo a itewa ka lepero (16-21)

      • Loso lwa ga Usia (22, 23)

2 Ditiragalo 26:1

Ditshupiso

  • +Mat 1:8
  • +2Dk 14:21

2 Ditiragalo 26:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa rraagwe e bong Amasia.

Ditshupiso

  • +1Dk 9:26; 2Dk 16:6
  • +2Dk 14:22

2 Ditiragalo 26:3

Ditshupiso

  • +Isa 1:1; 6:1
  • +2Dk 15:2

2 Ditiragalo 26:4

Ditshupiso

  • +2Dk 14:1, 3

2 Ditiragalo 26:5

Ditshupiso

  • +2Dt 14:7; Pes. 1:2, 3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2007, ts. 10

2 Ditiragalo 26:6

Ditshupiso

  • +2Sa 8:1; 2Dt 21:16; Isa 14:29
  • +1Dt 18:1
  • +Jos 15:11, 12
  • +Jos 15:20, 46; 1Sa 5:1

2 Ditiragalo 26:7

Ditshupiso

  • +2Dt 17:11

2 Ditiragalo 26:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ge 19:36, 38; Baa 11:15

2 Ditiragalo 26:9

Ditshupiso

  • +2Dt 14:2, 7
  • +2Dk 14:13; Jer 31:38; Sek 14:10
  • +Neh 3:13

2 Ditiragalo 26:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “gaba,” gongwe mo lejeng.

  • *

    Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “kwa nageng e e kwa godimo e e sephaphathi.”

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +2Dk 9:17

2 Ditiragalo 26:11

Ditshupiso

  • +2Dt 24:11
  • +Dip 1:2, 3; 2Sa 24:9

2 Ditiragalo 26:13

Ditshupiso

  • +2Dt 11:1; 13:3; 14:8; 17:14; 25:5

2 Ditiragalo 26:14

Ditshupiso

  • +2Dt 11:5, 12
  • +1Sa 17:4, 5
  • +Baa 20:16; 1Sa 17:49; 1Dt 12:1, 2

2 Ditiragalo 26:15

Ditshupiso

  • +2Dt 14:2, 7

2 Ditiragalo 26:16

Ditshupiso

  • +Dip 1:51

2 Ditiragalo 26:18

Ditshupiso

  • +Dip 16:39, 40; 18:7
  • +Ek 30:7; 1Dt 23:13

2 Ditiragalo 26:19

Ditshupiso

  • +2Dt 16:10; 25:15, 16
  • +Dip 12:10; 2Dk 5:27

2 Ditiragalo 26:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +Lef 13:45, 46; Dip 5:2; 12:14, 15
  • +2Dk 15:5-7

2 Ditiragalo 26:22

Ditshupiso

  • +Isa 1:1; 6:1

2 Ditiragalo 26:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go bonala tshimo eno e ne e bapile le mabitla a dikgosi.

Ditshupiso

  • +2Dk 15:32

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 26:1Mat 1:8
2 Ditir. 26:12Dk 14:21
2 Ditir. 26:21Dk 9:26; 2Dk 16:6
2 Ditir. 26:22Dk 14:22
2 Ditir. 26:3Isa 1:1; 6:1
2 Ditir. 26:32Dk 15:2
2 Ditir. 26:42Dk 14:1, 3
2 Ditir. 26:52Dt 14:7; Pes. 1:2, 3
2 Ditir. 26:62Sa 8:1; 2Dt 21:16; Isa 14:29
2 Ditir. 26:61Dt 18:1
2 Ditir. 26:6Jos 15:11, 12
2 Ditir. 26:6Jos 15:20, 46; 1Sa 5:1
2 Ditir. 26:72Dt 17:11
2 Ditir. 26:8Ge 19:36, 38; Baa 11:15
2 Ditir. 26:92Dt 14:2, 7
2 Ditir. 26:92Dk 14:13; Jer 31:38; Sek 14:10
2 Ditir. 26:9Neh 3:13
2 Ditir. 26:102Dk 9:17
2 Ditir. 26:112Dt 24:11
2 Ditir. 26:11Dip 1:2, 3; 2Sa 24:9
2 Ditir. 26:132Dt 11:1; 13:3; 14:8; 17:14; 25:5
2 Ditir. 26:142Dt 11:5, 12
2 Ditir. 26:141Sa 17:4, 5
2 Ditir. 26:14Baa 20:16; 1Sa 17:49; 1Dt 12:1, 2
2 Ditir. 26:152Dt 14:2, 7
2 Ditir. 26:16Dip 1:51
2 Ditir. 26:18Dip 16:39, 40; 18:7
2 Ditir. 26:18Ek 30:7; 1Dt 23:13
2 Ditir. 26:192Dt 16:10; 25:15, 16
2 Ditir. 26:19Dip 12:10; 2Dk 5:27
2 Ditir. 26:21Lef 13:45, 46; Dip 5:2; 12:14, 15
2 Ditir. 26:212Dk 15:5-7
2 Ditir. 26:22Isa 1:1; 6:1
2 Ditir. 26:232Dk 15:32
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 26:1-23

Ditiragalo wa Bobedi

26 Go tswa foo, batho botlhe ba Juda ba ne ba tsaya Usia,+ yo o neng a na le dingwaga di le 16, mme ba mo tlhoma gore a nne kgosi mo boemong jwa ga rraagwe e bong Amasia.+ 2 O ne a aga Elothe+ sesha a bo a e busetsa Juda fa kgosi* a sena go swa jaaka borraagwemogolo.+ 3 Usia+ o ne a na le dingwaga di le 16 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 52 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa kwa Jerusalema.+ 4 O ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka rraagwe e bong Amasia a ne a dirile.+ 5 Mme o ne a nna a batla Modimo mo motlheng wa ga Sekarea, yo o neng a mo ruta go boifa Modimo wa boammaaruri. Mo motlheng wa fa a ne a batla Jehofa Modimo wa boammaaruri, o ne a dira gore a atlege.+

6 O ne a ya go tlhabana le Bafilisitia+ mme a thuba lobota lwa Gathe,+ lobota lwa Jabene+ le lobota lwa Ashedoda. Morago ga moo, o ne a aga metse mo nageng ya Ashedoda+ le mo nageng yotlhe ya Bafilisitia. 7 Modimo wa boammaaruri o ne a tswelela a mo thusa go tlhabana le Bafilisitia, le Baarabia+ ba ba neng ba nna kwa Gurebaale le Bameunime. 8 Baamone+ ba ne ba simolola go naya Usia sehuba.* Go tuma ga gagwe go ne ga fitlha kwa Egepeto, ka gonne o ne a nna maatla fela thata. 9 Mo godimo ga moo, Usia o ne a aga ditora+ mo Jerusalema kwa Kgorong ya Sekhutlo,+ kwa Kgorong ya Mokgatšha le kwa Pilareng e e Tshegetsang Lobota,+ mme o ne a di nonotsha. 10 Gape o ne a aga ditora+ mo nageng a bo a epa* dikhuti tsa go bolokela metsi* di le dintsi (ka gonne o ne a na le diruiwa di le dintsi thata); gape o ne a dira jalo le kwa Shefela le kwa lebaleng.* O ne a na le balemi le badiri ba mo masimong a morara* kwa dithabeng le kwa Karemele, ka gonne o ne a rata temothuo.

11 Mo godimo ga moo, Usia o ne a nna le mophato wa masole a a ipaakanyeditseng ntwa. Ba ne ba tle ba ye kwa matsholong a sesole, ba rulagantswe ka ditlhopha. Jeiele e leng mokwaledi+ le Maaseia yo e leng modiredi ba ne ba ba bala ba bo ba ba kwadisa+ go ya ka taelo ya ga Hanania, e leng nngwe ya dikgosana tsa kgosi. 12 Palo yotlhe ya ditlhogo tsa dikgotla tsa bone ba ba neng ba okametse batlhabani bano ba ba maatla e ne e le 2 600. 13 Ba ne ba okametse masole a a neng a ipaakanyeditse ntwa a le 307 500, e leng mophato wa masole o o maatla o o neng o sireletsa kgosi mo babeng.+ 14 Usia o ne a naya mophato otlhe wa masole dithebe, marumo,+ ditlhoro tsa phemelo, diaparo tsa phemelo,+ mara le maje a motsekedi.+ 15 Mo godimo ga moo, o ne a dira metšhine ya ntwa mo Jerusalema, e e neng e tlhamilwe ke baenjenere; e ne ya tlhomiwa mo godimo ga ditora+ le mo dikhoneng tsa lobota mme e ne e kgona go hula metswi le maje a magolo. Ka jalo, go tuma ga gagwe go ne ga anamela kgakala thata, ka gonne o ne a amogela thuso e kgolo mme o ne a nonofa.

16 Le fa go ntse jalo, fela fa a sena go nonofa, pelo ya gagwe e ne ya nna mabela mo a neng a feleletsa a sule, mme o ne a se ka a ikanyega mo go Jehofa, Modimo wa gagwe, mme o ne a tsena mo tempeleng ya ga Jehofa a tla go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo.+ 17 Ka yone nako eo, moperesiti Asaria le baperesiti ba bangwe ba ga Jehofa ba le 80 ba ba pelokgale, ba ne ba mo sala morago ba tsena kwa go ene. 18 Ba ne ba kganela Kgosi Usia mme ba mo raya ba re: “Usia, ga o a tshwanela go fisetsa Jehofa maswalo!+ Baperesiti ke bone fela ba ba tshwanetseng go fisa maswalo ka gonne ke ditlogolwana tsa ga Arone,+ ke bone ba ba dirilweng boitshepo. Tswa mo lefelong le le boitshepo, ka gonne o dirile ka go tlhoka boikanyegi, e bile ga o ka ke wa amogela kgalalelo go tswa kwa go Jehofa Modimo ka ntlha ya seno.”

19 Mme Usia o ne a galefa a sa ntse a tshotse leiswana la go fisa maswalo;+ mme fa a sa ntse a galefetse baperesiti, lepero+ le ne la mo tswa mo phatleng baperesiti ba ntse ba le foo mo ntlong ya ga Jehofa gaufi le sebeso sa maswalo. 20 E rile moperesiti yo mogolo e bong Asaria le baperesiti botlhe ba retologela kwa go ene, ba ne ba bona gore o iteilwe ka lepero mo phatleng. Ka jalo, ba ne ba mo ntsha ka bonako moo, mme le ene o ne a itlhaganela a tswa, ka gonne Jehofa o ne a mo iteile.

21 Kgosi Usia o ne a tswelela e le molepero go fitlha a swa, mme o ne a nna mo ntlong e e kwa thoko e le molepero,+ ka gonne o ne a ntshitswe mo ntlong ya ga Jehofa. Morwawe e bong Jothame o ne a okametse ntlo ya kgosi,* a atlhola batho ba lefatshe leo.+

22 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Usia, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, e ne ya kwalwa ke moporofeti Isaia+ morwa Amosi. 23 Go tswa foo, Usia o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha le borraagwemogolo, mme gone e le mo tshimong e e neng e le ya dikgosi,* ka gonne ba ne ba re: “Ke molepero.” Mme morwawe e bong Jothame+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela