LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Tshenolo 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Tshenolo

      • Go wa ga “Babelona yo Mogolo” (1-8)

        • “Tswang mo go ene batho ba me” (4)

      • Ba hutsafalela go wa ga Babelona (9-19)

      • Kwa legodimong ba itumelela go wa ga Babelona (20)

      • Babelona o tla latlhelwa mo lewatleng jaaka leje (21-24)

Tshenolo 18:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “mohemo; polelwana e e tlhotlheleditsweng.”

Ditshupiso

  • +Isa 21:9; Jer 51:8; Tsh 14:8
  • +Isa 13:21; Jer 50:39

Tshenolo 18:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “bogale.”

  • *

    Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “bagwebi ba ba tsamayang.”

Ditshupiso

  • +Jer 51:7
  • +Tsh 17:1, 2

Tshenolo 18:4

Ditshupiso

  • +Isa 48:20; 52:11; Jer 50:8
  • +Jer 51:6, 45; 2Bk 6:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 16-⁠17

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2006, ts. 28-29

    10/1/2005, ts. 24

Tshenolo 18:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “melato.”

Ditshupiso

  • +Jer 51:9
  • +Tsh 16:19

Tshenolo 18:6

Ditshupiso

  • +Jer 50:29; 2Bt 1:6
  • +Pes. 137:8; Jer 50:15
  • +Pes. 75:8
  • +Tsh 16:19

Tshenolo 18:7

Ditshupiso

  • +Isa 47:7-9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boporofeti Jwa ga Isaia II, ts. 119

Tshenolo 18:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha A5.

Ditshupiso

  • +Lef 21:9
  • +Jer 50:34

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boporofeti Jwa ga Isaia II, ts. 119

Tshenolo 18:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 4-⁠5

Tshenolo 18:10

Ditshupiso

  • +Dan 4:30

Tshenolo 18:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2009, ts. 23

Tshenolo 18:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2009, ts. 23

Tshenolo 18:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “leungo.”

  • *

    Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Tshenolo 18:16

Ditshupiso

  • +Tsh 17:4

Tshenolo 18:19

Ditshupiso

  • +Isa 47:11

Tshenolo 18:20

Ditshupiso

  • +Jer 51:48
  • +Tsh 14:12
  • +Dut 32:43; Bar 12:19; Tsh 6:9, 10; 19:1, 2

Tshenolo 18:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Jer 51:63, 64

Tshenolo 18:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Tshenolo 18:23

Ditshupiso

  • +Isa 47:9; Bag 5:19, 20

Tshenolo 18:24

Ditshupiso

  • +Tsh 6:9, 10; 16:5, 6
  • +Ge 9:6; Jer 51:49

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2006, ts. 28

Ditemana Tse dingwe

Tshen. 18:2Isa 21:9; Jer 51:8; Tsh 14:8
Tshen. 18:2Isa 13:21; Jer 50:39
Tshen. 18:3Jer 51:7
Tshen. 18:3Tsh 17:1, 2
Tshen. 18:4Isa 48:20; 52:11; Jer 50:8
Tshen. 18:4Jer 51:6, 45; 2Bk 6:17
Tshen. 18:5Jer 51:9
Tshen. 18:5Tsh 16:19
Tshen. 18:6Jer 50:29; 2Bt 1:6
Tshen. 18:6Pes. 137:8; Jer 50:15
Tshen. 18:6Pes. 75:8
Tshen. 18:6Tsh 16:19
Tshen. 18:7Isa 47:7-9
Tshen. 18:8Lef 21:9
Tshen. 18:8Jer 50:34
Tshen. 18:10Dan 4:30
Tshen. 18:16Tsh 17:4
Tshen. 18:19Isa 47:11
Tshen. 18:20Jer 51:48
Tshen. 18:20Tsh 14:12
Tshen. 18:20Dut 32:43; Bar 12:19; Tsh 6:9, 10; 19:1, 2
Tshen. 18:21Jer 51:63, 64
Tshen. 18:23Isa 47:9; Bag 5:19, 20
Tshen. 18:24Tsh 6:9, 10; 16:5, 6
Tshen. 18:24Ge 9:6; Jer 51:49
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Tshenolo 18:1-24

Tshenolo e e Yang Kwa go Johane

18 Morago ga moo, ke ne ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong a na le taolo e ntsi, mme lefatshe le ne la tlala lesedi ka gonne o ne a galalela. 2 Mme o ne a goa ka lentswe le le nonofileng a re: “O ole! Babelona yo Mogolo o ole,+ mme jaanong ke lefelo le madimona le moya* mongwe le mongwe o o seng phepa di nnang mo go lone, le lefelo le nonyane nngwe le nngwe e e seng phepa le e e tlhoilweng e nnang mo go lone!+ 3 Gonne ditšhaba tsotlhe di ne tsa tagwa ke beine ya gagwe, e leng keletso* ya gagwe e kgolo ya go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,*+ mme dikgosi tsa lefatshe di ne tsa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le ene,+ e bile bagwebi* ba lefatshe ba ne ba huma ka ntlha ya dilo tsa gagwe tse dintsintsi tse di tlhwatlhwakgolo tse a di kokoantseng. Mme dilo tseo ga di mo tlhabise ditlhong.”

4 Mme ke ne ka utlwa lentswe le lengwe le tswa kwa legodimong le re: “Tswang mo go ene batho ba me,+ fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go tlelwa ke dipetso tsa gagwe.+ 5 Gonne maleo a gagwe a mantsintsi mo e bileng a fitlha kwa legodimong,+ mme Modimo o tla mo otlhaela dilo tse di bosula* tse a di dirileng.+ 6 Mo tshware ka tsela e a neng a tshwara ba bangwe ka yone,+ tota mo dire dilo tse a neng a di dira ba bangwe di menagane gabedi;+ mo senwelong+ se a neng a tsentse motswako mo go sone, mo direle selekanyo sa motswako oo se menagane gabedi.+ 7 E re ka a ile a ikgalaletsa e bile a ne a na le dikhumo tse dintsi tse di sa mo tlhabiseng ditlhong, o tshwanetse go boga thata le go hutsafala. Gonne o nna a ipolelela jaana mo pelong ya gagwe: ‘Ke busa ke le kgosigadi, ga ke motlholagadi, e bile ga nkitla ke hutsafala.’+ 8 Ke gone ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang mo letsatsing le le lengwe, e leng loso le khutsafalo le leuba, e bile o tla jewa ka molelo,+ ka gonne Jehofa* Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.+

9 “Mme dikgosi tsa lefatshe tse di neng di dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo* le ene e bile di tshela le ene mo manobonobong a a sa mo tlhabiseng ditlhong, di tla lela di bo di ititaya di hutsafetse ka ntlha ya gagwe, fa di bona mosi wa gagwe a sha. 10 Di tla emela kgakajana ka gonne di boifisiwa ke go mmona a boga di bo di re: ‘Ruri go utlwisa botlhoko go bo seno se go diragaletse, wena motse o mogolo,+ wena Babelona motse o o nonofileng, ka gonne katlholo ya gago e gorogile ka tshoganyetso!’

11 “Gape bagwebi ba lefatshe ba tla mo lelela e bile ba tla mo hutsafalela, ka gonne ga go na ope yo o ka tlholang a reka dithoto tsotlhe tsa bone, 12 dithoto tsotlhe tsa gauta, selefera, maje a a tlhwatlhwakgolo, diperela, letsela le le boleta, letsela le le phepole, sei, letsela le lehibidu; le sengwe le sengwe se se dirilweng ka logong lo lo nkgang monate; le sepe fela se se dirilweng ka lonaka lwa tlou, le sepe fela se se dirilweng ka logong lo lo tlhwatlhwakgolo, kopore, tshipi le mmabole; 13 le sinamone, setswaiso sa kwa India, maswalo, leokwane le le nkgang monate, borekhu jo bo nkgang monate,* beine, leokwane la motlhware, bupi jo bo boleta, korong, dikgomo, dinku, dipitse, dikolotsana, batlhanka le batho ba bangwe. 14 Eleruri, dilo* tse di molemo tse o* neng o di itumelela ga e tlhole e le tsa gago, le dijo tsa gago tsa maemo le dilo tsa gago tse dintlentle, ga di tlhole di le teng, ga di kitla di tlhola di bonwa gape.

15 “Bagwebi ba ba neng ba rekisa dilo tseno, ba ba ileng ba huma ka ntlha ya gagwe, ba tla emela kgakajana ka gonne ba boifisiwa ke go mmona a boga mme ba tla lela ba bo ba hutsafala, 16 ba re: ‘Ruri go utlwisa botlhoko go bo seno se diragaletse motse o mogolo, o o apereng letsela le le boleta, letsela le le phepole le le lehibidu, e bile o kgabile thata ka gauta, maje a a tlhwatlhwakgolo le diperela,+ 17 ka gonne dikhumo tse dikgolo tseo di nyeletse ka tshoganyetso!’

“Mme molaodi mongwe le mongwe wa sekepe, le mongwe le mongwe yo o tsayang loeto ka sekepe le batsamaisasekepe le batho botlhe ba ba dirang kgwebo mo lewatleng ba ne ba emela kgakajana 18 ba bo ba goa fa ba ntse ba lebile mosi wa gagwe a ntse a sha ba re: ‘Ke motse ofe o o tshwanang le motse ono o mogolo?’ 19 Ba ne ba itshela lorole mo ditlhogong ba bo ba goa, ba lela e bile ba hutsafetse, ba re: ‘Ruri go utlwisa botlhoko go bo seno se diragaletse motse o mogolo, o batho botlhe ba ba neng ba na le dikepe mo lewatleng ba ileng ba huma ka ntlha ya dikhumo tsa one, ka gonne o sentswe ka tshoganyetso!’+

20 “Itumelele se se mo diragaletseng wena legodimo,+ le lona ba ba boitshepo+ le baaposetoloi le baporofeti, ka gonne Modimo o mo atlhotse ka ntlha ya dilo tse a lo dirileng tsone!”+

21 Mme moengele yo o nonofileng o ne a tsholetsa leje le le tshwanang le lelwala* le legolo mme a le latlhela mo lewatleng, a bo a re: “Babelona, motse o mogolo, o tla latlhelwa kwa tlase jalo ka bonako, mme ga a kitla a tlhola a bonwa gape.+ 22 Ga go na ope yo o tla tlholang a utlwa modumo wa baopedi ba ba tshamekang diharepa, wa baopedi, wa ba ba letsang difulutu, le wa ba ba letsang diterompeta mo go wena Babelona. Gape ga go kitla go tlhola go bonwa modiri ope yo o setswerere yo o dirang tiro epe mo go wena, e bile ga go kitla go tlhola go utlwiwa modumo ope wa lelwala* mo go wena. 23 Lesedi la lobone ga le kitla le tlhola le phatsima mo go wena gape, e bile ga go kitla go tlhola go utlwiwa lentswe la monyadi le la monyadiwa mo go wena; gonne bagwebi ba gago e ne e le banna ba maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, e bile ditšhaba tsotlhe di ne tsa tsiediwa ke ditiro tsa gago tsa go dirisana le badimo.+ 24 Eleruri, mo motseng ono go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a ba ba boitshepo+ le a batho botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela