LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Timotheo 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Timotheo

      • Dilo tse di lebelelwang fa go tlhomiwa balebedi (1-7)

      • Dilo tse di lebelelwang fa go tlhomiwa batlhanka ba bodiredi (8-13)

      • Sephiri se se boitshepo sa go ineela mo Modimong (14-16)

1 Timotheo 3:1

Ditshupiso

  • +Dit 20:28; Tit 1:5-9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    8/2016⁠, ts. 21

    9/15/2014, ts. 3-4

    5/15/2010, ts. 24

    1/1/2001, ts. 9

    7/1/2000, ts. 29

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-32, 38

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 236-237

1 Timotheo 3:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a dire ditshwetso tse di botlhale.”

Ditshupiso

  • +Bar 12:3; 1Pe 4:7
  • +Dit 28:7; 1Pe 4:9
  • +1Ti 5:17; 2Ti 2:24; Tit 1:7, 9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-31, 32-⁠35

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2013, ts. 29

1 Timotheo 3:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go itaya.”

Ditshupiso

  • +Bar 13:13
  • +Baf 4:5; Jak 3:17
  • +Bar 12:18; Jak 3:18
  • +Bah 13:5; 1Pe 5:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-31, 33-⁠34

1 Timotheo 3:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhokomelang.”

Ditshupiso

  • +Bae 6:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-31, 32-33, 125

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2011, ts. 26

1 Timotheo 3:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhokomela.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-31, 32-⁠33

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2012, ts. 9

1 Timotheo 3:6

Ditshupiso

  • +1Ti 5:22

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-⁠32

1 Timotheo 3:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “batho ba e seng maloko a phuthego ya Bokeresete.”

  • *

    Kgotsa “tlontlololwa.”

Ditshupiso

  • +Dit 22:12; 1Bt 4:11, 12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 30-31, 32-⁠33

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2005, ts. 30

1 Timotheo 3:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba sa dirise mafoko a a tsietsang.”

Ditshupiso

  • +Dit 6:3; Tit 1:7; 1Pe 5:2

1 Timotheo 3:9

Ditshupiso

  • +1Ti 1:5, 18, 19; 2Ti 1:3; 1Pe 3:16

1 Timotheo 3:10

Ditshupiso

  • +1Pe 2:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 51

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2011, ts. 11

    5/1/2006, ts. 23-⁠24

    Tirelo ya Bogosi,

    5/2000, ts. 8

1 Timotheo 3:11

Ditshupiso

  • +1Ti 5:13
  • +Tit 2:3-5

1 Timotheo 3:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Re Rulaganyeditswe, ts. 125

1 Timotheo 3:15

Ditshupiso

  • +Bah 3:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2007, ts. 29

1 Timotheo 3:16

Ditshupiso

  • +Joh 1:14; Baf 2:7
  • +1Pe 3:18
  • +1Pe 3:19, 20
  • +Bak 1:23
  • +Bak 1:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 196

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2008, ts. 31

    6/15/2008, ts. 13

    2/15/2006, ts. 19

Ditemana Tse dingwe

1 Tim. 3:1Dit 20:28; Tit 1:5-9
1 Tim. 3:2Bar 12:3; 1Pe 4:7
1 Tim. 3:2Dit 28:7; 1Pe 4:9
1 Tim. 3:21Ti 5:17; 2Ti 2:24; Tit 1:7, 9
1 Tim. 3:3Bar 13:13
1 Tim. 3:3Baf 4:5; Jak 3:17
1 Tim. 3:3Bar 12:18; Jak 3:18
1 Tim. 3:3Bah 13:5; 1Pe 5:2
1 Tim. 3:4Bae 6:4
1 Tim. 3:61Ti 5:22
1 Tim. 3:7Dit 22:12; 1Bt 4:11, 12
1 Tim. 3:8Dit 6:3; Tit 1:7; 1Pe 5:2
1 Tim. 3:91Ti 1:5, 18, 19; 2Ti 1:3; 1Pe 3:16
1 Tim. 3:101Pe 2:12
1 Tim. 3:111Ti 5:13
1 Tim. 3:11Tit 2:3-5
1 Tim. 3:15Bah 3:6
1 Tim. 3:16Joh 1:14; Baf 2:7
1 Tim. 3:161Pe 3:18
1 Tim. 3:161Pe 3:19, 20
1 Tim. 3:16Bak 1:23
1 Tim. 3:16Bak 1:6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Timotheo 3:1-16

Timotheo wa Ntlha

3 Fa monna a kgaratlhela go nna molebedi,+ o eletsa go dira tiro e e molemo. 2 Ka jalo, molebedi ga a tshwanela go nna le se a ka tshwaiwang phoso ka sone, a nne le mosadi a le mongwe, a nne le mekgwa e mentle, a akanyetse dilo sentle,*+ a dire dilo ka thulaganyo, a amogele baeng,+ a itse go ruta,+ 3 e se letagwa,+ a sa rate ntwa,* a se tlhogoethata,+ a se manganga,+ a sa rate madi,+ 4 e le monna yo o okamelang* ba lelapa la gagwe sentle, a na le bana ba ba reetsang e bile ba itshwere sentle+ 5 (gonne fa monna a sa itse go okamela* ba lelapa la gagwe, o tla tlhokomela phuthego ya Modimo jang?), 6 e se monna yo o sa tswang go sokologa+ gore a se ka a ikgogomosa mme a atlholwa ka katlholo e Diabolo a atlhotsweng ka yone. 7 Mo godimo ga moo, o tshwanetse go buiwa bontle ke batho ba ba kwa ntle,*+ gore a se ka a kgobiwa* ke batho a bo a wela mo seraing sa ga Diabolo.

8 Batlhanka ba bodiredi le bone ba tshwanetse go tsaya dilo masisi, ba se temepedi,* ba sa ineelele mo bojalweng, ba sa ipatlele madi le dithoto ka bopelotshetlha,+ 9 ba ngangatletse sephiri se se boitshepo sa tumelo ka segakolodi se se phepa.+

10 Gape, a ba lekwe pele gore a ba a tshwanelega; go tswa foo ke gone ba ka nnang badiredi, fa go se na se ba ka latofadiwang ka sone.+

11 Basadi le bone ba tshwanetse go dira dilo ba tlhoafetse, ba sa senye batho maina,+ ba na le mekgwa e mentle, ba ikanyega mo dilong tsotlhe.+

12 A motlhanka mongwe le mongwe wa bodiredi a nne le mosadi a le mongwe, a okamele bana ba gagwe le ba lelapa la gagwe sentle. 13 Gonne banna ba ba direlang ka tsela e e siameng ba buiwa bontle e bile ga go na sepe se ba ka tshwaiwang phoso ka sone fa ba bua ka tumelo e ba nang le yone mo go Keresete Jesu.

14 Ke go kwalela dilo tseno le fa ke solofela go tla kwa go wena mo bogautshwaneng, 15 gore fa nka diega o bo o itse kafa o tshwanetseng go itshwara ka gone mo lelapeng la Modimo,+ e leng phuthego ya Modimo yo o tshelang, pilara le motheo wa boammaaruri. 16 Eleruri, sephiri se se boitshepo sa go ineela mo Modimong se segolo: ‘Jesu o ne a nna motho,+ Modimo o ne a mmolela a siame fa a ne a mo direla mmele wa kwa legodimong gape,+ mme o ne a ya kwa baengeleng,+ ga rerwa ka ene mo ditšhabeng tse dingwe,+ batho mo lefatsheng ba dumela mo go ene, a amogelwa kwa legodimong+ a bo a galalediwa.’

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela