LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Timotheo 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Timotheo

      • Ditumediso (1, 2)

      • Tlhagiso ka barutisi ba maaka (3-11)

      • Paulo o bontshiwa bopelonomi jo bogolo (12-16)

      • Kgosi ya bosakhutleng (17)

      • “Lwa ntwa e e molemo” (18-20)

1 Timotheo 1:1

Ditshupiso

  • +1Pe 1:3, 4

1 Timotheo 1:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Yo o Tlotlang Modimo.”

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Dit 16:1, 2; Baf 2:19, 20
  • +1Bk 4:17

1 Timotheo 1:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 237-238

1 Timotheo 1:4

Ditshupiso

  • +1Ti 4:7; 2Ti 4:3, 4; Tit 1:13, 14
  • +1Ti 6:20; 2Ti 2:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2011, ts. 17-⁠18

1 Timotheo 1:5

Ditshupiso

  • +Bar 13:8
  • +Bag 5:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2015, ts. 9

1 Timotheo 1:6

Ditshupiso

  • +1Ti 6:20; 2Ti 2:16-18

1 Timotheo 1:7

Ditshupiso

  • +Jak 3:1

1 Timotheo 1:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “o dirisa ka fa molaong.”

1 Timotheo 1:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ba se nang lorato lo lo sa kgaotseng.”

Ditshupiso

  • +Bag 3:19

1 Timotheo 1:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ba bangwe.”

  • *

    Kgotsa “ba ba ikanang ka maaka.”

  • *

    Kgotsa “e e mosola; e e solegelang molemo.”

Ditshupiso

  • +2Ti 1:13; Tit 1:7, 9

1 Timotheo 1:11

Ditshupiso

  • +Bag 2:7, 8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2009, ts. 16-17

    3/1/2007, ts. 17

1 Timotheo 1:12

Ditshupiso

  • +Dit 9:15; 2Bk 3:5, 6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    7/2016⁠, ts. 26

1 Timotheo 1:13

Ditshupiso

  • +Dit 8:3; 9:1, 2; Bag 1:13; Baf 3:5, 6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2005, ts. 26-⁠27

1 Timotheo 1:15

Ditshupiso

  • +Luk 5:32; 2Bk 5:19; 1Jo 2:1, 2
  • +Dit 9:1, 2; 1Bk 15:9

1 Timotheo 1:16

Ditshupiso

  • +Joh 6:40; 20:31

1 Timotheo 1:17

Ditshupiso

  • +Pes. 10:16; 90:2; Dan 6:26; Tsh 15:3
  • +Bar 1:23
  • +Bak 1:15
  • +Isa 43:10; 1Bk 8:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 12

1 Timotheo 1:18

Ditshupiso

  • +2Ti 2:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/1/2015, ts. 14

    9/15/2008, ts. 29

    Go Naya Bosupi, ts. 121

1 Timotheo 1:19

Ditshupiso

  • +1Ti 1:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2007, ts. 12-⁠15

1 Timotheo 1:20

Ditshupiso

  • +2Ti 2:16-18
  • +1Bk 5:5, 11

Ditemana Tse dingwe

1 Tim. 1:11Pe 1:3, 4
1 Tim. 1:2Dit 16:1, 2; Baf 2:19, 20
1 Tim. 1:21Bk 4:17
1 Tim. 1:41Ti 4:7; 2Ti 4:3, 4; Tit 1:13, 14
1 Tim. 1:41Ti 6:20; 2Ti 2:14
1 Tim. 1:5Bar 13:8
1 Tim. 1:5Bag 5:6
1 Tim. 1:61Ti 6:20; 2Ti 2:16-18
1 Tim. 1:7Jak 3:1
1 Tim. 1:9Bag 3:19
1 Tim. 1:102Ti 1:13; Tit 1:7, 9
1 Tim. 1:11Bag 2:7, 8
1 Tim. 1:12Dit 9:15; 2Bk 3:5, 6
1 Tim. 1:13Dit 8:3; 9:1, 2; Bag 1:13; Baf 3:5, 6
1 Tim. 1:15Luk 5:32; 2Bk 5:19; 1Jo 2:1, 2
1 Tim. 1:15Dit 9:1, 2; 1Bk 15:9
1 Tim. 1:16Joh 6:40; 20:31
1 Tim. 1:17Pes. 10:16; 90:2; Dan 6:26; Tsh 15:3
1 Tim. 1:17Bar 1:23
1 Tim. 1:17Bak 1:15
1 Tim. 1:17Isa 43:10; 1Bk 8:4
1 Tim. 1:182Ti 2:3
1 Tim. 1:191Ti 1:5
1 Tim. 1:202Ti 2:16-18
1 Tim. 1:201Bk 5:5, 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Timotheo 1:1-20

Timotheo wa Ntlha

1 Nna Paulo, moaposetoloi wa ga Keresete Jesu, yo o tlhomilweng ke Modimo Mmoloki wa rona le Keresete Jesu yo re nang le tsholofelo ka ntlha ya gagwe,+ 2 ke kwalela Timotheo,*+ modumedimmogo le nna yo ke mo tsayang jaaka ngwanake:+

E kete Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona ba ka go bontsha bopelonomi jo bogolo,* ba go utlwela botlhoko ba bo ba dira gore o nne le kagiso.

3 Fa ke ne ke tloga ke ya Makedonia, ke ne ka go kgothaletsa gore o nne mo Efeso, mme le jaanong ke sa ntse ke dira jalo, gore o tle o kgalemele bangwe gore ba se ka ba ruta dithuto di sele, 4 le gore ba se ka ba reetsa dipolelo tsa maaka+ le gore masika a latelana jang. Dilo tseo ga di na mosola+ e bile di dira gore batho ba bue dilo tse ba se nang bosupi jwa tsone go na le gore ba bue sengwe se se amanang le tumelo se se tswang kwa Modimong. 5 Tota boikaelelo jwa taelo eno ke gore re ratane+ ka pelo e e phepa, ka segakolodi se se siameng le ka tumelo+ e e se nang boitimokanyi. 6 Bangwe ba fapogile mo dilong tseno, mme jaanong ba bua dilo tse di se nang mosola.+ 7 Ba batla go ruta molao,+ mme ga ba tlhaloganye dilo tse ba di buang le tse ba di rutang ka bopelokgale.

8 Jaanong re a itse gore molao wa ga Moshe o siame fa fela motho a o dirisa sentle,* 9 a itse gore molao ga o a direlwa motho yo o siameng mme o diretswe batho ba ba se nang molao+ le batlhanogi, ba ba bosula le baleofi, ba ba sa ikanyegeng* le batlhapatsi, ba ba bolayang batsadi ba bone le batho ba bangwe, 10 ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,* banna ba ba robalanang le banna,* ba ba utswang batho, ba ba buang maaka, ba ba supelang se se maaka,* le sengwe le sengwe se se ganetsanang le thuto e e boammaaruri*+ 11 go ya ka dikgang tse di molemo thata tsa Modimo yo o itumetseng, tse ke neng ka tlhophiwa gore ke di rere.+

12 Ke leboga Keresete Jesu Morena wa rona, yo o neng a nnaya maatla, ka gonne a ne a ntsaya ke ikanyega mme a nnaya tiro e ke tshwanetseng go e dira,+ 13 le fa gone pele ke ne ke le motlhapatsi, ke bogisa batho ba gagwe e bile ke se na maitseo.+ Le fa go ntse jalo, Keresete o ne a nkutlwela botlhoko ka gonne ke ne ke dira dilo ke se na kitso e bile ke se na tumelo. 14 Mme Morena wa rona o ne a nna pelonomi fela thata mo go nna e bile ke na le tumelo le lorato ka gonne ke le morutwa wa ga Keresete Jesu. 15 Mafoko ano a a ikanyega e bile a tshwanetse go amogelwa: Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng gore a boloke baleofi.+ Mo go bano, ke nna yo ke neng ke na le maleo a mantsi.+ 16 Le fa go ntse jalo, nna yo ke nang le maleo a mantsi, ke ne ka utlwelwa botlhoko gore Keresete Jesu a bontshe bopelotelele jwa gagwe ka go dira sekao ka nna mo go ba ba tlileng go dumela mo go ene gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.+

17 Jaanong a Kgosi ya bosakhutleng,+ e e tshelelang ruri,+ e batho ba ka se kgoneng go e bona,+ Modimo yo o esi,+ a tlotliwe a bo a galalediwe ka bosakhutleng le go ya go ile. Amen.

18 Timotheo ngwanake, ke go naya taelo eno e e dumalanang le boporofeti jo bo neng jwa bolelwa ka wena, gore bo go thuse go tswelela o lwa ntwa e e molemo,+ 19 o na le tumelo e e nonofileng le segakolodi se se molemo,+ tse bangwe ba di kgaphetseng kwa thoko, mme seno sa felela ka gore ba felelwe ke tumelo fela jaaka sekepe se nwela. 20 Himenaeo+ le Alekesandere ke bangwe ba bone, mme ke ba neetse Satane+ gore seo se ba rute gore ba se ka ba tlontlolola Modimo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela