Jobe
19 Jobe o ne a araba a re:
4 Mme fa e le gore tota ke dirile phoso,
Molato wa me ga o lo ame ka gope.
5 Fa lo nnela go inkgodisetsa,
Lo ithaya lo re kgobo e ke lebaneng le yone e ntshwanetse,
6 Jaanong itseng gore Modimo ke ene a ntimeditseng,
E bile o ntshwere ka letlowa la gagwe la go tsoma.
7 Ke nna ke goa ka gonne ke boga, mme ga go na yo o nkarabang;+
Ke nna ke kopa thuso, mme ga go na yo o nthusang.+
8 Modimo o thibile tselana ya me ka lobota lwa maje, mme ga ke kgone go feta;
O tswaletse ditsela tsa me ka lefifi.+
9 O nkapotse kgalalelo ya me
E bile o tlositse serwalo mo tlhogong ya me.
10 O fedisa botshelo jwa me go fitlha ke nyelela;
O kumola tsholofelo ya me jaaka setlhare.
11 Bogale jwa gagwe bo a ntukela,
Mme o ntsaya ke le mmaba wa gagwe.+
12 Mephato ya gagwe ya masole e kopana mmogo e bo e nkokoanela,
Mme e kampa go dikologa tente ya me.
13 O leleketse bomorwarre kgakala le nna,
Mme ba ba nkitseng ba katogetse kgakala le nna.+
15 Baeng ba ba mo ntlong ya me+ le malata a me ba ntsaya ke le motho o sele;
Ke motswakwa mo matlhong a bone.
16 Ke bitsa motlhanka wa me, mme ga a nkarabe;
Tota le fa ke mo kopa gore a ntlhomogele pelo.
18 Tota le bana ba babotlana ba a nnyatsa;
Fa ke ema, ba simolola go ntshotla.
19 Ditsala tsa me tsotlhe tse ke ntshanang seinong le tsone di ntlhoile,+
Le ba ke neng ke ba rata ba mphetogetse.+
21 Nkutlweleng botlhoko, ditsala tsa me, nkutlweleng botlhoko,
Gonne seatla sa Modimo se nkgomile.+
23 E kete mafoko a me a ka bo a kwadilwe,
E kete a ka bo a kwadilwe mo bukeng!
24 E kete a ka bo a gabilwe mo lefikeng ka bosakhutleng,
Ka pene e e gabang ya tshipi le ka lloto!
25 Gonne ke itse sentle gore mogolodi* wa me+ o a tshela;
O tla tla moragonyana a bo a ema mo godimo ga lefatshe.*
26 Fa letlalo la me le sena go senngwa jalo,
Fa ke sa ntse ke tshela, ke tla bona Modimo,
27 Yo ke tla mo iponelang,
Yo matlho a me a tla mmonang, mme e seng a motho yo mongwe.+
Mme ke imetswe mo teng!*
28 Gonne lwa re, ‘Ke ka tsela efe re mmogisang?’+
E re ka e le nna modi wa bothata.