LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 30
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Go boela kwa go Jehofa (1-10)

      • Ditaelo tsa ga Jehofa ga di thata (11-14)

      • Go tlhopha botshelo kgotsa loso (15-20)

Duteronome 30:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “e bile o a busetsa mo pelong ya gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 11:26-28; 28:2, 15
  • +1Dk 8:47; Neh 1:9; Esk 18:28; Joe 2:13
  • +2Dk 17:6; 2Dt 36:20

Duteronome 30:2

Ditshupiso

  • +Isa 55:7; 1Jo 1:9
  • +Dut 4:29

Duteronome 30:3

Ditshupiso

  • +Jer 29:14
  • +Dik 3:22
  • +Esr 1:2, 3; Pes. 147:2; Jer 32:37; Esk 34:13

Duteronome 30:4

Ditshupiso

  • +Dut 28:64; Sfn 3:20

Duteronome 30:5

Ditshupiso

  • +Neh 1:9

Duteronome 30:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “rupisa.”

Ditshupiso

  • +Jer 32:37, 39
  • +Dut 6:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 13

Duteronome 30:7

Ditshupiso

  • +Ge 12:2, 3; Jer 25:12; Dik 3:64; Bar 12:19

Duteronome 30:9

Ditshupiso

  • +Isa 65:21, 22; Mal 3:10
  • +Jer 32:37, 41

Duteronome 30:10

Ditshupiso

  • +Neh 1:9; Dit 3:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 89

Duteronome 30:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “e bile ga e kgakala.”

Ditshupiso

  • +Isa 45:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/1/2009, ts. 31

Duteronome 30:12

Ditshupiso

  • +Bar 10:6

Duteronome 30:14

Ditshupiso

  • +Bar 10:8
  • +Mat 7:21; Jak 1:25

Duteronome 30:15

Ditshupiso

  • +Dut 11:26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/1/2009, ts. 31

Duteronome 30:16

Ditshupiso

  • +Dut 6:5
  • +Lef 18:5
  • +Lef 25:18; Dut 30:5

Duteronome 30:17

Ditshupiso

  • +Dut 29:18; Bah 3:12
  • +Dut 4:19

Duteronome 30:18

Ditshupiso

  • +Dut 8:19; Jos 23:15; 1Sa 12:25

Duteronome 30:19

Ditshupiso

  • +Dut 11:26; 27:26; 28:2, 15
  • +Dut 32:47
  • +Jos 24:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2010, ts. 28

    6/1/2006, ts. 27

    Tsogang!,

    2/2009, ts. 13

Duteronome 30:20

Ditshupiso

  • +Dut 10:12
  • +Dut 4:4
  • +Ge 12:7; 15:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2010, ts. 28

    11/1/2009, ts. 31

    6/1/2006, ts. 28-⁠29

    Tsogang!,

    2/2009, ts. 13

Ditemana Tse dingwe

Dute. 30:1Dut 11:26-28; 28:2, 15
Dute. 30:11Dk 8:47; Neh 1:9; Esk 18:28; Joe 2:13
Dute. 30:12Dk 17:6; 2Dt 36:20
Dute. 30:2Isa 55:7; 1Jo 1:9
Dute. 30:2Dut 4:29
Dute. 30:3Jer 29:14
Dute. 30:3Dik 3:22
Dute. 30:3Esr 1:2, 3; Pes. 147:2; Jer 32:37; Esk 34:13
Dute. 30:4Dut 28:64; Sfn 3:20
Dute. 30:5Neh 1:9
Dute. 30:6Jer 32:37, 39
Dute. 30:6Dut 6:5
Dute. 30:7Ge 12:2, 3; Jer 25:12; Dik 3:64; Bar 12:19
Dute. 30:9Isa 65:21, 22; Mal 3:10
Dute. 30:9Jer 32:37, 41
Dute. 30:10Neh 1:9; Dit 3:19
Dute. 30:11Isa 45:19
Dute. 30:12Bar 10:6
Dute. 30:14Bar 10:8
Dute. 30:14Mat 7:21; Jak 1:25
Dute. 30:15Dut 11:26
Dute. 30:16Dut 6:5
Dute. 30:16Lef 18:5
Dute. 30:16Lef 25:18; Dut 30:5
Dute. 30:17Dut 29:18; Bah 3:12
Dute. 30:17Dut 4:19
Dute. 30:18Dut 8:19; Jos 23:15; 1Sa 12:25
Dute. 30:19Dut 11:26; 27:26; 28:2, 15
Dute. 30:19Dut 32:47
Dute. 30:19Jos 24:15
Dute. 30:20Dut 10:12
Dute. 30:20Dut 4:4
Dute. 30:20Ge 12:7; 15:18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 30:1-20

Duteronome

30 “Fa mafoko ano otlhe a go diragalela, tshegofatso le phutso tse ke di beileng fa pele ga gago+ e bile o a gakologelwa*+ o le kwa ditšhabeng tsotlhe tse Jehofa, Modimo wa gago a go gasamiseditseng kwa go tsone,+ 2 mme o boela kwa go Jehofa, Modimo wa gago+ e bile o reetsa lentswe la gagwe go ya ka fa go sotlhe se ke se go laelang gompieno, wena le bomorwao, o dira jalo ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago,+ 3 foo Jehofa, Modimo wa gago o tla busa batshwarwa ba gago+ mme o tla go bontsha kutlwelobotlhoko+ a bo a go phutha gape a go ntsha mo ditšhabeng tsotlhe tse Jehofa, Modimo wa gago a neng a go gasamiseditse kwa go tsone.+ 4 Tota le fa batho ba gago ba ka tswa ba gasamiseditswe kwa bofelelong jwa magodimo, Jehofa, Modimo wa gago o tla go phutha gone koo a bo a go busa.+ 5 Jehofa, Modimo wa gago o tla go tlisa mo lefatsheng le borrago ba neng ba le rua, mme o tla le rua; o tla dira gore o atlege e bile o tla dira gore o ntsifale go feta borrago.+ 6 Jehofa, Modimo wa gago o tla itshekisa* pelo ya gago le pelo ya bana ba gago,+ gore o rate Jehofa, Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago gore o tle o tshele.+ 7 Go tswa foo Jehofa, Modimo wa gago o tla tlisa diphutso tseno tsotlhe mo babeng ba gago, ba ba neng ba go tlhoile e bile ba go bogisa.+

8 “Foo o tla boa o bo o reetsa lentswe la ga Jehofa mme o tla ikobela ditaelo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang gompieno. 9 Jehofa, Modimo wa gago o tla dira gore o atlege thata mo tirong nngwe le nngwe ya diatla tsa gago,+ o tla ntsifatsa bana ba gago le leruo la gago le se se tlhogang mo lefatsheng la gago, ka gonne Jehofa o tla itumelela go go atlegisa gape, fela jaaka a ne a itumelela borragomogolo.+ 10 Gonne ka nako eo o tla reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago o bo o boloka ditaelo le melao ya gagwe e e kwadilweng mo bukeng eno ya Molao, mme o tla boela kwa go Jehofa, Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago.+

11 “Jaanong taelo eno e ke go e laelang gompieno ga e thata mo go wena e bile ga e kwa o ka se kang wa kgona go e fitlhelela.*+ 12 Ga e kwa magodimong, mo o ka tshwanelwang ke go re, ‘Ke mang yo o tla tlhatlogelang kwa magodimong mme a re tlela ka yone, gore re tle re e utlwe mme re e ikobele?’+ 13 E bile ga e ka kwa ntlheng e nngwe ya lewatle, mo o ka tshwanelwang ke gore, ‘Ke mang yo o tla kgabaganyetsang kwa ntlheng e nngwe ya lewatle mme a re tlela ka yone, gore re tle re e utlwe mme re e ikobele?’ 14 Gonne molaetsa o gaufi thata le wena, o mo molomong wa gago le mo pelong ya gago,+ gore o o dire.+

15 “Bona, gompieno ke baya fa pele ga gago botshelo le molemo, le loso le bosula.+ 16 Fa o reetsa ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa gago tse ke di go laelang gompieno, ka go rata Jehofa, Modimo wa gago,+ ka go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe le ka go boloka ditaelo tsa gagwe le melao ya gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi, foo o tla tshela+ o bo o ntsifala mme Jehofa, Modimo wa gago o tla go segofatsa mo lefatsheng le o yang go le rua.+

17 “Le fa go ntse jalo, fa dipelo tsa lona di fapoga+ e bile lo sa reetse mme lo raelwa lo bo lo ikobela medimo e mengwe le go e direla,+ 18 ke a lo bolelela gompieno gore ruri lo tla nyelela.+ Ga lo kitla lo tshela lobaka lo loleele mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joredane lo ya go le rua. 19 Ke tsaya magodimo le lefatshe e le basupi ba lona gompieno, gore ke beile fa pele ga lona botshelo le loso, tshegofatso le phutso;+ mme lo tshwanetse go tlhopha botshelo gore lo tshele,+ lona le ditlogolwana tsa lona,+ 20 ka go rata Jehofa, Modimo wa lona,+ ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela,+ ka gonne ke ene botshelo jwa lona e bile ka ene lo tla tshela lobaka lo loleele mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikana gore o tla le naya borraalonamogolo e bong Aborahame, Isake le Jakobe.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela